Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Amogela Moya wa Modimo, e Seng wa Lefatshe

Amogela Moya wa Modimo, e Seng wa Lefatshe

Amogela Moya wa Modimo, e Seng wa Lefatshe

“Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong, gore re itse dilo tse Modimo a di re neileng ka bopelonomi.”—1 BAKOR. 2:12.

1, 2. (a) Bakeresete ba boammaaruri ba mo ntweng ka tsela efe? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

BAKERESETE ba boammaaruri ba mo ntweng! Mmaba wa rona o nonofile, o boferefere e bile o rata ntwa. O na le sebetsa se a se dirisang ka katlego, se se tlhotlheleditseng bontsi jwa batho. Mme rona ga re a tshwanela go ikutlwa re se na maatla kgotsa re se na tsholofelo ya go atlega. (Isa. 41:10) Re na le tshireletso e e ka kgonang go emelana le tlhaselo epe fela.

2 Ntwa ya rona ga se ya mmatota, ke ya semoya. Mmaba wa rona ke Satane Diabolo, mme sebetsa sa konokono se a se dirisang ke “moya wa lefatshe.” (1 Bakor. 2:12) Moya wa Modimo ke tshireletso ya konokono e e ka re thusang go emelana le ditlhaselo tsa gagwe. Gore re fenye ntwa eno re bo re tswelele re atamalane le Modimo, re tlhoka go kopa moya wa Modimo mme re bo re bontsha dinonofo tsa one mo matshelong a rona. (Bagal. 5:22, 23) Le fa go ntse jalo, moya wa lefatshe ke eng, mme o tlhotlheleditse batho jang? Re ka itse jang gore re tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe? Mme re ka ithuta eng mo go Jesu ka kgang ya go amogela moya wa Modimo le go emelana le moya wa lefatshe?

Ke Eng fa Moya wa Lefatshe o Aname Jaana?

3. Moya wa lefatshe ke eng?

3 Moya wa lefatshe o tswa kwa go Satane “mmusi wa lefatshe leno” mme o kgatlhanong le moya o o boitshepo wa Modimo. (Joh. 12:31; 14:30; 1 Joh. 5:19) Ke tshekamelo e batho ba lefatshe leno ba nang le yone mme o ba tlhotlheletsa go dira dilo ka tsela e ba di dirang ka yone. Moya ono o o maatla o dira gore batho ba nne kgatlhanong le thato ya Modimo le maikaelelo a gagwe.

4, 5. Moya o Satane a o rotloetsang o kgonne jang go anama thata jaana?

4 Moya o Satane a o rotloetsang o kgonne jang go anama thata jaana? La ntlha, Satane o ne a raela Efa kwa tshimong ya Edene. O ne a dira gore a akanye gore go itirela dilo kwantle ga thuso ya Modimo go tla dira gore a tshele botshelo jo bo botoka. (Gen. 3:13) A bo a ne a le maaka jang ne! (Joh. 8:44) Go tswa foo o ne a dirisa mosadi gore a raele Adame gore a se ka a ikobela Jehofa. Ka ntlha ya tshwetso e Adame a e dirileng, batho ba ne ba tsenngwa mo boleong, ka jalo ba ruile tshekamelo ya go tlhotlhelediwa ke moya wa ga Satane wa botlhokakutlo.—Bala Baefeso 2:1-3.

5 Gape Satane o ne a tlhotlheletsa baengele ba le bantsi ba ba neng ba fetoga madimona. (Tshen. 12:3, 4) Ba ne ba tsuologela Modimo nako nngwe pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa. Baengele bao ba ne ba dumela gore go tla nna molemo gore ba tlogele maemo a ba neng ba a neilwe kwa legodimong mme ka boeleele ba latele dikeletso tse e seng tsa tlholego mo lefatsheng. (Jude 6) Madimona ao, a gone jaanong a leng mo lefelong la moya, a thusa Satane go ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshen. 12:9) Ka maswabi, bontsi jwa batho ga bo lemoge tlhotlheletso eo ya bodimona.—2 Bakor. 4:4.

