Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Ka se Dirang go Laola Maikutlo a Rona

Se re Ka se Dirang go Laola Maikutlo a Rona

Se re Ka se Dirang go Laola Maikutlo a Rona

A O NA le go ikutlwa o fekeediwa ke maikutlo a a sa siamang? A o tenega motlhofo, o kgopisega motlhofo e bile o kgobega marapo motlhofo fela? A ditlhobaelo tsa botshelo di a go fekeetsa? Ke eng se se ka go thusang?

Ke ga tlholego gore batho ba nne le maikutlo a a rileng fa go direga dilo dingwe. Fa maikutlo a laolwa sentle, a dira gore botshelo bo nne monate. Le fa go ntse jalo, Baebele e a dumela gore “kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.” (Moreri 7:7) Mo lefatsheng le mo go lone bokebekwa le dikotsi di diregang nako le nako, ke mang yo o sa tshwenngweng ke dilo tse a bonang di direga? Le fa go ntse jalo, Dikwalo gape tsa re: “Ga go na sepe se se botoka go na le gore motho a ipele mo ditirong tsa gagwe.” (Moreri 3:22) Ka jalo, fa re batla go dira gore botshelo bo nne monate, re tshwanetse go ithuta go nna batho ba ba itumetseng ka go leka go nna le maikutlo a a siameng. Re ka dira jang gore re nne re na le maikutlo a a siameng mme re fedise a a sa siamang?

Gantsi re ka fokotsa maikutlo a rona a a sa siamang ka go tsaya dikgato tse di rileng. Ka sekai, fa re ikutlwa re tlhobaediwa ke dilo tse re ka se kang ra kgona go dira sepe ka tsone, a go tla bo go se botoka gore re fetole tsela e re dirang dilo ka yone kana maemo a re tshelang mo go one go na le gore re nnele go tshwenyega? Go tsamaya fela o iphutholola maoto, go reetsa mmino o o lapolosang, go ikatisa mmele ka matlhagatlhaga kana go direla mongwe yo o tlhokang sengwe se se molemo go ka fokotsa maikutlo a a sa siamang mme ga dira gore re itumele ka selekanyo se se rileng.—Ditiro 20:35.

Le fa go ntse jalo, tsela e e molemolemo ya go fedisa maikutlo a a sa siamang ke go ikanya Mmopi. Fa maikutlo a a sa siamang a sa fele, re tshwanetse go ‘latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo Modimong’ ka thapelo. (1 Petere 5:6, 7) Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng . . . Masetlapelo a mosiami a mantsi, mme Jehofa o mo golola mo go one otlhe.” (Pesalema 34:18, 19) Re ka tlhomamisega jang gore Modimo e ka nna ‘thuso ya rona le Mofalotsi wa rona’? (Pesalema 40:17) Re ka dira seo ka go ithuta Baebele le ka go akanya ka dikai tse di mo go yone tse di bontshang gore Modimo eleruri o rata gore dilo di tsamaele batlhanka ba gagwe sentle.