Itshupe o Iketleeditse!
Itshupe o Iketleeditse!
“Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”—MATH. 24:44.
1, 2. (a) Ke ditiragalo dife tse di boleletsweng pele mo Baebeleng tse di ka tshwantshanngwang le tlhaselo nngwe ya nkwe? (b) Tlhaselo eno e e tlang e go ama jang?
KA DINGWAGA di le dintsi modiragatsi yo o itsegeng o ne a itumedisa babogedi ba gagwe ka go tshameka ka kagiso le dinkwe tsa gagwe tsa Bengal tse di neng di thapisitswe sentle. O ne a re: “Fa phologolo e go ikanya, o ikutlwa e kete o neilwe mpho e ntlentle e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng.” Le fa go ntse jalo, ka October 3, 2003, go ikanyana goo go ne ga ya bokhutlong. Nngwe ya dinkwe tsa gagwe e leng nkwe e tshweu ya dikilogerama di le 172 e ne ya mo tlhasela kwantle ga lebaka. Tlhaselo eo e ne e sa lebelelwa, ka jalo, mothapisi yoo o ne a sa ipaakanyetsa yone.
2 Go botlhokwa go lemoga gore Baebele e ne ya bolelela pele tlhaselo ya “sebatana” mme re tshwanetse go nna re ipaakanyeditse yone. (Bala Tshenolo 17:15-18.) Sebatana seno se tlhasela bomang? Ruri go a gakgamatsa kafa dilo di fetogang ka gone, lefatshe la ga Diabolo le kgaogana ka bolone. Sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo se emela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, mme “dinaka tse di lesome” tsone di emela mebuso yotlhe ya dipolotiki. Mebuso eno e tla fetogela Babelona yo Mogolo yo o tshwantshanngwang le seaka, mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka, mme e tla mo senya ka tsela e e setlhogo. Tiragalo eno e tla direga leng? Ga re itse letsatsi le ura e seno se tla diregang ka yone. (Math. 24:36) Mme re a itse gore e tla nna ka ura e re sa e lebelelang le gore nako e e setseng pele ga tlhaselo eno e khutshwafetse. (Math. 24:44; 1 Bakor. 7:29) Ka jalo, go botlhokwa gore re nne re iketleeditse semoyeng gore fa tlhaselo eo e tla mme Keresete a tla e le Modiragatsakatlholo, a itshupe gape e le Mogolodi wa rona! (Luke 21:28) Re ka kgona go nna re iketleeditse jalo, fa re ka ithuta go tswa mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba ileng ba itshupa ba iketleeditse mme ka go dira jalo ba nna basupi ba ba boneng ka matlho go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo. A re tla tsaya tsia ditiragalo tsa mmatota tse di diragaletseng batlhanka bangwe ba gagwe?
Itshupe o Iketleeditse—Jaaka Noa
3. Ke maemo afe a a neng thatafaletsa Noa go direla Modimo ka boikanyegi?
3 Noa o ne a itshupa a iketleeditse go bona go diragadiwa ga tsholofetso ya Modimo, le fa maemo a a ferosang sebete a ne a aparetse lefatshe mo motlheng wa gagwe. Akanya fela ka dikgwetlho tse Noa a neng a tshwanetse go lebana le tsone fa baengele ba batsuolodi ba ne ba iphetola batho mme ba itseela basadi ba bantle mme ba nna le bone ntswa ba sa ba nyala! Dikamano tseno tse e seng tsa tlholego di ne tsa felela ka gore go nne le bana ba mekaloba, “ba ba thata” ba ba neng ba dirisa maatla a bone a a sa tlwaelegang go kgerisa ba bangwe. (Gen. 6:4) Akanya kafa go neng go tletse thubakanyo ka gone, fa mekaloba eno e ntse e baka tlhakatlhakano gongwe le gongwe kwa e neng e ya teng. Ka ntlha ya seo, bosula bo ne jwa anama me dikakanyo tsa batho le tsela e ba dirang dilo ka yone di ne tsa nna bosula fela thata. Ka jalo, Morena Molaodimogolo Jehofa o ne a tlhoma nako e ka yone a neng a tlile go fedisa batho ba ba boikepo.—Bala Genesise 6:3, 5, 11, 12. *
4, 5. Maemo a motlha wa rona a tshwana jang le a motlha wa ga Noa?