A o Tlhotlhelediwa ke Moya wa Lefatshe?

6. Moya wa lefatshe o ka re tlhotlheletsa fa fela re dira eng?

6 Batho ba le bantsi ga ba lemoge tlhotlheletso ya ga Satane, mme Bakeresete ba boammaaruri bone ga ba tlhoke go nna ba ba se nang kitso ka maano a gagwe. (2 Bakor. 2:11) Tota e bile, moya wa lefatshe o ka se re tlhotlheletse fa fela re sa o letle gore o re tlhotlheletse. Mma re sekaseke dipotso di le nnè tse di tla re thusang go lemoga gore a re tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo kgotsa wa lefatshe.

7. Tsela nngwe e Satane a e dirisang go leka go re kgaoganya le Jehofa ke efe?

7 Boitlosobodutu jo ke bo tlhophang bo senola eng ka nna? (Bala Jakobe 3:14-18.) Satane o leka go re kgaoganya le Modimo ka go re raela gore re rate thubakanyo. Diabolo o a itse gore Jehofa o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo. (Pes. 11:5) Ka jalo, Satane o leka go dirisa dibuka, difilimi, mmino le metshameko ya ileketeroniki—e ka dinako dingwe e tlhotlheletsang batshameki gore ba nne le seabe mo boitsholong jo bo maswe le mo ditirong tse di setlhogo—gore e gogele dikeletso tsa rona tsa nama. Satane ga a re sepe le fa karolwana nngwe fela ya pelo ya rona e rata go dira dilo tse di phoso tse a di rotloetsang tota le fa karolo nngwe e sa ntse e rata go dira se se siameng.—Pes. 97:10.

8, 9. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife malebana le boitlosobodutu?

8 Kafa letlhakoreng le lengwe, moya wa Modimo o tlhotlheletsa ba ba o amogelang gore ba itsheke, ba rate kagiso ba bo ba nne le kutlwelobotlhoko. Re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A boitlosobodutu jo ke bo tlhophang bo ntlhotlheletsa gore ke nne le dinonofo tse di molemo?’ Botlhale jo bo tswang kwa godimo “ga bo itimokanye.” Batho ba ba tlhotlhelediwang ke moya wa Modimo ga ba bue le baagelani ba bone ka go itsheka le go nna le kagiso mme ba bo ba intsha bodutu ka go leba thubakanyo e e setlhogo le boitsholo jo bo sa siamang fa ba le nosi.

9 Jehofa o batla gore re obamele ene fela. Mme Satane ene, ga a re sepe le fa o ka mo obamela gangwenyana fela, fela jaaka a ne a batla gore Jesu a dire. (Luke 4:7, 8) Re ka ipotsa jaana: ‘A boitlosobodutu jo ke bo tlhophang bo dira gore ke kgone go obamela Modimo fela? A se ke se tlhophang se dira gore go nne thata kgotsa go nne motlhofo gore ke gane moya wa lefatshe? A ke tshwanetse go fetola tsela e ke tlhophang boitlosobodutu ka yone mo nakong e e tlang?’

10, 11. (a) Moya wa lefatshe o rotloetsa boikutlo bofe malebana le go rata dikhumo? (b) Lefoko le le tlhotlheleditsweng ka moya wa Modimo le rotloetsa boikutlo bofe?

10 Ke leba jang go rata dikhumo? (Bala Luke 18:24-30.) Moya wa lefatshe o rotloetsa “keletso ya matlho” ka go kgothaletsa bopelotshetlha le go rata dikhumo. (1 Joh. 2:16) O dirile gore batho ba le bantsi ba godise keletso ya go huma. (1 Tim. 6:9, 10) Moya oo, o ka dira gore re dumele gore go nna le dithoto tse dintsi go tla dira gore re nne le tshireletsego e e nnelang ruri. (Dia. 18:11) Le fa go ntse jalo, fa re letla lorato lwa madi gore lo fete lorato lo re ratang Modimo ka lone, Satane o tla bo a fentse. Re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A botshelo jwa me bo remeletse mo go batleng dithoto tse dintsi le menate?’

