Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tsweetswee Amogelang Mphonyana ya Me”

“Tsweetswee Amogelang Mphonyana ya Me”

“Tsweetswee Amogelang Mphonyana ya Me”

ANO ke mafoko a a neng a kwadilwe mo lekwalong le le neng la amogelwa ke ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia. Lekwalo leno le ne le tsamaya le lebokoso le legolo le le tletseng dikausu tsa wulu.

Mpho eno e rometswe ke Alla wa dingwaga tse 67, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa yo o direlang mo phuthegong e e kwa Botlhaba jo bo Kgakala jwa Russia. Alla o ntse a direla Jehofa ka dingwaga tse di fetang lesome, a tlhagafaletse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Le fa go ntse jalo, seterouku se ne sa golafatsa bontlhanngwe jwa mmele wa gagwe. Mme Alla o ile a tlhotlhelediwa ke lorato gore a latele sekao sa mosadi wa Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Dorekase, yo o neng a direla badumedi ka ene diaparo.—Ditiro 9:36, 39.

Alla o ne a kwala jaana mo lekwalong la gagwe: “Ga ke kgone go sutisa maoto a me, mme ke sa ntse ke kgona go sutisa diatla tsa me. Ka jalo ke rera ka go kwala makwalo.” O ne a oketsa jaana: “Ke ikaeletse gore fa ke sa ntse ke kgona go dirisa diatla tsa me, ke loge dipara di le mmalwa tsa dikausu tse di bothitho. Ke ne nka rata gore dikausu tseno di newe bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba tla agang Diholo Tsa Bogosi mo mafelong a a tsididi, a a jaaka Botlhaba jo bo Kgakala jwa Russia le Siberia.”

Jesu Keresete o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lorato lo lo jaaka lo lo bontshitsweng ke Alla ke lotshwao lo lo tlhaolang barutwa ba ga Jesu ba boammaaruri.