4 Jesu o ne a porofeta gore maemo a motlha wa rona a ne a tla tshwana le a malatsi a ga Noa. (Math. 24:37) Ka sekai, le rona re tshwenngwa ke meya e e boikepo. (Tshen. 12:7-9, 12) Baengele bano ba madimona ba ne ba iphetola batho mo malatsing a ga Noa. Le fa gone jaanong ba thibetswe go iphetola batho, ba leka go laola basha mmogo le bagolo. Le fa batho ba sa lemoge, madimona ano a a ratang tlhakanelodikobo a itumelela go bona ditiro tse di bosula le tse di tlhabisang ditlhong tse ba kgonang go dira gore batho ba mo lefatsheng ba di dire.—Baef. 6:11, 12.
5 Lefoko la Modimo le tlhalosa Diabolo e le “mmolai” mme la re o na le “dithata tsa go baka loso.” (Joh. 8:44; Baheb. 2:14) Ga a na maatla a a kalo a go bolaya batho ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, sebopiwa seno se se kotsi sa moya se tsietsa batho le go ba faposa. O tlhotlheletsa batho gore ba akanye ka go bolaya ba bangwe. Ka sekai, ngwana a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le 142 ba ba tsholwang kwa United States, o tla bolawa. E re ka thubakanyo ya boeleele e aname jaana, a o akanya gore gompieno Jehofa a ka se ka a lemoga se se diregang fela jaaka a ne a lemoga mo motlheng wa ga Noa? A o tla palelwa ke go tsaya kgato?
6, 7. Noa le lelapa la gagwe ba bontshitse jang tumelo le go boifa Modimo?
6 Fa nako e ntse e ya, Modimo o ne a bolelela Noa ka tshwetso ya gagwe ya go tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, a fedisa nama yotlhe. (Gen. 6:13, 17) Jehofa o ne a laela Noa gore a age areka e e tshwanang le letlole le legolo. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba simolola tiro eo. Ke eng se se neng sa ba thusa gore ba ikobe ba bo ba itshupe ba iketleeditse fa katlholo ya Modimo e tla?
7 Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke tumelo e e nonofileng le go boifa Modimo gore ba dire se Modimo a ba laetseng sone. (Gen. 6:22; Baheb. 11:7) E re ka Noa e ne e le tlhogo ya lelapa, o ne a nna a thantse semoyeng mme a tila ditiro tse di seng kafa molaong tse di neng di dirwa mo lefatsheng leo la bogologolo. (Gen. 6:9) O ne a itse gore lelapa la gagwe le ne le tshwanetse go ela tlhoko gore le se ka la etsa ditiro tsa thubakanyo le maikutlo a lenyatso a batho ba ba neng ba tshela le bone, ba neng ba na le one. Go ne go le botlhokwa gore ba se ka ba farafariwa ke ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Modimo o ne a ba neile tiro e ba neng ba tshwanetse go e dira, mme go ne go le botlhokwa gore e nne sone selo sa konokono se lelapa lotlhe le se dirang.—Bala Genesise 6:14, 18.
Noa le ba Lelapa la Gagwe Ba ne Ba Itshupa ba Iketleeditse
8. Ke eng se se bontshang gore maloko a lelapa la ga Noa a ne a na le boineelo jwa bomodimo?
8 Pego ya Baebele e bua thata ka tlhogo ya lelapa e bong Noa, mme le fa go ntse jalo, mosadi wa gagwe le bomorwawe le basadi ba bone le bone e ne e le baobamedi ba ga Jehofa. Moporofeti Esekiele o ne a tlhomamisa seo. O ne a re fa Noa a ka bo a tshedile mo motlheng wa ga Esekiele, bana ba gagwe ba ne ba ka se ka ba bolokiwa ka ntlha ya go siama ga rraabone. Ba ne ba godile mo ba ka kgonang go ikoba kgotsa go se ikobe. Ka jalo, ba ne ba bontshitse gore ba rata Modimo le ditsela tsa gagwe. (Esek. 14:19, 20) Ba lelapa la ga Noa ba ne ba amogela ditaelo tsa gagwe, ba ne ba na le tumelo e e tshwanang le ya gagwe mme ba ne ba sa letle tlhotlheletso ya batho ba bangwe go ba kgoreletsa go dira tiro e Modimo a ba neileng yone.