11 Go farologana le moo, Lefoko le le tlhotlheleditsweng ka moya wa Modimo le re rotloetsa gore re lebe madi ka tekatekano re bo re dire ka natla gore re kgone go itlamela le go tlamela ba malapa a rona. (1 Tim. 5:8) Moya wa Modimo o thusa ba ba o amogelang gore ba etse nonofo ya ga Jehofa ya bopelotshweu. Batho ba ba pelotshweu ba na le moya wa go aba, ga ba batle go amogela fela. Ba tsaya batho ba le botlhokwa thata go gaisa dithoto mme ba ipelela go ba abela se ba nang le sone fa ba kgona go dira jalo. (Dia. 3:27, 28) Mme le ka motlha ga ba dire gore go batla madi go tle kwa pele ga go direla Modimo.

12, 13. Go farologana le moya wa lefatshe, moya wa Modimo o ka re tlhotlheletsa jang go dira se se molemo?

12 Botho jwa me bo bontsha gore ke na le moya ofe? (Bala Bakolosa 3:8-10, 13.) Moya wa lefatshe o godisa ditiro tsa nama. (Bagal. 5:19-21) Selo se segolo se se senolang gore re tlhotlhelediwa ke moya ofe ga se tsela e re itshwarang ka yone fa dilo di itshiametse fela, go na le moo ke e re itshwarang ka yone fa dilo di sa tsamaye sentle, ka sekai, fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a re itlhokomolosa, a re kgopisa kgotsa e bile a re leofela. Mo godimo ga moo, fa re le nosi kwa gae, go ka bonala gore tota re laolwa ke moya o o boitshepo kgotsa moya wa lefatshe. Go ka nna molemo gore re itlhatlhobe. Ipotse, ‘Mo dikgweding tse thataro tse di fetileng, a botho jwa me bo ne jwa bontsha dinonofo tsa Bokeresete kgotsa a ke boetse mo mekgweng ya me e e sa siamang ya go bua le ya boitsholo?’

13 Moya wa Modimo o ka re thusa gore re “[apole] botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone” mme re ikapese ka “botho jo bosha.” Seno se tla re thusa gore re nne lorato re bo re nne pelonomi. Re tla itshwarela ba bangwe re gololesegile, tota le fa go lebega re na le lebaka le le utlwalang la go ngongorega. Le fa re sa bontshiwa tshiamiso re ka se ka ra tlhola re araba ka “kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba.” Go na le moo, re tla kgaratlhela gore re nne “pelotlhomogi ka bonolo.”—Baef. 4:31, 32.

14. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba leba Lefoko la Modimo jang?

14 A ke tlotla le go rata melao ya boitsholo e e mo Baebeleng? (Bala Diane 3:5, 6.) Moya wa lefatshe o supa go tsuologela Lefoko la Modimo. Batho ba ba tlhotlhelediwang ke moya ono ba itlhokomolosa se ba se tsayang e le dikarolo tse di sa ba siamelang tsa Baebele, ba bona go le molemo go dirisa dingwao tsa batho kgotsa difilosofi. (2 Tim. 4:3, 4) Bangwe ba itlhokomolosa Lefoko la Modimo gotlhelele. Batho ba ba ntseng jalo ba belaela botlhokwa jwa Baebele le gore a e bua boammaaruri, ba ipona ba le botlhale. Ba itlhokomolosa melao ya yone e e itshekileng e e malebana le boaka, bosodoma le tlhalo. Ba ruta gore “molemo ke bosula le bosula ke molemo.” (Isa. 5:20) A re tshwaeditswe ke moya ono? A fa re lebane le mathata re ikaega ka botlhale jwa batho, go akaretsa le dikgopolo tsa rona? Kgotsa a re kgaratlhela go latela kgakololo ya Baebele?

