Tswelela o Tsamaya Jaaka Jesu Keresete A ne A Tsamaya
Tswelela o Tsamaya Jaaka Jesu Keresete A ne A Tsamaya
“Yo o reng o ntse seoposengwe le [Modimo], o patelesega gore le ene ka boene a tswelele a tsamaya fela jaaka ene yoo [Jesu] a ne a tsamaya.”—1 JOHANE 2:6.
1, 2. Go leba kwa go Jesu ka tlhomamo go akaretsa eng?
MOAPOSETOLOI PAULO o ile a re: “A re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele, jaaka re leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, e bong Jesu.” (Bahebera 12:1, 2) Go tshela ka boikanyegi go re tlhoka gore re lebe kwa go Jesu Keresete ka tlhomamo.
2 Lefoko la puo ya ntlhantlha le le ranotsweng e le “leba ka tlhomamo” mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, le kaya “go tlhoma mogopolo mo sengweng kwantle ga go iteega tsebe,” “go tlosa matlho mo sengweng gore o bone sengwe se sele,” “go tlhoma matlho mo sengweng.” Buka nngwe e akgela jaana: “Ka bonako fela fa motabogi wa Mogerika a tlosa matlho mo tseleng e a tabogang mo go yone le mo mokgeleng o a tabogelang kwa go one, mme a retologa go leba boidiidi, lebelo la gagwe le a fokotsega. Go ntse jalo le ka Mokeresete.” Go iteega tsebe go ka kgoreletsa kgatelopele ya rona ya semoya. Re tshwanetse go leba ka tlhomamo kwa go Jesu Keresete. Re tla bo re leba eng mo Moemeding wa rona yo Mogolo? Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “moemedi yo mogolo” le kaya “moeteledipele yo mogolo, yo o etelelang pele mo go sengwe le sengwe mme ka go dira jalo a tlhoma sekao.” Go leba ka tlhomamo kwa go Jesu go re tlhoka gore re latele sekao sa gagwe.
3, 4. (a) Go tsamaya jaaka Jesu Keresete a ne a tsamaya go re tlhoka gore re dire eng? (b) Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di akanyetsa?
3 Baebele ya re: “Yo o reng o ntse seoposengwe le [Modimo], o patelesega gore le ene ka boene a tswelele a tsamaya fela jaaka ene yoo [Jesu] a ne a tsamaya.” (1 Johane 2:6) Re tshwanetse go nna re le seoposengwe le Modimo ka go ikobela ditaelo tsa ga Jesu ka tsela e le ene a neng a ikobela ditaelo tsa ga Rraagwe ka yone.—Johane 15:10.
4 Ka gone, go tsamaya fela jaaka Jesu a ne a tsamaya go re tlhoka gore re mo tseye e le Moeteledipele yo Mogolo wa rona le gore re etse sekao sa gagwe fela thata. Dipotso tse di botlhokwa tse re tshwanetseng go di akanyetsa mo kgannyeng eno ke tse di reng: Keresete o re etelela pele jang gompieno? Go etsa tsela e a neng a tsamaya ka yone go tshwanetse ga re ama jang? Melemo ya go etsa sekao se Jesu Keresete a re tlhometseng sone ke efe?
Kafa Keresete a Etelelang Balatedi ba Gagwe Pele ka Teng
5. Pele Jesu a tlhatlogela legodimong, o ne a solofetsa balatedi ba gagwe eng?
5 Pele Jesu Keresete yo o tsositsweng a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a itlhagisa mo barutweng ba gagwe mme a ba abela tiro e e botlhokwa. O ne a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe Mathaio 28:19, 20) Jesu Keresete o na le balatedi ba gagwe ka tsela efe mo nakong eno ya bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo?
barutwa.” Ka nako eo, Moeteledipele yo Mogolo gape o ne a ba solofetsa gore o ne a tla nna le bone fa ba ntse ba dira tiro eno, ka go ba raya a re: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (6, 7. Jesu o re etelela pele jang a dirisa moya o o boitshepo?
