Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang lo Disitse”—Nako ya Katlholo e Gorogile!

“Nnang lo Disitse”—Nako ya Katlholo e Gorogile!

“Nnang lo Disitse”—Nako ya Katlholo e Gorogile!

Tshedimosetso e e mo setlhogong seno e theilwe mo boroutšhareng jwa Nnang lo Disitse! jo bo neng jwa gololwa kwa dikopanong tsa kgaolo tse di neng di tshwerwe mo lefatsheng lotlhe ka 2004/05.

“Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.”—MATHAIO 24:42.

1, 2. Jesu o ne a tshwantsha go tla ga gagwe le eng?

O NE o ka dira eng fa o itse gore go na le legodu le le batlang go thubela mo matlong a motse wa lona? O ne o tla nna o disitse e le gore o sireletse ba lelapa la gago le dilo tsa gago tsa botlhokwa. O ne o tla dira jalo ka gonne legodu ga le ke le romelela motho lekwalo go mo itsise gore le tla go thubela leng. Go na le moo, le tla ka tidimalo e bile le sa lebelelwa.

2 Jesu o ne a dirisa tsela e legodu le dirang dilo ka yone mo ditshwantshong tsa gagwe di le mmalwa. (Luke 10:30; Johane 10:10) O ne a tlhagisa jaana malebana le ditiragalo tse di neng di tla direga mo motlheng wa bofelo le tse di neng di tla direga pele ga a tla go atlhola: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe. Mme itseng selo se le sengwe, gore fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla ka tebelo efe, o ka bo a ne a nna a tsogile mme a se ka a letlelela gore go thubiwe mo ntlong ya gagwe.” (Mathaio 24:42, 43) Ka jalo, Jesu o ne a tshwantsha go tla ga gagwe a sa lebelelwa le go tla ga legodu.

3, 4. (a) Go reetsa tlhagiso ya ga Jesu e e malebana le go tla ga gagwe go akaretsa eng? (b) Ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone?

3 Setshwantsho seo se ne se tshwanela ka gonne go ne go se kitla go itsewe letsatsi le Jesu a tlang ka lone. Jesu o ne a bua jaana pelenyana mo go jone boporofeti joo: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:36) Ka gone, Jesu o ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe jaana: “Itshupeng lo iketleeditse.” (Mathaio 24:44) Batho ba ba neng ba tla sekegela tlhagiso ya ga Jesu tsebe ba ne ba tla nna ba iketleeditse, ba itshwara ka tsela e e siameng, go sa kgathalasege gore o ne a tla tla leng go tla go nna Modiragatsa Katlholo wa ga Jehofa.

4 Re tshwanetse go ipotsa dipotso tseno tsa botlhokwa: A mafoko ano a ga Jesu a ne a tlhagisa fela batho ba lefatshe, kgotsa a Bakeresete ba boammaaruri le bone ba tshwanetse go “nna ba disitse”? Ke eng fa go potlakile gore re ‘nne re disitse,’ mme go dira jalo go akaretsa eng?

O ne A Tlhagisa Bomang?

5. Re itse jang gore tlhagiso e e reng “nnang lo disitse” e ne e lebisitswe mo Bakereseteng ba boammaaruri?

5 Ke boammaaruri gore go tla ga Morena go tla tshwana le go tla ga legodu mo bathong ba lefatshe ba ba itlhokomolosang tlhagiso e e kaga masetlapelo a a tlang. (2 Petere 3:3-7) Le fa go ntse jalo, go tweng ka Bakeresete ba boammaaruri? Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ka ene jaana: “Gonne lona ka bolona lo itse sentle tota gore letsatsi la ga Jehofa le a tla fela jaaka legodu bosigo.” (1 Bathesalonika 5:2) Ga re na pelaelo gore “letsatsi la ga Jehofa le a tla.” Mme gone a seo se bolela gore rona ga re tlhoke go nna re disitse? Ela tlhoko gore Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe fa a ne a re: “Ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.” (Mathaio 24:44) Pelenyana ga foo Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana fa a ne a ba kgothaletsa go nna ba batla Bogosi pele: “Nnang lo iketleeditse, ka gonne Morwa motho o tla ka nako e lo sa akanyeng gore e ka nna yone.” (Luke 12:31, 40) A seno ga se bontshe sentle gore Jesu o ne a akantse ka balatedi ba gagwe fa a ne a tlhagisa jaana: “Nnang lo disitse”?

