Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenyalo le go Nna Motsadi mo Metlheng Eno ya Bofelo

Lenyalo le go Nna Motsadi mo Metlheng Eno ya Bofelo

Lenyalo le go Nna Motsadi mo Metlheng Eno ya Bofelo

“Nako e e setseng e khutshwafetse.”—1 BAKOR. 7:29.

1. (a) Ke diphetogo dife tse di diregang gone jaanong tse e leng dingwe tsa dilo “tse go leng boima go lebana le tsone”? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwenyega ka diphetogo tse di diregang mo malapeng?

LEFOKO la Modimo le ne la bolelela pele gore mo ‘motlheng wa bofelo’ go ne go tla nna le dintwa, dithoromo tsa lefatshe, mauba le malwetse a leroborobo. (Dan. 8:17, 19; Luke 21:10, 11) Gape Baebele e ne ya tlhagisa gore motlha ono o o botlhokwatlhokwa mo hisitoring ya batho e ne e tla nna nako ya diphetogo tse dikgolo mo setšhabeng. Mathata a lelapa e ne e tla nna sengwe sa dilo “tse go leng boima go lebana le tsone” mo “metlheng [eno] ya bofelo” e e thata. (2 Tim. 3:1-4) Ke ka ntlha yang fa re tshwenyega ka diphetogo tseno? Ka gonne di aname thata jaana e bile di maatla mo e leng gore di ka ama tsela e Mokeresete gompieno a lebang lenyalo le go nna motsadi ka yone. Jang?

2. Batho ka kakaretso ba leba lenyalo le tlhalo jang?

2 Mo metlheng eno, go tlhala go setse go le motlhofo e bile go atile, mme dipalo tsa batho ba ba tlhalanang mo dinageng di le dintsi di tlhatloga ka bofefo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gopotse gore tsela e Jehofa Modimo a lebang lenyalo le tlhalo ka yone e farologane thata le e batho ka kakaretso ba di lebang ka yone. Mme Jehofa ene o di leba jang?

3. Jehofa le Jesu Keresete ba leba lenyalo jang?

3 Jehofa Modimo o lebeletse gore batho ba ba mo lenyalong ba boloke maikano a bone a lenyalo. Fa Jehofa a ne a nyadisa monna le mosadi ba ntlha, o ne a re: “Monna o tla . . . ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” Moragonyana Jesu Keresete o ne a boeletsa one mafoko ao a bo a oketsa ka go re: “Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” Gape Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Gen. 2:24; Math. 19:3-6, 9) Ka jalo, Jehofa le Jesu ba tsaya lenyalo e le kgolagano ya botshelo jotlhe e e felang fela fa molekane yo mongwe a swa. (1 Bakor. 7:39) E re ka lenyalo e le thulaganyo e e boitshepo, tlhalo ga e a tshwanela go tsewa motlhofo fela. E bile tota, Lefoko la Modimo le bontsha gore Jehofa o tlhoile tlhalo e e se nang mabaka a Dikwalo. *Bala Malaki 2:13-16; 3:6.

Nna le Maikarabelo mo Lenyalong

4. Ke ka ntlha yang fa basha bangwe ba Bakeresete ba ikwatlhaela go bo ba ile ba itlhaganelela go tsena mo lenyalong?

4 Batho ba lefatshe le le boikepo le re nnang mo go lone ba ilwe tlhogong ke tlhakanelodikobo. Letsatsi le letsatsi go bontshiwa ditshwantsho tse dintsi tse di tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo. Re ka se itlhokomolose gore di ka re ama thata, bogolo jang basha ba rona ba ba rategang mo phuthegong. Basha ba Bakeresete ba tshwanetse go itshwara jang fa ba lebana le tlhotlheletso eno e e sa siamang, e e ka tsosang keletso ya tlhakanelodikobo mo go bone tota le fa ba sa batle? Bangwe ba ile ba leka go lebana le tlhotlheletso eno ka go tsena mo lenyalong ba sa le bannye thata. Ba a bo ba akanya gore fa ba dira jalo ba ka se wele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, ba le bantsi ba ile ba ikwatlhaela tshwetso eo. Ka ntlha yang? Fela fa bosha jwa lenyalo bo sena go tswapoga, ba ile ba lemoga gore bone le balekane ba bone ba lenyalo ga ba lebe dilo ka tsela e e tshwanang mo dikgannyeng tsa letsatsi le letsatsi. Ka jalo banyalani bano ba nna le bothata jo bo masisi.