6 Jesu o ne a re: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” (Johane 14:26) Moya o o boitshepo, o o romelwang ka leina la ga Jesu, o a re kaela le go re nonotsha gompieno. O re sedimosetsa semoyeng le go re thusa go tlhaloganya “le dilo tse di boteng tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Mo godimo ga moo, dinonofo tsa bomodimo e leng “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo” ke “maungo a moya.” (Bagalatia 5:22, 23) Moya o o boitshepo o ka re thusa go nna le dinonofo tseno.
7 Fa re ntse re ithuta Dikwalo le go leka go dirisa se re ithutang sone, moya wa ga Jehofa o re thusa go godisa botlhale jwa rona, temogo, tlhaloganyo, kitso le bokgoni jwa go akanya. (Diane 2:1-11) Moya o o boitshepo gape o re thusa go itshokela diteko le dithaelo. (1 Bakorintha 10:13; 2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:13) Bakeresete ba gakololwa go ‘intlafatsa leswe lengwe le lengwe la nama le moya, ba itekanedisa boitshepo.’ (2 Bakorintha 7:1) Re ka se ka ra kgona go nna boitshepo kana go nna phepa go ya kafa Modimo a batlang ka teng fa re sa thusiwe ke moya o o boitshepo. Nngwe ya ditsela tse Jesu a di dirisang go re etelela pele gompieno ke ka moya o o boitshepo, o Jehofa Modimo a neileng Morwa taolo ya go o dirisa.—Mathaio 28:18.
8, 9. Keresete o dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” jang go etelela pele?
8 Akanya ka tsela e nngwe e Keresete a e dirisang go etelela phuthego pele gompieno. Jesu o ne a bua jaana fa a bua ka go nna gone ga gagwe le ka bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng? Go itumela motlhanka yoo yo fa mong wa gagwe a goroga a mo fitlhelang a dira jalo! Ammaaruri ke a lo raya, O tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.”—Mathaio 24:3, 45-47.
9 “Mong” ke Jesu Keresete. “Motlhanka” ke setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. Setlhopha seno sa motlhanka se neilwe boikarabelo jwa go tlhokomela dilo tsa ga Jesu tsa mo lefatsheng le go aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. Setlhopha se sennye sa balebedi ba ba tshwanelegang go tswa mo malokong otlhe a “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” se bopa Setlhopha se se Laolang, se e leng baemedi ba setlhopha seno sa motlhanka. Ba etelela pele tiro ya go rera ka Bogosi le go aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. Ka gone, Keresete o etelela phuthego pele ka go dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le Setlhopha se se Laolang sa gagwe.
10. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe ka bagolwane, mme ka ntlha yang?
10 Tsela e nngwe gape e Keresete a bontshang go etelela pele ka yone ke ka go dirisa “dimpho tse e leng banna”—bagolwane kana balebedi ba Bakeresete. Ba tlhomilwe “ka boikaelelo jwa go lolamisiwa ga baitshepi, go dira tiro ya bodiredi, go agiwa ga mmele wa ga Keresete.” (Baefeso 4:8, 11, 12) Bahebera 13:7 e bua jaana ka bone: “Gakologelwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona, ba ba buileng lefoko la Modimo le lona, mme e re lo akanya kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.” Bagolwane ba etelela pele mo phuthegong. Re tshwanetse go etsa tumelo ya bone ka gonne ba etsa Keresete Jesu. (1 Bakorintha 11:1) Re ka bontsha gore re anaanela thulaganyo ya go nna le bagolwane ka go nna kutlo le go ikobela banna bano ba e leng “dimpho tse e leng batho.”—Bahebera 13:17.
