Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o re Bontsha Molemo wa Lorato Lwa Gagwe

Modimo o re Bontsha Molemo wa Lorato Lwa Gagwe

Modimo o re Bontsha Molemo wa Lorato Lwa Gagwe

‘Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang bo tla busa jaaka kgosi ka tshiamo ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng.’—BAR. 5:21.

1, 2. Ke dimpho dife tse pedi tse motho a ka akanyang thata ka tsone, mme e e botlhokwa mo go tsone ke efe?

“BOSWA jo bogolo jo Baroma . . . ba bo tlogeletseng dikokomana tse di latelang [e ne e le] molao wa bone le boikutlo jo ba neng ba na le jone jwa gore motho o tshwanetse go tshela botshelo go ya ka molao.” (Dr. David J. Williams wa Yunibesithi ya Melbourne, kwa Australia) Le fa seo se ka tswa se le boammaaruri kgotsa nnyaa, go na le boswa kgotsa mpho e e tlhwatlhwakgolo go gaisa. Mpho eno ke se Modimo a re diretseng sone gore a re amogele le gore re nne le boemo jo bo siameng le ene le tsholofelo ya go bona poloko le botshelo jo bo sa khutleng.

2 Ka tsela nngwe go ne go na le dikarolo tsa semolao tsa gore Modimo o dirile jang gore mpho eno e nne gone. Mo kgaolong ya botlhano ya Baroma, moaposetoloi Paulo ga a ka a tlhalosa dikarolo tseno e le melao e meleele e e lapisang pelo. Go na le moo, o ne a simolola ka mafoko ano a a kgatlhang: “Re boletswe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo, [ka jalo] a re ipeleleng kagiso le Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete.” Batho ba ba amogelang mpho ya Modimo ba tlhotlheletsega go mo rata fela jaaka le ene a ba ratile. Paulo e ne e le mongwe wa bone. O ne a kwala jaana: “Lorato lwa Modimo lo tshololetswe mo dipelong tsa rona ka moya o o boitshepo.”—Bar. 5:1, 5.

3. Ke dipotso dife tse di ka nnang tsa tsoga?

3 Le fa go ntse jalo, ke eng fa mpho eno e e lorato e ne e tlhokega? Modimo o ne a ka e ntsha jang ka tsela e e bontshang tshiamiso le e e tla solegelang batho botlhe molemo? Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go dira eng gore a tshwanelegele go amogela mpho eo? Mma re batleng dikarabo tse di kgotsofatsang mme re bone kafa di gatelelang lorato lwa Modimo ka gone.

Lorato Lwa Modimo fa lo Bapisiwa le Boleo

4, 5. (a) Jehofa o bontshitse lorato lwa gagwe ka tsela efe e kgolo? (b) Ke kitso efe e e ka re thusang go tlhaloganya Baroma 5:12?

4 Jehofa o bontshitse lorato lo logolo ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tla go thusa batho. Paulo o ne a tlhalosa seo jaana: “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Bar. 5:8) Akanya ka ntlha nngwe e e tlhalositsweng foo: “Re ne re sa ntse re le baleofi.” Batho botlhe ba tshwanetse go itse gore re nnile baleofi jang.

5 Paulo o ne a tlhalosa kgang eno a simolola ka ntlha eno: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Bar. 5:12) Re kgona go tlhaloganya seo ka gonne Modimo o ne a dira gore go kwalwe pego ya kafa botshelo jwa batho bo simologileng ka gone. Jehofa o ne a bopa batho ba babedi e bong Adame le Efa. Mmopi o itekanetse mme go ne go ntse jalo le ka bagologolwane ba rona ba ntlha. Modimo o ne a ba naya taelo e le nngwe e e tlhamaletseng a bo a ba bolelela gore go se ikobele taelo eo go tla felela ka loso. (Gen. 2:17) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhopha go se ikobele molao, ba tlola molao wa Modimo o o utlwalang mme ka go dira jalo ba gana gore e nne Moneimolao le Molaodimogolo wa bone.—Dute. 32:4, 5.

6. (a) Ke eng fa ditlogolwana tsa ga Adame di ne di swa pele ga Modimo a ba naya Molao wa ga Moshe le morago ga foo? (b) Bolwetse jo bo tshwanang le jwa hemophilia bo ka tshwantshanngwa le eng?