5. Ke eng se se tla thusang banyalani gore ba nne ba bolokile maikano a bone a lenyalo? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

5 Fa o nyalane le mongwe—le fa e ka tswa e le Mokeresete ka wena—mme o bo o lemoga gore ga a tshwane gotlhelele le se o neng o se solofetse, botshelo bo ka nna thata tota. (1 Bakor. 7:28) Mme le fa go ka nna thata jang, Bakeresete ba boammaaruri ba itse gore go tlhala ka mabaka a e seng a Dikwalo ga se yone tsela e e siameng ya go rarabolola mathata a lenyalo le le sa itumelang. Ka jalo, batho ba ba nnang ba dira ka natla gore lenyalo la bone le se ka la thubega ka gonne ba batla go nna ba bolokile maikano a bone a lenyalo ba tshwanelwa ke go tlotlwa le go thusiwa ka lorato ke phuthego ya Bokeresete. *

6. Basha ba Bakeresete ba tshwanetse ba leba jang kgang ya go tsena mo lenyalong?

6 A o mosha yo o iseng a tsene mo lenyalong? Fa go ntse jalo, o tshwanetse wa leba jang kgang ya go tsena mo lenyalong? O ka iphalotsa mathata a mantsi fa o ka leta go fitlha o setse o siametse lenyalo, mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo semoyeng, pele o ka simolola go ratana le Mokeresete mongwe wa bong bo sele. Gone ke boammaaruri gore Dikwalo ga di bolele gore motho o tshwanetse go tsena mo lenyalong a na le dingwaga tse kae. * Le fa go ntse jalo, gone Baebele e bontsha gore o tshwanetse go leta go fitlha o sena go feta nako e ka yone o a bong o na le keletso e e nonofileng ya tlhakanelodikobo. (1 Bakor. 7:36) Ka ntlha yang? Ka gonne keletso e e nonofileng ya tlhakanelodikobo e ka dira gore o se ka wa akanya sentle mme ya go dirisa ditshwetso tse di seng botlhale tse morago di ka felelang ka matlhotlhapelo. Gakologelwa, kgakololo e e botlhale ya ga Jehofa ka lenyalo e e mo Baebeleng e beetswe gore e go solegele molemo e bo e go tlisetse boitumelo.—Bala Isaia 48:17, 18.

Go Nna Motsadi yo o Nang le Maikarabelo

7. Banyalani bangwe ba basha ba diragalelwa ke eng, mme ke ka ntlha yang fa seno se ka tlisa mathata mo lenyalong?

7 Batho bangwe ba ba nyalaneng ba sa le bannye ba iphitlhela ba solofetse ngwana mme bone ka bobone e sa ntse e le bana. Ga ba ise ba nne le nako ya go itsane sentle pele ngwana a tsholwa, mme ngwana o tlile go tlhoka tlhokomelo bosigo le motshegare. Fa mmè a simolola go dirisa nako e ntsi a tlhokometse ngwana, monna wa gagwe yo o sa leng mmotlana a ka nna a fufega. Mo godimo ga moo, go tlhorega boroko ka ntlha ya go tlhokomela ngwana go ka baka go ngomoga pelo mo go ka tlisang mathata mo lenyalong. Banyalani bano jaanong ba lemoga gore ga ba tlhole ba na le kgololesego e ntsi jaaka pele. Ga ba tlhole ba kgona go tsamaya jaaka ba rata le go dira dilo ba gololesegile jaaka pele. Ba tshwanetse go leba jang seemo sa bone se se fetogileng?