9. Re ka umaka dikao dife tsa motlha wa gompieno tsa tumelo e e tshwanang le ya ga Noa?
9 A bo go kgothatsa jang ne gompieno go bona ditlhogo tsa malapa mo diphuthegong tsa Bokeresete go ralala lefatshe di dira bojotlhe go etsa Noa! Ba lemoga gore ga go a lekana go tlamela fela ba malapa a bone ka dijo, diaparo, lefelo la bonno
le thuto. Gape ba tshwanetse go ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Fa ba dira jalo, ba tla bo ba itshupa gore ba iketleeditse se Jehofa a tla tlogang a se dira.10, 11. (a) Noa le lelapa la gagwe ba ne ba ikutlwa jang fa ba ntse ba le mo teng ga araka? (b) Go tla bo go le molemo gore re ipotse potso efe?
10 Noa, mosadi wa gagwe, bomorwawe le basadi ba bone ba ka tswa ba ile ba tsaya dingwaga di le 50 ba aga araka. Fa ba ntse ba aga araka ba tshwanetse ba bo ba ne ba tswa le go tsena mo go yone ka makgetlo a le mantsi. Ba ne ba dira gore e se ka ya tsenwa ke metsi, ba e tlatsa ka dijo ba bo ba tsenya diphologolo mo teng ga yone. Akanya ka tiragalo eno. Kgabagare letsatsi le legolo le a goroga. Ke letsatsi la bo 17 la kgwedi ya bobedi ka ngwaga wa 2370 B.C.E., mme ba tsena mo arakeng. Jehofa o tswala kgoro mme pula e simolola go na. Eno ga se pula fela e e tlwaelegileng. Dikgoro tsa morwalela tsa magodimo di a bulega, mme dipula tsa matsorotsoro di itayakaka araka. (Gen. 7:11, 16) Batho ba ba kwa ntle ga araka ba a swa, fa ba ba mo teng ga yone bone ba bolokiwa. Lelapa la ga Noa le ka tswa le ne le ikutlwa jang? Ba tshwanetse ba bo ba ile ba leboga Modimo go tswa kwa botennyeng jwa dipelo tsa bone. Mme ga go pelaelo gore ba ne ba akanya jaana, ‘Ruri go a itumedisa go bo re ile ra tsamaya le Modimo wa boammaaruri, ra bo ra itshupa re iketleeditse!’ (Gen. 6:9) A o ka ipona ka leitlho la mogopolo o setse o falotse Haramagedona, pelo ya gago e phophoma ka kanaanelo fela jaaka bone?
11 Ga go sepe se se ka thibeleng Mothatayotlhe go diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go tlisa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo ya ga Satane. Ipotse, ‘A ke ikanya Modimo ka botlalo gore a ka se palelwe ke go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, o tla di diragatsa tsotlhe ka nako e e tshwanetseng?’ Fa go ntse jalo, itshupe o iketleeditse ka go nna o akantse ka “letsatsi la ga Jehofa” le le atamelang ka bofefo.—2 Pet. 3:12.
Moshe O ne A Nna a Ntshitse Matlho Dinameng
12. Ke dilo dife tse di neng di ka itaya Moshe tsebe?
12 Mma re sekaseke sekao se sengwe gape. Fa o leba dilo ka tsela e batho ba di lebang ka yone, seemo se Moshe a neng a le mo go sone kwa Egepeto se ne se tla mo solegela molemo fela thata. E re ka a ile a godisiwa ke morwadia Faro, o tshwanetse a bo a ne a ratiwa thata, a itumelela dijo tse di monate, diaparo tsa maemo a a kwa godimo le go nna mo lefelong le le magasigasi. O ne a neilwe thuto ya maemo a a kwa godimo. (Bala Ditiro 7:20-22.) Gongwe o ne a tlile go amogela boswa jo bogolo.