6. Ke eng fa re tshwanetse go “nna re disitse”?

6 Ke eng fa re tshwanetse go “nna re disitse” le go “nna re iketleeditse”? Jesu o ile a tlhalosa jaana: “Banna ba babedi ba tla bo ba le kwa tshimong: yo mongwe o tla tsewa mme yo mongwe a tlogelwe; basadi ba le babedi ba tla bo ba sila mo lelwaleng: yo mongwe o tla tsewa mme yo mongwe a tlogelwe.” (Mathaio 24:40, 41) Batho ba ba tla nnang ba iketleeditse ba tla “tsewa”, kana ba tla bolokwa ka nako ya fa lefatshe le le boikepo le senngwa. Ba bangwe ba tla “tlogelwa” gore ba nyelediwe ka gonne ba ntse ba gagamalela tsela ya bone ya botshelo ya bogagapa. Batho bano ba ka akaretsa batho ba ba kileng ba bo ba na le kitso ya boammaaruri mme ba ile ba se ka ba nna ba disitse.

7. Go se itse nako e bokhutlo bo tlang ka yone go re naya tshono efe?

7 Go se itse letsatsi le bokhutlo jwa tsamaiso eno e e kgologolo ya dilo bo tla tlang ka lone go re naya tshono ya go bontsha gore re direla Modimo ka boikaelelo jo bo molemo. Ke eng fa re ka rialo? Go ka nna ga bonala e kete bokhutlo bo tsaya lobaka lo loleele bo sa goroge. Ka maswabi, Bakeresete bangwe ba ba ikutlwang jalo ba letlile gore tlhoafalo ya bone mo tirong ya ga Jehofa e tsidifale. Le fa go ntse jalo, ka go ineela ga rona mo go Jehofa, re ne re bontsha gore re batla go mo direla ka bojotlhe jwa rona. Batho ba ba itseng Jehofa ba a itse gore a ka se ka a amogela tlhoafalo e motho a e bontshang fela ka go bo bokhutlo bo gorogile. O bona se se mo pelong.—1 Samuele 16:7.

8. Tsela e re ratang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa jang gore re nne re disitse?

8 E re ka re rata Jehofa ka pelo yotlhe, re natefelelwa thata ke go dira thato ya gagwe. (Pesalema 40:8; Mathaio 26:39) Mme re batla go direla Jehofa ka bosakhutleng. Ga re tseye tsholofelo eo e se botlhokwa fela ka gonne re tshwanelwa ke go leta lobaka lo loleelenyana go feta kafa re neng re solofetse ka teng. Mo godimo ga moo, re nna re disitse ka gonne re letetse letsatsi la ga Jehofa ka tlhoafalo le ka lone a tlileng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Keletso ya rona e kgolo ya go batla go itumedisa Modimo e re tlhotlheletsa go dirisa kgakololo ya Lefoko la gagwe le go dira gore Bogosi jwa gagwe e nne jone bo tlang pele mo botshelong jwa rona. (Mathaio 6:33; 1 Johane 5:3) Mma re sekaseke kafa go nna re disitse go tshwanetseng ga tlhotlheletsa ka teng ditshwetso tse re di dirang le tsela e re tshelang ka yone letsatsi le letsatsi.

Botshelo Jwa Gago bo Lebile Kae?

9. Ke eng fa go potlakile thata gore batho mo lefatsheng ba lemoge gore metlha ya rona e kaya eng?

9 Batho ba le bantsi gompieno ba a lemoga gore mathata a a masisi le ditiragalo tse di garolang pelo ke dilo tse di tlwaelegileng, mme ba ka tswa ba sa itumelele tsela e botshelo jwa bone bo ntseng ka yone. Le fa go ntse jalo, a ba itse se tota maemo a lefatshe a se kayang? A ba a lemoga gore re tshela mo nakong ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo”? (Mathaio 24:3) A ba a lemoga gore go ata ga bopelotshetlha, thubakanyo le maitsholo a a sa siamang ke bosupi jwa gore nako eno ke ‘metlha ya bofelo’? (2 Timotheo 3:1-5) Go botlhokwa thata gore ba lemoge gore dilo tseno tsotlhe di kaya eng le gore ba akanyetse gore botshelo jwa bone bo lebile kae.