15. Go na le gore re ikaege ka botlhale jwa rona, re tshwanetse go dira eng?

15 Moya wa Modimo o dira gore re tlotle Baebele. Fela jaaka mopesalema, re tsaya lefoko la Modimo e le lobone lwa dinao tsa rona le lesedi la ditsela tsa rona. (Pes. 119:105) Go na le go ikaega ka botlhale jwa rona, re ikaega mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng gore le re thuse go lemoga se se siameng le se se phoso. Re ithuta gore re se ka ra tlotla Baebele fela mme gape re rate molao wa Modimo.—Pes. 119:97.

Ithute mo Sekaong sa ga Jesu

16. Ke eng se se akarediwang ke go nna le “mogopolo wa ga Keresete”?

16 Gore re bone moya wa Modimo, re tshwanetse go dira gore re nne le “mogopolo wa ga Keresete.” (1 Bakor. 2:16) Go nna le “boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone,” go tlhoka gore re itse tsela e a neng a akanya ka yone le e a neng a dira dilo ka yone mme re bo re mo etsa. (Bar. 15:5; 1 Pet. 2:21) Akanya ka ditsela dingwe tse re ka dirang seo ka tsone.

17, 18. (a) Re ithuta eng mo go Jesu malebana le thapelo? (b) Ke eng fa re tshwanetse go ‘nna re kopa’?

17 Rapelela moya wa Modimo. Pele ga Jesu a lebana le diteko, o ne a rapelela moya wa Modimo gore o mo thuse. (Luke 22:40, 41) Le rona re tshwanetse go kopa Modimo gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo. Botlhe ba ba kopang Jehofa moya wa gagwe ka tumelo, o ba naya one ka kgololosego le ka bopelotshweu. (Luke 11:13) Jesu o ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le mongwe le mongwe yo o senkang o a bona, le mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa.”—Math. 7:7, 8.

18 Fa re senka moya wa ga Jehofa le thuso ya gagwe ga re a tshwanela go emisa ka bonako go o kopa. Go ka nna ga tlhokega gore re rapele ka metlha mme re se ka ra rapela re itlhaganetse. Ka dinako dingwe, Jehofa o letla batho ba ba mo rapelang gore ba bontshe gore se ba se rapelelang ba se tlhoka go le kana kang le gore tumelo ya bone e nonofile go le kana kang pele ga a araba dithapelo tsa bone. *

19. Jesu o ne a dira eng ka metlha mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go mo etsa?

19 Ikobele Jehofa ka botlalo. Ka metlha Jesu o ne a dira dilo tse di itumedisang Rraagwe. Mo e ka nnang ka lekgetlho le le lengwe, tsela e Jesu a neng a rata gore dilo di dirwe ka yone e ne e farologane le e Rraagwe a neng a batla gore di dirwe ka yone. Le fa go ntse jalo, o ne a raya Rraagwe jaana a tlhomamisegile: “A go diragale thato ya gago, e seng ya me.” (Luke 22:42) Ipotse, ‘A ke ikobela Modimo tota le fa go se motlhofo go dira jalo?’ Go ikobela Modimo go botlhokwa thata mo go rona. Re tshwanetse go mo ikobela ka botlalo e re ka e le Modiri wa rona, Motswedi le Motlamedi wa botshelo jwa rona. (Pes. 95:6, 7) Ga go na sepe se se ka emelang go mo ikobela. Modimo a ka se re amogele fa re sa mo ikobele.