8. Go nna motsadi go tshwanetse ga lejwa jang mme ka ntlha yang?

8 Fela jaaka batho ba tshwanetse go nna le maikarabelo mo lenyalong, go nna motsadi go tshwanetse ga tsewa e le boikarabelo le tshiamelo e e tswang kwa Modimong. Le fa go tsholwa ga ngwana go ka tlhoka gore banyalani ba Bakeresete ba dire diphetogo mo matshelong a bone, ba tshwanetse go dira bojotlhe jwa bone gore ba di dire ka tsela e e bontshang gore ba na le maikarabelo. E re ka Jehofa a neile batho bokgoni jwa go tshola bana, batsadi ba tshwanetse go leba ngwana yo o sa tswang go tsholwa e le “boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.” (Pes. 127:3) Mmè le rre ba Bakeresete ba tla leka ka natla go diragatsa maikarabelo a bone a go nna ‘batsadi ba ba seoposengwe le Morena.’—Baef. 6:1.

9. (a) Go godisa ngwana go akaretsa eng? (b) Monna a ka dirang gore a thuse mosadi wa gagwe gore a nne a nonofile semoyeng?

9 Go godisa ngwana go tlhoka gore motho a itime dilo tse dintsi ka dingwagangwaga. Go tlhoka gore batsadi ba dirise nako e ntsi le nonofo. Monna wa Mokeresete o tshwanetse go lemoga gore mo dingwageng di le mmalwa ngwana a sena go tsholwa, mosadi wa gagwe a ka nna a iteega tsebe kwa dipokanong mme a ka nna a se ka a nna le nako ya go ithuta Baebele a le esi le go tlhatlhanya jaaka a ne a dira pele. Seno se ka mo koafatsa semoyeng. Monna o tshwanetse a bontsha gore ke rre yo o nang le maikarabelo ka go dira sotlhe se a ka se kgonang go thusa go tlhokomela ngwana. A ka leka go thusa mosadi wa gagwe ka se se mo latlhegetseng kwa dipokanong ka gore moragonyana fa ba le kwa lapeng a mo tlotlele dingwe tsa dintlha tse go builweng ka tsone. Gape a ka nna a thusa go tlhokomela ngwana gore mosadi wa gagwe a nne le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera ka Bogosi.—Bala Bafilipi 2:3, 4.

10, 11. (a) Bana ba godisediwa jang “mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa”? (b) Ke ka ntlha yang fa batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba tshwanelwa ke go akgolwa?

10 Go nna motsadi yo o nang le maikarabelo ga se fela go naya ngwana dijo, diaparo, bonno le go tlhokomela botsogo jwa gagwe. Bogolo jang mo metlheng eno ya bofelo e e kotsi, bana ba tshwanetse go rutiwa ba sa le bannye gore ke melaometheo efe ya boitsholo e ba tshwanetseng go tshela ka yone. Ba tshwanetse go godisediwa “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) ‘Taolo eno ya mogopolo’ e akaretsa go ruta ngwana ka dikakanyo tsa ga Jehofa go tloga fa a sa le lesea go fitlha le mo nakong e e thata ya bosha.—2 Tim. 3:14, 15.

11 Fa Jesu a ne a raya balatedi ba gagwe a re ba “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa,” ruri o ne a raya gore le batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone gore ba nne barutwa. (Math. 28:19, 20) Go dira jalo ga go motlhofo ka ntlha ya kgatelelo e lefatshe leno le gatelelang basha ka yone. Ka jalo, batsadi ba ba kgonang go godisa bana ba bone gore ba bo ba nne Bakeresete ba ba ineetseng, ruri ba tshwanelwa ke go akgolwa ka lorato ke botlhe ba ba mo phuthegong. Ba ‘fentse’ tlhotlheletso ya lefatshe ka tumelo ya bone le ka boikanyegi jwa bone jaaka batsadi ba ba nang le maikarabelo.—1 Joh. 5:4.

Go sa Tsene mo Lenyalong Kgotsa go sa Nne le Bana ka Maikaelelo a a Molemo

12. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba swetsa ka gore ba nne lobaka lo lo rileng pele ga ba nyala kgotsa ba nyalwa?