10. Re tshwanetse go dira eng go tlhomamisa gore re nna re disitse?

10 Go tweng ka rona? Letsatsi le letsatsi re tshwanetse go dira ditshwetso tse di amang tiro ya rona, boitekanelo jwa rona, malapa a rona le kobamelo ya rona. Re itse se Baebele e se buang, mme re leka go dira se e re bolelelang sone. Ka gone, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke letlile gore ditlhobaelo tsa botshelo di dire gore ke lebale mekgele ya semoya? A ke letla difilosofi tsa lefatshe, tsela ya lone ya go akanya e tlhotlheletse ditshwetso tse ke di dirang?’ (Luke 21:34-36; Bakolosa 2:8) Re tshwanetse go tswelela pele re bontsha gore re ikanya Jehofa ka pelo yotlhe le go se ikaege ka tlhaloganyo ya rona. (Diane 3:5) Fa re dira jalo, re tla nna re ‘tshwere botshelo jwa mmatota ka thata’—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo.—1 Timotheo 6:12, 19.

11-13. Re ka ithuta eng mo dikaing tsa se se diragetseng (a) mo motlheng wa ga Noa? (b) mo motlheng wa ga Lote?

11 Baebele e na le ditlhagiso di le dintsi tse di ka re thusang go nna re disitse. Akanya ka se se neng sa direga mo motlheng wa ga Noa. Modimo o ne a tlhomamisa gore o tlhagisa batho ba motlha oo lobaka lo loleele pele ga a tsaya kgato. Le fa go ntse jalo, kwantle ga Noa le lelapa la gagwe, batho ba ne ba se ka ba tsaya seo tsia. (2 Petere 2:5) Jesu o ile a bua jaana ka kgang eno: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo. Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Mathaio 24:37-39) Re ka ithuta eng mo tiragalong eno? Fa ope wa rona a letla gore ditlhobaelo tsa botshelo—tota le ditiro fela tse di tlwaelegileng—di kgoreletse ditiro tsa semoya tse Modimo a re kgothaletsang gore e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa rona, o tshwanetse go akanyetsa maemo a gagwe ka kelotlhoko.—Baroma 14:17.

12 Akanya le ka motlha wa ga Lote. Motse wa Sodoma, o Lote le lelapa la gagwe ba neng ba nna mo go one, o ne o humile mme o tletse boitshwaro jo bo maswe. Jehofa o ne a romela baengele ba gagwe gore ba fedise motse oo. Baengele ba ne ba rotloetsa Lote le lelapa la gagwe gore ba tswe ba tshabe mo Sodoma mme ba se ka ba leba kwa morago. Ba ne ba tswa mo motseng oo mme ba tshaba ka thuso ya baengele. Le fa go ntse jalo, go bonala mosadi wa ga Lote a ile a nnela go akanya ka ntlo ya gagwe kwa Sodoma. O ne a tlola taelo ka go leba kwa morago, mme seo se ne sa dira gore a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe. (Genesise 19:15-26) Jesu o ne a tlhagisa jaana ka tsela ya boporofeti: “Gakologelwang mosadi wa ga Lote.” A re tsaya tlhagiso eo tsia?—Luke 17:32.

13 Batho ba ba neng ba reetsa tlhagiso ya Modimo ba ne ba bolokwa. Go ne ga nna jalo ka Noa le lelapa la gagwe le ka Lote le bomorwadie. (2 Petere 2:9) Fa re ntse re tlhatlhanya ka ditlhagiso tse re ithutang tsone mo dikaing tseno, gape re kgothadiwa ke molaetsa wa kgololo o o mo go tsone o o ka solegelang barati ba tshiamo molemo. Seo se dira gore re nne le tsholofelo e e tlhomameng ya gore Modimo o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe e e kaga “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse go ‘tla nnang tshiamo mo go tsone.’—2 Petere 3:13.

‘Nako ya go Atlhola e Gorogile’!

14, 15. (a) “Nako” ya go atlhola e akaretsa eng? (b) Go ‘boifa Modimo le go mo naya kgalalelo’ go akaretsa eng?