6 Adame o ne a tshola bana morago ga gore a nne moleofi mme a fetisetsa boleo le diphelelo tsa jone mo go bone botlhe. Mme gone, ba ne ba sa tlola molao wa Modimo jaaka Adame a ne a dirile, ka jalo ga ba a ka ba atlholelwa boleo joo; e bile ba ne ba ise ba newe molao ope. (Gen. 2:17) Le fa go ntse jalo, ditlogolwana tsa ga Adame le tsone di ruile boleo. Ka jalo, batho ba ne ba nna ba leofa e bile ba swa go fitlha Modimo a naya Baiseraele molao o o neng o ba bontsha sentle gore ke baleofi. (Bala Baroma 5:13, 14.) Diphelelo tsa boleo jo re bo ruileng di ka tshwantshanngwa le bolwetse kana bogole jo batsadi ba bo fetisetsang mo baneng, jo bo jaaka bolwetse jwa Mediterranean anemia, kgotsa jwa hemophilia. Gongwe o kile wa bala ka Alexis, morwa wa Mmusimogolo wa kwa Russia e bong Nicholas II le Alexandra, yo o neng a gotsitse bolwetse jwa hemophilia. Ke boammaaruri gore le mo malapeng a a ntseng jalo, ga se bana botlhe ba ba tshwarwang ke malwetse ao, mme gone ba ka nna ba bo ba na le jone mo dijining. Ga go a nna jalo ka boleo. Ga go ope yo o ka tilang diphelelo tsa boleo jo re bo ruileng mo go Adame. Botlhe ba utlwa manokonoko a jone. Ka gale ditlamorago tsa jone di kotsi. Mme bo fetisediwa mo baneng botlhe. A go tla direga gore re fenye boemo joo?

Se Modimo a re Neileng Sone ka Jesu Keresete

7, 8. Se batho ba babedi ba ba itekanetseng ba se dirileng se nnile jang le diphelelo tse di sa tshwaneng?

7 Jehofa o bontshitse batho lorato ka go ba rulaganyetsa kgololo gore ba fenye boleo jo ba bo ruileng. Paulo o ne a tlhalosa gore Modimo o ne a tla kgona go dira seo ka go dirisa motho yo o itekanetseng yo o neng a tla tla moragonyana—Adame wa bobedi. (1 Bakor. 15:45) Mme tsela e batho bano ba babedi ba tshetseng ka yone e tlisitse diphelelo tse di sa tshwaneng. Jang?—Bala Baroma 5:15, 16.

8 Paulo o ne a re: “Ga go a nna jalo ka mpho jaaka go ne go ntse ka tlolo.” Adame o ne a le molato wa tlolo eo, mme o ne a amogela kotlhao e e tshwanetseng—o ne a swa. Le fa go ntse jalo, ga se ene fela yo o neng a swa. Re bala jaana: “Ba le bantsi ba ne ba swa ka tlolo ya motho [yoo] a le mongwe.” Ditlogolwana tsotlhe tse di sa itekanelang tsa ga Adame, go akaretsa le rona, di ne tsa tshwanelwa ke go amogela kotlhao eo e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, re ka gomodiwa ke go itse gore motho yo o itekanetseng e bong Jesu a ka dira gore go nne le diphelelo tse di sa tshwaneng le tsa ga Adame. Diphelelo tseo ke dife? Re bona karabo mo go se Paulo a se umakileng fa a re batho ba mefuta yotlhe ‘ba tla bolelwa e le ba ba siametseng botshelo.’Bar. 5:18.

9. Go ya ka Baroma 5:16, 18, Modimo o ne a dira eng go bolela batho ba siame?

9 Bokao jwa konokono jwa mafoko a Segerika a a mo dipolelwaneng tseno, “mo polelong ya tshiamo” le ‘go bolelwa e le ba ba siameng’ ke bofe? Moranodi mongwe wa Baebele o ne a kwala jaana ka kgopolo eo: “Ke tshwantshiso ya semolao e bile ga se lefoko la semolao fela mme gape le tsamaisana le dilo tsa semolao. E bolela ka go fetoga ga boemo jwa motho malebana le tsela e Modimo a mo lebang ka yone, e seng gore tota motho o fetogile . . . Tshwantshiso eo e tshwantshanya Modimo le moatlhodi yo o dirileng tshwetso ya go utlwela botlhoko molatofadiwa yo re ka reng o tlisitswe mo kgotlatshekelong ya Modimo, yo o latofadiwang ka tshiamololo nngwe. Mme Modimo ga a bone molatofadiwa molato.”