13. Moshe o ile a kgona jang go nna a tlhomile mogopolo mo ditsholofetsong tsa Modimo?
13 Go bonala thuto e batsadi ba ga Moshe ba neng ba mo ruta yone fa a le monnye e ne ya mo thusa go lemoga gore kobamelo ya medingwana ya Baegepeto e ne e le ya maaka. (Ekes. 32:8) Thuto ya kwa Egepeto le magasigasi a ntlo ya segosi ga di a ka tsa dira gore Moshe a tlogele kobamelo ya boammaaruri. O tshwanetse a bo a ile a tlhatlhanya ka ditsholofetso tse Modimo a ileng a di solofetsa borraagwemogologolwane mme o ne a eletsa go itshupa a iketleeditse go dira thato ya Modimo. Kana e bile, Moshe o ne a bolelela bomorwa Iseraele jaana: “Jehofa Modimo . . . wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe, o nthomile kwa go lona.”—Bala Ekesodo 3:15-17.
14. Tumelo le bopelokgale jwa ga Moshe di ne tsa lekiwa jang?
14 Go farologana le ditshwantsho tsotlhe tse di neng di emela medimo e e sa tsheleng ya kwa Egepeto, Jehofa Modimo wa boammaaruri, e ne e le wa mmatota mo go Moshe. Moshe o ne a tshela e kete o kgona go bona “Ene yo o sa bonaleng.” O ne a na le tumelo ya gore batho ba Modimo ba tla gololwa, mme o ne a sa itse gore seo se tla direga leng. (Baheb. 11:24, 25, 27) Gore tota o ne a eletsa go bona Bahebera ba golotswe go ne ga bonala fa a ne a sireletsa motlhanka wa Moiseraele yo o neng a sotliwa. (Ekes. 2:11, 12) Le fa go ntse jalo, eo e ne e se nako e Modimo a neng a e tlhomile, ka jalo, Moshe o ne a tshwanela ke go tshela e le motshabi kwa nageng e e kgakalakgakala. Ga go pelaelo gore go ne go le thata gore a tlogele botshelo jwa manobonobo jwa kwa ntlong ya segosi kwa Egepeto mme a bo a tshela kwa nageng. Mme gone, Moshe o ne a itshupa a iketleeditse go latela taelo nngwe le nngwe e Jehofa a neng a mo neile yone. Ka jalo, Modimo o ne a ka mo dirisa gore a golole bomorwarraagwe, morago ga dingwaga di le 40 tse a di feditseng kwa Midiane. Moshe o ne a ikobela taelo ya Modimo ya gore a boele kwa Egepeto. Jaanong e ne e le nako ya gore Moshe a diragatse taelo ya ga Jehofa, le gore a dire tiro ya Modimo ka tsela e Modimo a neng a batla ka yone. (Ekes. 3:2, 7, 8, 10) Fa Moshe, “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe” a setse a boetse kwa Egepeto, o ne a tlhoka tumelo le bopelokgale gore a eme fa pele ga Faro. (Dipa. 12:3) Ga a ka a dira jalo gangwe fela, mme o ne a nna a boela kwa go ene gangwe le gape fa dipetso di ntse di tsweletse, a sa itse gore morago ga petso nngwe le nngwe o ne a tla tshwanela go boela gakae fa pele ga ga Faro.
15. Le fa Moshe a ile a nna le dikgoreletsi, o ile a tlhotlhelediwa ke eng gore a nne a ipaakanyeditse go dirisa ditshono tse a di bonang go tlotla Rraagwe yo o kwa legodimong?
15 Mo dingwageng di le 40 tse di latelang go simolola ka 1513 B.C.E. go ya go 1473 B.C.E., Moshe o ile a nna a swabisiwa. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a batla ditshono tse a ka tlotlang Jehofa ka tsone le go rotloetsa Baiseraele mmogo le ene gore ba dire jalo. (Dute. 31:1-8) Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a rata leina la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe go gaisa leina la gagwe ka boene. (Ekes. 32:10-13; Dipa. 14:11-16) Le rona re tshwanetse go tswelela re ema bolaodi jwa Modimo nokeng, re tlhatswegile pelo gore tsela ya gagwe ya go dira dilo e botlhale go gaisa ya rona, e siame, e bile e di gaisa tsotlhe, go sa kgathalesege maswabi kgotsa dikgoreletsi tse re ka lebanang le tsone. (Isa. 55:8-11; Jer. 10:23) A o ikutlwa ka tsela eo?