12 E re ka “nako e e setseng e khutshwafetse” e bile ‘seemo sa lefatshe leno se fetoga,’ Lefoko la Modimo le re rotloetsa go akanyetsa melemo ya go nna o se mo lenyalong. (1 Bakor. 7:29-31) Ka jalo, Bakeresete bangwe ba tlhopha go nna ba se mo lenyalong botshelo jwa bone jotlhe kgotsa ba swetsa ka gore ba nne ba se mo lenyalong ka dingwaganyana go tswa foo ba bo ba nyala kgotsa ba nyalwa. Go molemo go bo ba sa dirise kgololesego ya go sa nyale kgotsa go sa nyalwe gore ba dire ditiro tsa boithati. Ba le bantsi ba nna ba se mo lenyalong gore ba kgone go direla Jehofa “kwantle ga go iteega tsebe.” (Bala 1 Bakorintha 7:32-35.) Bakeresete bangwe ba ba seng mo lenyalong ke babulatsela kgotsa ba direla kwa Bethele. Bangwe ba leka go oketsa tsela e ba ka solegelang phuthego ya ga Jehofa molemo ka yone ka go dira gore ba tshwanelegele go tsena Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi. E bile batho ba ba ileng ba nna badiredi ba nako e e tletseng ka nako e e rileng ba sa nyala kgotsa ba sa nyalwa mme morago ba bo ba tsena mo lenyalong, gantsi ba dumela gore lenyalo la bone le solegelwa molemo ke dilo tsa botlhokwa tse ba di ithutileng mo dingwageng tseo tsa fa ba ise ba nyale.

13. Ke ka ntlha yang fa banyalani bangwe ba Bakeresete ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba nna le bana?

13 Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, go na le phetogo e nngwe gape e e diregang mo botshelong jwa lelapa—banyalani ba le bantsi ba dirile tshwetso ya gore ba nne ba se na bana. Bangwe ba dira jalo ka mabaka a itsholelo; mme ba bangwe ba dira jalo ka gonne ba batla gore ba kgone go dira tiro e e tla ba fang madi a mantsi. Le mo Bakereseteng go na le banyalani ba ba dirang tshwetso ya gore ba se ka ba nna le bana. Le fa go ntse jalo, gantsi ba dira jalo gore ba se ka ba kgoreletsega go direla Jehofa. Seno ga se reye gore banyalani bano ga ba tshele botshelo jo bo tlwaelegileng jwa lenyalo. Ba a bo tshela. Le fa go ntse jalo, ba ikemiseditse go latlhegelwa ke masego mangwe a lenyalo gore ba beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (1 Bakor. 7:3-5) Bangwe ba banyalani bano ba direla Jehofa le bakaulengwe ba bone e le balebedi ba potologo le ba kgaolo kgotsa ba direla kwa Bethele. Ba bangwe ke babulatsela kgotsa barongwa. Jehofa a ka se lebale tiro ya bone le lorato lo ba lo bontshitseng leina la gagwe.—Baheb. 6:10.

“Pitlagano mo Nameng”

14, 15. Batsadi ba Bakeresete ba ka nna le “pitlagano mo nameng ya bone” ka tsela efe?

14 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba ba nyetseng kgotsa ba ba nyetsweng gore ba ne ba tla nna le “pitlagano mo nameng ya bone.” (1 Bakor. 7:28) Seno se ka akaretsa gore banyalani, bana ba bone, kgotsa batsadi ba bone ba ba godileng ba nne le mathata a botsogo. Gape go ka akaretsa mathata le go ngomoga pelo mo go bakwang ke go godisa bana ba bone. Jaaka go boletswe kwa tshimologong ya setlhogo seno, Baebele e ne ya bolelela pele gore ‘metlha ya bofelo’ e ne e tla tlisa “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Sengwe sa dilo tse go neng go tla nna boima go lebana le tsone e ne e tla nna bana “ba ba sa utlweng batsadi.”—2 Tim. 3:1-3.