14 Re ka lebelela eng fa re ntse re disitse? Buka ya Tshenolo e tlhalosa kafa boikaelelo jwa Modimo bo tlileng go diragadiwa kgato ka kgato ka teng. Gore re nne re iketleeditse, go botlhokwa thata gore re tseye kgato ka se e re bolelelang sone. Boporofeti jono bo tlhalosa sentle ditiragalo tse di neng di tla direga mo “letsatsing la Morena,” le le neng la simolola fa Keresete a ne a tlhomiwa kwa legodimong ka 1914. (Tshenolo 1:10) Tshenolo e re bolelela ka moengele yo o neilweng “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela.” O tlhaeletsa jaana ka lentswe le le kwa godimo: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e gorogile.” (Tshenolo 14:6, 7) “Nako” eo ya katlholo ke lobakanyana lo lokhutshwane; e akaretsa nako ya go bolelwa ga dikatlholo tse di umakwang mo boporofeting joo le go diragadiwa ga tsone. Re tshela mo motlheng oo.

15 Gone jaanong re kgothadiwa jaana pele ga nako eo ya katlholo e fela: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo.” Seo se akaretsa eng? Go boifa Modimo ka tsela e e tshwanetseng go tshwanetse ga re dira gore re tile bosula. (Diane 8:13) Fa re tlotla Modimo, re tla mo reetsa ka tlotlo e e boteng. Ga re kitla re tshwarega thata ka ditiro tse dingwe mo re se nang nako ya go bala Lefoko la gagwe, e leng Baebele, ka metlha. Ga re kitla re tsaya kgakololo e a re nayang yone ya gore re nne gone mo dipokanong tsa Bokeresete e se botlhokwa. (Bahebera 10:24, 25) Re tla anaanela tshiamelo e re nang le yone ya go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo jwa ga Mesia mme re tla dira jalo ka tlhoafalo. Re tla ikanya Jehofa ka dinako tsotlhe le ka pelo ya rona yotlhe. (Pesalema 62:8) E re ka re itse gore Jehofa ke Molaodimogolo wa Lobopo, re mo tlotla ka go mo ikokobeletsa re mo tsaya e le Molaodimogolo wa botshelo jwa rona. A ruriruri o boifa Modimo le go mo naya kgalalelo ka ditsela tseo tsotlhe?

16. Ke eng fa re ka re go atlholwa ga Babelona o Mogolo go go umakwang mo go Tshenolo 14:8 go setse go diragaditswe?

16 Tshenolo kgaolo 14 e tswelela pele e tlhalosa ditiragalo tse dingwe tse di tshwanetseng go direga mo nakong eo ya go atlhola. Go umakwa pele Babelona o Mogolo, bodumedi jotlhe jwa maaka jwa lefatshe: “Yo mongwe, moengele wa bobedi, a latela, a re: ‘O ole! Babelona o Mogolo o ole!’” (Tshenolo 14:8) Ee, go ya ka Modimo, Babelona o Mogolo o setse a ole. Ka 1919 batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba ne ba gololwa mo bokgobeng jwa dithuto le ditlwaelo tsa Sebabelona, tse di ileng tsa tlhotlheletsa batho ka diketekete tsa dingwaga. (Tshenolo 17:1, 15) Go tloga ka nako eo ba ne ba ineela mo tirong ya go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri. Tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e ile ya dirwa fa e sa le go tloga ka nako eo.—Mathaio 24:14.

17. Go tswa mo go Babelona o Mogolo go akaretsa eng?

17 Go sa ntse go na le ditsela tse dingwe gape tse Modimo a tlileng go atlhola Babelona o Mogolo ka tsone. Nako ya gore a fedisediwe ruri e tloga e tla. (Tshenolo 18:21) Go a utlwala go bo Baebele e kgothatsa batho gongwe le gongwe jaana: “Tswang mo go ene [Babelona o Mogolo] . . . fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe.” (Tshenolo 18:4, 5) Re ka bontsha jang gore re tswile mo go Babelona o Mogolo? Seno ga se akaretse fela go kgaotsa go nna maloko a bodumedi jwa maaka. Tlhotlheletso ya Sebabelona e aname thata mo meketeng le mo ditlwaelong di le dintsi, mo boikutlong jwa lefatshe jwa go letlelela boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, mo go anameng ga boitlosobodutu jo bo amanang le tirisabadimo, le dilo tse dingwe tse dintsi. Gore re nne re disitse, go botlhokwa gore re bontshe ka ditiro le ka dikeletso tsa pelo ya rona gore ruri re kgaogane le Babelona o Mogolo ka ditsela tsotlhe.

