Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhatlhanya ka se Jehofa a go Diretseng Sone

Tlhatlhanya ka se Jehofa a go Diretseng Sone

Tlhatlhanya ka se Jehofa a go Diretseng Sone

NAKWANA fela fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, barutwa ba gagwe ba babedi ba ne ba le mo loetong ba tswa kwa Jerusalema ba ya kwa Emao. Pego e e mo Efangeleng ya ga Luke ya re: “Fa ba ne ba tlotla e bile ba tshwere kgang, Jesu ka boene a atamela mme a simolola go tsamaya le bone; mme matlho a bone a ne a sirilwe gore a se ka a mo lemoga.” Go tswa foo, Jesu o ne a ba raya a re: “‘Ke dikgang dife tse lo ngangisanang ka tsone fa lo ntse lo tsamaya mmogo?’ Mme ba ema ba tlhontse difatlhego.” Ke ka ntlha yang fa ba ne ba hutsafetse? Barutwa ba ne ba akanya gore Jesu o ne a tla golola Iseraele mo taolong ya Baditšhaba, le fa go ntse jalo, kgololo eo e ne e ise e direge. Go na le moo, Jesu o ne a bolailwe. Ke lone lebaka le le neng le ba hutsafatsa.—Luke 24:15-21; Dit. 1:6.

Jesu o ne a simolola go tlhalosetsa barutwa bano. “A simolola kwa go Moshe le Baporofeti botlhe a ba phuthololela dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.” Ke boammaaruri gore ditiragalo di le dintsi tsa botlhokwa le tse di nonotshang tumelo di ne tsa direga ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu! Fa barutwa ba ntse ba reeditse Jesu, maikutlo a bone a ne a fetoga mme ba se tlhole ba hutsafala go na le moo ba itumela. Moragonyana mo maitseboeng ao, ba ne ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?” (Luke 24:27, 32) Re ithuta eng mo tseleng e barutwa ba ga Jesu ba neng ba itshwara ka yone?

Ditebelelo Tse di sa Diragadiweng di re Ama Jang?

Barutwa ba babedi ba ba neng ba le mo tseleng ya go ya kwa Emao ba ne ba hutsafetse ka gonne ditiragalo tse ba neng ba di solofetse di ne di ise di direge. Ba ne ba ikutlwa ka tsela e e tlhalosiwang mo go Diane 13:12: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” Ka tsela e e tshwanang, bangwe ba rona ba re sa bolong go direla Jehofa ka boikanyegi ka masomesome a dingwaga, re ne re akantse gore mo nakong eno “pitlagano e kgolo” e ne e tla bo e sa bolo go feta. (Math. 24:21; Tshen. 7:14) Gone go a utlwala gore ka dinako dingwe, fa tebelelo e e ntseng jalo e sa diragadiwe e ka hutsafatsa motho.

Le fa go ntse jalo, se lebale gore barutwa bale ba babedi ba ile ba itumela gape fa Jesu a ba thusa gore ba tlhome mogopolo mo boporofeting jo bo setseng bo diragaditswe—tota le jo bo neng jwa diragadiwa fa ba sa ntse ba tshela. Le rona re ka dira se se tshwanang gore re kgone go nna re itumetse le go fenya maikutlo a go kgobega marapo. Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o nang le maitemogelo e bong Michael a ile a bolela: “O se ka wa tlhoma mogopolo mo dilong tse Jehofa a iseng a di dire. Go na le moo, o tlhome mo dilong tse a setseng a di dirile.” Ruri eno ke kgakololo e e molemo!

Dilo Tse Jehofa a di Dirileng

Akanya ka dilo dingwe tse di tlhomologileng tse Jehofa a setseng a di fitlheletse. Jesu o ne a re: “Yo o dumelang mo go nna, yoo le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; mme o tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseno.” (Joh. 14:12) Gompieno batlhanka ba Modimo ba fitlhelela ditiro tse dikgolo go feta le fa e ka nna dife tse di kileng tsa dirwa ke Bakeresete. Batho ba ba fetang dimilione di le supa ba lebile pele go falola pitlagano e kgolo. Akanya fela, ga go ise go ke go direge gore batlhanka ba le bantsi jaana ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba dire ka tlhagafalo mo dinageng di le dintsi jaana go ralala lefatshe! Eleruri Jehofa o thusitse batlhanka ba gagwe gore ba dire “ditiro tse dikgolo go feta tseno” tse Jesu a neng a bolelela pele ka tsone.

Ke eng gape se Jehofa a re diretseng sone? O dirile gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba kgone go tswa ka tsela ya tshwantshetso mo lefatsheng le le boikepo mme ba tsene mo paradaiseng ya semoya e a ba diretseng yone. (2 Bakor. 12:1-4) Iphe nako ya go tlhatlhanya ka dilo dingwe tse re itumelelang tsone gone jaanong mo paradaiseng eo. Ka sekai, latlhela bofofu mo laeboraring ya gago ya dibuka kgotsa mo laeboraring e e kwa Holong ya Bogosi. Phetlha buka ya gago ya Watch Tower Publications Index, kgotsa o lebe Watchtower Library. Reetsa diterama tsa Baebele tse di rekotilweng. Ikgopotse medumo le dilo tse di diregileng kwa kopanong e kgolo ya bosheng. Akanya gape le ka botsalano jo bo molemo jo re ipelelang jone le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. A bo Jehofa a nnile pelotshweu jang ne ka go re naya letlepu la dijo tsa semoya le bakaulengwe ba ba lorato—ruri eno ke paradaise ya semoya!

Mopesalema Dafide o ne a re: “O dirile dilo di le dintsi, Wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona.” (Pes. 40:5) Ee, fa re tlhatlhanya ka dilo tse di molemo tse Jehofa a setseng a re diretse tsone e bile re akanya ka lorato lo a re ratang ka lone, re tla nna le maatla a masha a a tla re thusang go itshoka ka boikanyegi fa re ntse re direla Rraarona, Jehofa yo o kwa legodimong ka peloyotlhe.—Math. 24:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe gore ba nne ba tlhatlhanya ka dilo tse Jehofa a setseng a ba diretse tsone

[Ditshwantsho mo go tsebe 32]

Ikgopotse medumo le dilo tse di diregileng kwa kopanong e kgolo ya bosheng