15 Go godisa bana ke kgwetlho tota mo batsading ba Bakeresete. Le rona re amiwa ke ditiragalo tse di botlhoko tse di diregang mo ‘dinakong tsa mathata’ tse re tshelang mo go tsone. Ka jalo, batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go lwa ntwa e e sa feleng ba lwantsha tlhotlheletso e e kotsi e “tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno” e ka nnang le yone mo baneng ba bone. (Baef. 2:2, 3) Mme ka dinako tse dingwe batsadi ga ba fenye mo ntweng eno! Fa ngwana yo o tswang mo lelapeng la Bakeresete a tlogela go direla Jehofa, ruri seo ke “pitlagano” mo batsading ba ba ntseng ba leka go mo godisetsa mo boammaaruring jwa Modimo.—Dia. 17:25.

“Go Tla Nna le Pitlagano e Kgolo”

16. “Pitlagano” e Jesu a neng a bolelela pele ka yone ke efe?

16 Le fa go ntse jalo, “pitlagano” le fa e le efe e motho a nnang le yone mo lenyalong kgotsa fa a godisa bana e tla gaisiwa ke pitlagano e nngwe e kgolo thata go feta eo. Jesu o ne a bolela jaana mo boporofeting jwa gagwe jo bo malebana le go nna gone ga gagwe le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Math. 24:3, 21) Moragonyana Jesu o ne a bolela gore boidiidi jo bogolo bo ne bo tla falola ‘pitlagano eno e kgolo.’ Le fa go ntse jalo, tsamaiso ya ga Satane ga e na go ineela mme e tla tswelela e tlhasela Basupi ba ga Jehofa ba ba ratang kagiso mo tlhaselong ya makgaolakgang. Kwantle ga pelaelo, e tla bo e le nako e e boima mo go rona rotlhe—bagolo mmogo le bana.

17. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka nna le tsholofelo ka isagwe? (b) Ke eng se se tshwanetseng go tlhotlheletsa tsela e re lebang lenyalo le go nna motsadi ka yone?

17 Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go boifa mo go feteletseng ka isagwe. Batsadi ba ba ikanyegang mo go Jehofa ba ka solofela gore ba tla sirelediwa mmogo le bana ba bone ba bannye. (Bala Isaia 26:20, 21; Sefa. 2:2, 3; 1 Bakor. 7:14) Mme fa nako eo e ise e goroge, e kete go itse ga rona gore re tshela mo metlheng ya mathata go ka tlhotlheletsa tsela e re lebang lenyalo le go nna le bana ka yone mo metlheng eno ya bofelo. (2 Pet. 3:10-13) Fa re dira jalo, tsela e re tshelang ka yone—re ka tswa re le mo lenyalong kgotsa re se mo go lone, re na le bana kgotsa go re se na bana—e tla tlisetsa Jehofa le phuthego ya Bokeresete tlotlo le pako.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Bona buka ya Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa mo setlhogwaneng se se mo tsebe 125 se se reng “O Tlhoile Tlhalo.”

^ ser. 5 Batho ba ba nang le mathata a lenyalo ba tla kgothadiwa ke go sekaseka ditlhogo tse di buang ka lenyalo tse di jaaka tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 15, 2003, le Tsogang! ya January 8, 2001.

^ ser. 6 Bona kgaolo 30, “A Ke Setse Ke Godile Mo Ke Siametseng Lenyalo?” mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo.

Poeletso

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba babotlana ba sa tshwanela go itlhaganelela go nyala kgotsa go nyalwa?

• Go godisa ngwana go akaretsa eng?

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba le bantsi ba sa tsene mo lenyalong, kgotsa fa ba le mo go lone, ba nna ba se na bana?

• Batsadi ba Bakeresete ba ka nna le “pitlagano” e e ntseng jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ke ka ntlha yang fa go le botlhale gore basha ba Bakeresete ba se ka ba itlhaganelela go nyala kgotsa go nyalwa?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go na le dilo tse dintsi tse monna a ka di dirang go thusa mosadi wa gagwe gore a nne le seabe ka botlalo mo ditirong tsa semoya

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ke ka ntlha yang fa banyalani bangwe ba Bakeresete ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba nna le bana?