11. Gompieno Keresete o dirisa eng go etelela pele balatedi ba gagwe, mme go tsamaya jaaka ene go akaretsa eng?
11 Ee, gompieno Jesu Keresete o etelela balatedi 1 Petere 2:21) Go etsa sekao se se molemo sa ga Jesu go tshwanetse ga re ama jang?
ba gagwe pele ka go dirisa moya o o boitshepo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le bagolwane ba phuthego. Go tsamaya ga rona jaaka Keresete a ne a tsamaya go akaretsa go tlhaloganya tsela e a etelelang pele ka yone mme re e ikobele. Gape go re tlhoka gore re etse tsela e a neng a tsamaya ka yone. Moaposetoloi Petere o ile a re: “Lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (Dirisa Taolo ka Tekatekano
12. Ke sekao sefe sa ga Keresete se bagolwane mo phuthegong ba tshwanetseng go lwela go se etsa?
12 Le mororo Jesu a ile a newa taolo e e sa lekaneng le epe ke Rraagwe, o ne a e dirisa ka tekatekano. Botlhe mo phuthegong—segolobogolo balebedi—ba tshwanetse go dira gore ‘go nna tekatekano ga bone go itsiwe mo bathong botlhe.’ (Bafilipi 4:5; 1 Timotheo 3:2, 3) E re ka bagolwane ba na le selekanyo se se rileng sa taolo mo phuthegong, go botlhokwa gore ba etse sekao sa ga Keresete fa ba e dirisa.
13, 14. Bagolwane ba ka etsa Keresete ka ditsela dife fa ba kgothaletsa ba bangwe go direla Modimo?
13 Jesu o ne a akanyetsa ditlhaelo tsa barutwa ba gagwe. O ne a sa lebelela gore ba dire dilo tse ba neng ba ka se ka ba kgona go di dira. (Johane 16:12) Jesu o ne a kgothatsa balatedi ba gagwe gore ba ‘iteke ka tlhoafalo’ fa ba dira thato ya Modimo, a ba kgothatsa jalo kwantle ga go ba gatelela. (Luke 13:24) O ne a dira jalo ka go ba etelela pele le ka go ba ama dipelo. Bagolwane ba Bakeresete le bone ga ba tlhotlheletse ba bangwe go direla Modimo ka go ba tshosetsa kana ka go ba dira gore ba ikutlwe ba le molato. Go na le moo, ba ba kgothaletsa go direla Jehofa ka gonne ba mo rata le ka gonne ba rata Jesu le beng ka bone.—Mathaio 22:37-39.
14 Jesu o ne a se ka a dirisa taolo e a e neilweng ka tsela e e sa siamang ka go laola matshelo a batho. O ne a se ka a beela batho mekgele e ba ka se kang ba e fitlhelela kana go ba tlhomela melao e mentsintsi. Mokgwa o a neng a o dirisa e ne e le wa go tlhotlheletsa ba bangwe ka go ba ama dipelo ka melaometheo e e tsamaelanang le melao e e neng e neilwe Moshe. (Mathaio 5:27, 28) Bagolwane ba etsa Jesu Keresete ka go tila go beela ba bangwe melao le ka go se gagamalele gore dilo di dirwe go ya ka maikutlo a bone. Mo dilong tse di amanang le moaparo le go ipaakanya kana boitapoloso le boitlosobodutu, bagolwane ba leka go ama Bakeresete ka bone dipelo ka go dirisa melaometheo ya bomodimo, e e jaaka e e tlhalosiwang mo go Mika 6:8; 1 Bakorintha 10:31-33; le 1 Timotheo 2:9, 10.