20. Botshelo jwa ga Jesu bo ne bo remeletse mo go eng, mme re ka mo etsa jang?

20 Itse Baebele sentle. Fa Jesu a ne a emelana le tlhaselo e Satane a neng a e lebisitse ka tlhamalalo mo tumelong ya gagwe, Jesu o ne a nopola Dikwalo. (Luke 4:1-13) Fa a ne a lebane le baganetsi ba gagwe ba bodumedi, o ne a dirisa Lefoko la Modimo e le tsela ya konokono ya go baya mabaka. (Math. 15:3-6) Botshelo jotlhe jwa ga Jesu bo ne bo remeletse mo go itseng molao wa Modimo le go o diragatsa. (Math. 5:17) Le rona re batla go tswelela re tlatsa megopolo ya rona ka Lefoko la Modimo le le nonotshang tumelo. (Bafil. 4:8, 9) Bangwe ba rona ba ka nna ba thatafalelwa ke go bona nako ya thuto ya motho a le nosi le ya thuto ya lelapa. Le fa go ntse jalo, go na le fela go bona nako re tshwanetse go ipha yone.—Baef. 5:15-17.

21. Re ka dirisa thulaganyo efe go re thusa go itse Lefoko la Modimo botoka le go le dirisa?

21 “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o re thusitse gore re nne le nako ya thuto ya motho a le nosi le thuto ya lelapa beke le beke ka go re rulaganyetsa maitseboa a Kobamelo ya Lelapa. (Math. 24:45) A o dirisa thulaganyo eno ka botlhale? Gore o kgone go nna le mogopolo wa ga Keresete, a mo thutong ya lona lo ka akaretsa go tlhatlhoba ka tatelano dikgang tse lo di kgatlhegelang tse Jesu a di rutileng? O ka nna wa dirisa Watch Tower Publications Index gore o bone tshedimosetso e o e tlhokang ka kgang e o kgatlhegelang go ithuta ka yone. Ka sekai, go simolola ka 2008 go ya go 2010, kgatiso ya Tora ya Tebelo ya makasine wa batho botlhe e ne ya gatisa motseletsele wa ditlhogo di le 12 tse di nang le setlhogo se se reng, “Se re Se Ithutang mo go Jesu.” O ka nna wa rata go dirisa ditlhogo tseno mo thutong ya lona. Go simolola ka 2006, makasine wa Tsogang! o ne wa tlotla ka setlhogo se se reng “O ne O ka Reng?” Setlhogo seno sa dipotsolotso, se ne se diretswe go re thusa go godisa le go nonotsha kitso ya rona ka Lefoko la Modimo. Ke eng fa nako le nako o sa akaretse dintlha tse di tswang mo ditlhogong tse di ntseng jalo mo thulaganyong ya lona ya Kobamelo ya Lelapa?

Re ka Fenya Lefatshe

22, 23. Re tshwanetse go dira eng gore re fenye lefatshe?

22 Gore re kaelwe ke moya wa Modimo, re tshwanetse go gana moya wa lefatshe. Mme go dira jalo ga se kgetsi e e potlana. E ka nna kgwetlho, ntwa e e masisi. (Jude 3) Mme gone re ka fenya! Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mo lefatsheng lo na le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”—Joh. 16:33.

23 Le rona re ka fenya lefatshe fa re tswelela re gana moya wa lone mme re dira bojotlhe gore re amogele moya wa Modimo. E le ruri “fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?” (Bar. 8:31) Fa re amogela moya wa Modimo mme re latela kaelo ya one jaaka e bontshitswe mo Baebeleng, re tla nna le kgotsofalo, kagiso, boitumelo mme re tla tlhomamisega ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le gaufi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona tsebe 170-173 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa moya wa lefatshe o aname thata jaana?

• Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife tse nnè?

• Ke dilo dife tse tharo tse re ithutang tsone mo go Jesu ka go amogela moya wa Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go tlile jang gore baengele bangwe ba fetoge madimona?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Satane o dirisa moya wa lefatshe go laola batho, mme re ka kgona go gololesega mo tlhotlheletsong ya one