Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Ikutlwa o Sireletsegile mo Lefatsheng Leno le le Tletseng Mathata!

O ka Kgona go Ikutlwa o Sireletsegile mo Lefatsheng Leno le le Tletseng Mathata!

Taletso ya go Tla Kwa Puong e e Kgethegileng

O ka Kgona go Ikutlwa o Sireletsegile mo Lefatsheng Leno le le Tletseng Mathata!

Puo eno ya Baebele e tla neelwa lefatshe ka bophara mo dinageng tse di fetang 230. Mo mafelong a le mantsi e tla neelwa ka Sontaga, April 15, 2007. O tla ithuta eng mo go yone? Ka sekai, akanya ka dipotso tse di latelang:

Ke eng se se dirileng gore dibilione tsa batho lefatshe ka bophara ba ikutlwe ba sa sireletsega?

Totatota batho ba simolotse leng go ikutlwa ba sa sireletsega?

Tshireletsego ya mmatota e ka bonwa kae le gone jang?

Go bona dikarabo tsa dipotso tseno, nna teng mo puong eno e e botlhokwa e e tla neelwang mo mafelong a le diketekete. Mo mafelong a le mantsi e tla bo e neelwa mo Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong leo. Basupi ba mo lefelong la lona ba tla itumelela go go bolelela nako le aterese ya lefelo le puo e tla tshwarelwang kwa go lone. Re go laletsa ka lorato gore o nne teng mo puong eno ya Baebele e e mo nakong le e e kgothatsang.