Nna o Tsogile!
16, 17. Ke eng fa Mareko 13:35-37 e na le bokao jo bogolo mo go wena?
16 “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng.” (Mar. 13:33) Jesu o ne a naya tlhagiso eno fa a ne a tlhalosa sesupo se se neng se tla tshwaya bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Akanya ka mafoko ano a a konelang a ga Jesu a boporofeti jo bogolo jo bo kwadilweng ke Mareko: “Nnang lo disitse, gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng, e ka ne e le maitseboa kgotsa bosigogare kgotsa fa mokoko o lela kgotsa go sa le phakela; gore fa a goroga ka tshoganyetso, a se lo fitlhele lo robetse. Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.”—Mar. 13:35-37.
17 Kgothatso ya ga Jesu e dira gore motho a akanye. O ne a bua ka dinako di le nnè tsa go disa tse
di farologaneng tsa bosigo. Nako ya bofelo ya go disa e dira gore go nne thata gore motho a nne a tsogile ka gonne e simolola ka ura ya boraro mo mosong go fitlha fa le letsatsi le tlhaba. Batho ba ba itseng ntwa ba tsaya eno e le nako e e siameng thata ya go tlhasela mmaba, e re ka e ba naya tshono e e molemolemo ya go ba fitlhela ba “robetse.” Ka tsela e e tshwanang, le jaanong fa bontsi jwa batho ba sa batle go reetsa molaetsa wa Bogosi, re ka nna ra fitlhela go le thata go kgaratlhela go nna re tsogile. A re na le pelaelo ya gore re tshwanetse go ‘nna re tsogile’ le go ‘nna re lebile,’ gore re bone bokhutlo le kgololo ya rona tse di boleletsweng pele?18. Rona Basupi ba ga Jehofa, re na le tshiamelo efe e e ka se lekanngweng le epe?
18 Mothapisi wa diphologolo yo o umakilweng kwa tshimologong o ne a falola tlhaselo ya nkwe eo. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa Baebele bo tlhalosa sentle gore bodumedi jwa maaka le tsamaiso yotlhe e e boikepo ya dilo ga di kitla di falola bokhutlo jo bo ntseng bo atamela. (Tshen. 18:4-8) E kete batlhanka botlhe ba Modimo, ba bannye le ba bagolo, ba ka bona botlhokwa jwa go dira sotlhe se ba se kgonang go itshupa ba iketleeleditse letsatsi la ga Jehofa fela jaaka Noa le lelapa la gagwe. Re tshela mo lefatsheng le le sa tlotleng Modimo le mo go lone barutisi ba maaka ba bodumedi le batho ba ba dumelang gore Modimo ke masaitsiweng mmogo le balatolamodimo, ba buang ka tsela e e sotlang Mmopi. Mme re ka se ipeye mo kotsing ya go tshwaediwa ke dipuo tse di ntseng jalo. A re tseyeng tsia dikao tse re ithutileng ka tsone mme re nne re ipaakanyeditse go dirisa ditshono tse re ka di bonang, gore re femele re bo re tlotlomatse Jehofa e le “Modimo wa medimo,” ee, “Modimo yo mogolo, yo o thata le yo o boitshegang.”—Dute. 10:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Gore o bone dintlha tse di tlhalosang “dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi” tse di umakilweng mo go Genesise 6:3, bona Tora ya Tebelo ya December 15, 2010, tsebe 30.
A o A Gakologelwa?
• Ke eng fa Noa a ne a tshwanetse go dira gore dilo tsa semoya e nne tsone tse di tlang pele mo lelapeng la gagwe?
• Metlha ya rona e tshwana jang le ya ga Noa ka tsela e e tlhomologileng?
• Ke eng fa Moshe a ile a nna a tlhomile matlho mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa le fa a ne a swabisiwa?
• Ke boporofeti bofe jwa Baebele jo bo go tlhotlheletsang go nna o tsogile semoyeng?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Noa le lelapa la gagwe ba ne ba nna ba tlhomile mogopolo mo tirong ya ga Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ditsholofetso tsa Modimo tse di tlhomameng di thusitse Moshe gore a nne a tsogile