Nna Kutlwelobotlhoko O bo O Itshwarele
15. Jesu o ne a tsibogela jang ditlhaelo tsa barutwa ba gagwe?
15 Keresete o re tlhometse sekao se re ka se etsang mo tseleng e a neng a leba ditlhaelo le diphoso tsa barutwa ba gagwe ka yone. Akanya ka ditiragalo tse pedi tse di neng tsa direga mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng. Fa a sena go goroga kwa Gethesemane, o ne “a tsaya Petere le Jakobe le Johane a tsamaya le bone” mme a ba raya a re ba ‘nne ba disitse.’ Go tswa foo, ‘a tsamaela kwa pele sekgalanyana a wela fa fatshe a bo a simolola go rapela.’ Fa a boa o ne “a ba fitlhela ba robetse.” Jesu o ne a tsibogela seo jang? O ne a re: “Moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.” (Mareko 14:32-38) O ne a tlhomogela Petere, Jakobe le Johane pelo, go na le go ba kgalema ka bogale! Mo go jone bosigo joo, Petere o ne a itatola Jesu gararo. (Mareko 14:66-72) Jesu o ne a tshwara Petere jang morago ga moo? ‘Morena o ne a tsosiwa mme a bonala kwa go Simone [Petere].’ (Luke 24:34) Baebele ya re, “o ne a bonala mo go Kefase, go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi.” (1 Bakorintha 15:5) Jesu o ne a se ka a tshwara moaposetoloi yono yo o neng a ikwatlhaile ka pelo, go na le moo o ne a mo itshwarela le go mo nonotsha. Moragonyana Jesu o ne a abela Petere maikarabelo a magolwane.—Ditiro 2:14; 8:14-17; 10:44, 45.
16. Re ka itshwara jang ka tsela e e tshwanang le ya ga Jesu fa badumedi ka rona ba re swabisa kana ba re direla diphoso ka tsela nngwe?
16 Fa badumedi ka rona ba re swabisa kana ba re direla diphoso ka tsela nngwe ka ntlha ya go sa itekanela, a le rona ga re a tshwanela go ba tlhomogela pelo jalo le go ba itshwarela jaaka Jesu? Petere o ne a kgothatsa badumedi ka ene jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo le boikokobetso mo mogopolong, lo sa duele go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko kgotsa go gobololwa ka go gobolola, mme go na le moo, lo segofatse.” (1 Petere 3:8, 9) Go tweng fa mongwe a sa re tshware ka tsela e Jesu a neng a ka bo a re tshwere ka yone, a gana go nna pelotlhomogi kana go re itshwarela? Tota le mo maemong a a ntseng jalo re patelesega go leka go etsa Jesu le go itshwara ka tsela e a ka bong a itshwere ka yone.—1 Johane 3:16.
Dira Gore Dilo Tsa Bogosi di Tle Pele
17. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a dira gore go dira thato ya Modimo go tle pele mo botshelong jwa gagwe?
17 Go sa ntse go na le tsela e nngwe gape e ka yone re ka tsamayang jaaka Jesu Keresete a ne a tsamaya. Go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e ne e le selo se se botlhokwa mo botshelong jwa ga Jesu. O ne a raya barutwa ba gagwe jaana morago ga go rerela mosadi wa Mosamarea gaufi le motse wa Sikara, kwa Samarea: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) Jesu o ne a nonotshiwa ke go dira thato ya ga Rraagwe; go ne go mo nonotsha, go mo kgotsofatsa e bile go mo lapolosa fela jaaka dijo. Go etsa Jesu ka go nna re tlhomile mogopolo mo go direng thato ya Modimo go tla re thusa gore re tshele botshelo jo ruri bo nang le boikaelelo le jo bo kgotsofatsang.
18. Ke masego afe a a nnang gone fa batsadi ba kgothaletsa bana go tsenela tirelo ya nako e tletseng?
18 Fa batsadi ba kgothaletsa bana ba bone go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, bone le bana ba bone ba tla bona masego a le mantsi. Rre mongwe o ne a kgothaletsa barwa ba gagwe ba mawelana gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng go tloga ba sa le bannye. Fa ba sena go fetsa sekolo, mawelana ano a ne a nna babulatsela. Rraabone o ne a kwala jaana fa a akanya ka boipelo jo a nnileng le jone ka ntlha ya kgato eo: “Basimane ba rona ga ba a re swabisa. Re ka bua jaana re le motlotlo, ‘Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.’” (Pesalema 127:3) Mme bana ba solegelwa molemo jang ke go gagamalela tirelo ya nako e tletseng? Mmè wa bana ba le batlhano a re: “Go tsenela tirelo ya bobulatsela go thusitse bana botlhe ba me go atamalana thata le Jehofa, go tokafaditse mekgwa ya bone ya go ithuta ka namana, go ba thusitse go dirisa nako ya bone ka botlhale, e bile go ba thusitse go ithuta go dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa bone. Le mororo botlhe ba ile ba tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe, ga go ope wa bone yo o ikwatlhaelang tsela e a e tsereng.”