10. Jesu o ne a dira eng se se neng sa nna motheo wa gore batho ba bolelwe ba siame?

10 “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” o ne a ka bona batho ba ba sa siamang ba se molato mo motheong ofe? (Gen. 18:25) Kgato ya ntlha e Modimo a e tsereng go bolela batho ba siame, ke ka go ba bontsha lorato ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng. Jesu o ne a dira thato ya ga Rraagwe ka botlalo fa a ne a lebane le dithaelo, a kgobiwa ka tsela e e botlhoko e bile a sotliwa. O ne a nna a thokgame tota le fa a ne a tshwanelwa ke go swa mo koteng ya tlhokofatso. (Baheb. 2:10) Fa Jesu a ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo, o ne a ntsha thekololo e e neng e ka golola bana ba ga Adame mo boleong le mo losong.—Math. 20:28; Bar. 5:6-8.

11. Thekololo e tshwanetse go lekana le eng?

11 Mo temaneng e nngwe gape, Paulo o ne a re seo ke “thekololo e e lekanang.” (1 Tim. 2:6) Thekololo eo e ne e lekana le eng? Adame o ne a dira gore dibilionebilione tsa batho tse e neng e le ditlogolwana tsa gagwe, di nne le boleo di bo di swe. Ke boammaaruri gore e re ka Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng o ne a ka nna le dibilionebilione tsa ditlogolwana tse di itekanetseng. * Ka jalo, pele go ne go akanngwa gore botshelo jwa ga Jesu mmogo le jwa ditlogolwana tse di itekanetseng tse a neng a ka nna le tsone, e ne ya nna setlhabelo se se lekanang le se Adame le ditlogolwana tsa gagwe tse di sa itekanelang di se ntshitseng. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bue sepe ka gore bana ba Jesu a neng a ka nna le bone e ne e le karolo ya thekololo eo. Baroma 5:15-19 e bolela gore loso lwa “motho a le mongwe” fela lo ne lwa golola batho. Eleruri, botshelo jo bo itekanetseng jwa ga Jesu bo ne bo lekana le jwa ga Adame. Kgololo e ne e tla tla ka Jesu Keresete e bile ke ene fela yo o neng a tshwanetse go re golola. Ka ntlha ya “tiro e le nngwe fela ya tshiamo” e Jesu a e dirileng e leng ya go ikoba le go ikanyega go isa losong, go ne ga kgonega gore batho ba mefuta yotlhe ba amogele mpho ya mahala le botshelo. (2 Bakor. 5:14, 15; 1 Pet. 3:18) Modimo o golola jang balatofadiwa?

Go Gololwa ka Thekololo

12, 13. Ke ka ntlha yang fa ba ba bolelwang ba siame ba tlhoka bopelotlhomogi le lorato lwa Modimo?

12 Jehofa Modimo o ne a amogela setlhabelo sa thekololo se Morwawe a se ntshitseng. (Baheb. 9:24; 10:10, 12) Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Jesu ba mo lefatsheng, go akaretsa le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba nna ba sa itekanela. Le fa ba ne ba leka ka natla go tila go dira diphoso ga se ka dinako tsotlhe ba neng ba atlega. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba ruile boleo. (Bar. 7:18-20) Mme gone, Modimo o ne a ka kgona go dira sengwe ka gone e bile o ne a dira sengwe. O ne a amogela “thekololo e e lekanang” mme o ne a iketleeleditse go e dirisa gore e solegele batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng molemo.

13 E ne e se gore Modimo o ne a tshwanetse go dirisa thekololo gore e solegele baaposetoloi le batho ba bangwe molemo ka gonne ba ne ba dirile ditiro dingwe tse di molemo. Go na le moo, Modimo o ne a dirisa thekololo eo ka ntlha ya bopelotlhomogi le ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo logolo mo boemong jwa bone. O ne a tlhopha go golola baaposetoloi le batho ba bangwe mo kotlhaong e e neng e ba lebane, a ba tsaya e le ba ba itshwaretsweng molato o ba o goditseng. Paulo o ne a re: “Ka bopelonomi jono jo bo sa re tshwanelang, eleruri, lo bolokilwe ka tumelo; mme seno e se ka ntlha ya lona, ke mpho ya Modimo.”—Baef. 2:8.

14, 15. Ba Modimo a ba bolelang ba siame ba tla amogela tuelo efe, mme gone ba sa ntse ba tshwanetse go dira eng?