18. Ka ntlha ya se se tlhalosiwang ke Tshenolo 14:9, 10, Bakeresete ba ba ntshitseng matlho dinameng ba kelotlhoko go dira eng?

18 Mo go Tshenolo 14:9, 10 go tlhalosiwa sengwe gape ka ‘nako ya go atlhola.’ Moengele yo mongwe a re: “Fa mongwe a obamela sebatana sa naga le setshwantsho sa sone, mme a amogela letshwao mo phatleng ya gagwe kgotsa mo seatleng sa gagwe, le ene o tla nwa beine ya bogale jwa Modimo.” Ka ntlha yang? “Sebatana sa naga le setshwantsho sa sone” di tshwantshetsa bolaodi jwa batho, mme bolaodi jono ga bo tlotle bolaodi jwa ga Jehofa. Bakeresete ba ba ntshitseng matlho dinameng ba kelotlhoko gore ba se ka ba itetla go tlhotlhelediwa kana go nna le letshwao le le ba tlhaolang, ka boitshwaro kana ka ditiro, e le batho ba ba ganang go amogela bolaodi jo bogolo jwa Modimo wa boammaaruri Jehofa. Bakeresete ba a itse gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo tlhomilwe kwa legodimong, ba a itse gore bo tla fedisa dipuso tsotlhe tsa batho le gore bo tla ema ka bosakhutleng.—Daniele 2:44.

O se Ka wa Lebala Gore Nako e Potlakile!

19, 20. (a) Fa re ntse re atamela bokhutlo, re ka tlhomamisega gore Satane o tla leka go dira eng? (b) Re tshwanetse go ititaya sehuba gore re tla dira eng?

19 Fa re ntse re atamela bokhutlo, dikgatelelo le diteko di tla oketsega. Fa fela re sa ntse re tshela mo tsamaisong eno e e kgologolo ya dilo e bile re sa ntse re tshwenngwa ke bosaitekanelang jwa rona re tla angwa ke dilo tse di jaaka botsogo jo bo sa itumediseng, botsofe, go swelwa ke baratiwa, kutlobotlhoko, go kgobega marapo ka ntlha ya batho ba ba itlhokomolosang tiro ya rona ya go rera Lefoko la Modimo, le dilo tse dingwe tse dintsi. Le ka motlha o se lebale gore Satane o tla leka ka bojotlhe go dirisa dikgatelelo tse re lebanang le tsone go re dira gore re ineele—re tlogele go rera dikgang tse di molemo kana re tlogele go tshela go ya ka melao ya Modimo. (Baefeso 6:11-13) Eno ga se nako ya go lebala gore nako e re tshelang mo go yone e potlakile!

20 Jesu o ne a itse gore re ne re tla lebana le kgatelelo e kgolo ya gore re ineele, ke gone ka moo a ileng a re gakolola jaana: “Nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.” (Mathaio 24:42) Ka gone, a re nneng re disitse re sa lebale gore re fa kae mo tsamaong eno ya nako. A re nneng re iketse tlhoko mo diraing tsa ga Satane tse di ka re kgobang marapo kana tsa re dira gore re tlogele boammaaruri. A re ititeyeng sehuba gore re tla nna re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo le ka bopelokgale jo bogolo. Ee ruri, a re se lebale gore nako eno e potlakile fa re ntse re sekegela tsebe tlhagiso ya ga Jesu e e reng: “Nnang lo disitse.” Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha go tlotla Jehofa mme re tla nna bangwe ba batho ba ba nang le tsholofelo ya go bona masego a gagwe a a nnetseng ruri.

O ne O ka Araba Jang?

• Re itse jang gore tlhagiso ya ga Jesu ya gore re ‘nne re disitse’ e ne e lebisitswe mo Bakereseteng ba boammaaruri?

• Ke dikai dife mo Baebeleng tse di ka re thusang go ‘nna re disitse’?

• Nako ya go atlhola ke eng, mme re kgothalediwa go dira eng pele ga e fela?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a tshwantsha go tla ga gagwe le go tla ga legodu

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Babelona o Mogolo o tloga a fedisiwa

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

A re ititeyeng sehuba gore re tla rera ka tlhoafalo le ka bopelokgale