19. Basha ba ka rulaganyetsa isagwe ya bone jang ka botlhale?
19 Basha, lo ikaeletse go dira eng ka isagwe ya Baefeso 5:15-17.
lona? A lo gagamalela go atlega mo ditirong dingwe tsa maemo? Kgotsa a lo rulaganyetsa go tsenela tirelo ya nako e tletseng? Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” O oketsa jaana: “Ka lebaka leno tlogelang go nna ba ba seng tekatekano, mme tswelelang lo lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.”—Ikanyege
20, 21. Jesu o ne a ikanyega ka tsela efe, mme re ka etsa boikanyegi jwa gagwe jang?
20 Go tsamaya jaaka Jesu a ne a tsamaya go akaretsa gore re etse boikanyegi jwa gagwe. Baebele e bolela jaana fa e tlhalosa boikanyegi jwa ga Jesu: “Le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, [o ne] a se ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho. Mo godimo ga moo, e rile a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” Jesu o ne a ikobela bolaodi jwa ga Jehofa ka boikanyegi ka go ineelela go dira thato ya gagwe. O ne a nna boikobo go isa losong mo thupeng ya tlhokofatso. Re tshwanetse go ‘boloka boikutlo jono jwa mogopolo’ mme re ikobele go dira thato ya Modimo ka boikanyegi.—Bafilipi 2:5-8.
21 Jesu gape o ne a bontsha go ikanyega mo baaposetoloing ba gagwe. Le fa ba ne ba na le makoa e bile ba sa itekanela, o ne a ba rata “go ya bokhutlong.” (Johane 13:1) Le rona ga re a tshwanela go letla gore makoa a bosaitekanelang jwa bakaulengwe ba rona a re dire gore re nne le boikutlo jwa go tshwayatshwaya diphoso.
Latela Sekao sa ga Jesu
22, 23. Melemo ya go etsa sekao sa ga Jesu ke efe?
22 Ke boammaaruri gore, ka gonne re sa itekanela, re ka se ka ra kgona go tsamaya ka botlalo mo dikgatong tsa Motlhomasekao wa rona yo o itekanetseng. Le fa go ntse jalo, re ka lwela go latela dikgato tsa gagwe gaufiufi. Go dira jalo go re tlhoka gore re tlhaloganye tsela e Keresete a etelelang pele ka yone le go e ikobela mme re latele sekao se a re beetseng sone.
23 Go nna baetsi ba ga Keresete go dira gore re nne le masego a le mantsi. Botshelo jwa rona bo nna le bokao le go nna jo bo kgotsofatsang ka gonne re tlhoma mogopolo mo go direng thato ya Modimo go na le go dira thato ya rona. (Johane 5:30; 6:38) Re nna le segakolodi se se phepa. Tsela e re tsamayang ka yone e tlhomela ba bangwe sekao. Jesu o ne a laletsa botlhe ba ba neng ba dira ka natla le go imelwa gore ba tle kwa go ene mme ba bonele meya ya bone tapologo. (Mathaio 11:28-30) Fa re latela sekao sa ga Jesu, le rona re tla lapolosa ba bangwe. Ka gone, a re tsweleleng pele re tsamaya jaaka Jesu a ne a tsamaya.
A o A Gakologelwa?
• Gompieno Keresete o etelela balatedi ba gagwe pele jang?
• Bagolwane ba ka etsa sekao sa ga Keresete jang mo go diriseng taolo e ba e neilweng ke Modimo?
• Re ka etsa sekao sa ga Jesu jang fa re dirisana le makoa a ba bangwe?
• Basha ba ka dira jang gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Bagolwane ba Bakeresete ba re thusa go latela boeteledipele jwa ga Keresete
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Basha, ke dithulaganyo dife tse lo di dirang gore lo nne le botshelo jo bo itumedisang jwa Bokeresete?