14 Akanya fela ka fa mpho eo e leng molemo ka gone gore Mothatayotlhe a kgone go itshwarela motho yo o ruileng boleo go akaretsa le diphoso tse a di dirileng! O ka se kgone go bala maleo a batho ba a dirileng pele e nna Bakeresete; le fa go ntse jalo Modimo a ka itshwarela maleo ao mo motheong wa setlhabelo. Paulo o ne a kwala jaana: “Mpho e ne ya nna gone ka ntlha ya ditlolo di le dintsi mo polelong ya tshiamo.” (Bar. 5:16) Baaposetoloi le batho ba bangwe ba ba amogelang mpho eno e e lorato, (ya go bolelwa ba siame) ba ne ba tla tshwanelwa ke go tswelela ba obamela Modimo wa boammaaruri ka tumelo. Mme mo isagweng ba ne ba tla amogela tuelo efe? “Ba ba amogelang letlotlo la bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le la mpho ya mahala ya tshiamo ba tla busa e le dikgosi ba le mo botshelong ka motho a le mongwe, e bong Jesu Keresete.” Eleruri mpho ya tshiamo e na le diphelelo tse di farologaneng le tse boleo jwa ga Adame bo re leretseng tsone. Mpho eno yone e re naya botshelo.—Bar. 5:17; bala Luke 22:28-30.

15 Ba ba amogelang mpho eo, ka gonne ba bolelwa ba siame, ba nna bomorwa Modimo ba semoya. E re ka e le baruaboswammogo le Keresete, ba na le tsholofelo ya go tsosediwa kwa legodimong e le barwa ba moya ba mmatota gore ba ‘buse e le dikgosi’ le Jesu Keresete.—Bala Baroma 8:15-17, 23.

Modimo o Bontsha ba Bangwe Lorato Lwa Gagwe

16. Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ka amogela jang mpho eo?

16 Ga se botlhe ba ba dumelang mo Modimong e bile ba mo direla e le Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba solofetseng go “busa e le dikgosi” le Keresete kwa legodimong. Bontsi jwa bone bo na le tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng e e tshwanang le e batlhanka ba Modimo ba pele ga motlha wa Bakeresete ba neng ba na le yone. Ba solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. A le e leng gone jaanong ba ka amogela mpho e e lorato e e tswang kwa Modimong mme ba tsewa ba siame le fa ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng? Fa re akanya ka se Paulo a se kwaletseng Baroma, re ka araba re tlhomamisegile ka go re ee!

17, 18. (a) E re ka Aborahame a ne a na le tumelo, Modimo o ne a mo leba jang? (b) Ke jang Jehofa a neng a ka leba Aborahame a siame?

17 Paulo o ne a bolela ka sekao se se tlhomologileng sa ga Aborahame, monna wa tumelo yo o neng a tshela pele ga Jehofa a naya Baiseraele molao le pele ga Keresete a dira gore batho bangwe ba nne le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. (Baheb. 10:19, 20) Re bala jaana: “E ne e se ka molao go bo Aborahame kgotsa losika lwa gagwe lo na le tsholofetso ya gore lo tshwanetse go nna moruaboswa wa lefatshe, mme e ne e le ka tshiamo ka tumelo.” (Bar. 4:13; Jak. 2:23, 24) Ka jalo, Modimo o ne a kaya Aborahame yo o ikanyegang a siame.—Bala Baroma 4:20-22.

18 Seo ga se reye gore fa Aborahame a ne a ntse a direla Jehofa ka masomesome a dingwaga, o ne a se na boleo. O ne a sa siama ka tsela eo. (Bar. 3:10, 23) Le fa go ntse jalo, e re ka Jehofa a na le botlhale jo bo se nang selekanyo, o ne a lemoga tumelo e e tlhomologileng ya ga Aborahame le ditiro tsa gagwe tse di neng di bontsha tumelo. Aborahame o ne a dumela gore “losika” lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tswa mo lotsong lwa gagwe. Losika loo e ne ya nna Mesia, kgotsa Keresete. (Gen. 15:6; 22:15-18) Ka jalo, e re ka Modimo e le Moatlhodi o kgona go itshwarela maleo a a diregileng mo nakong e e fetileng, mo motheong wa “thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.” Ka gone, Aborahame le banna ba bangwe ba tumelo ba ba neng ba tshela pele ga motlha wa Bokeresete, ba emetse tsogo.—Bala Baroma 3:24, 25; Pes. 32:1, 2.

Nna le Boemo jo bo Siameng Gone Jaanong

19. Ke eng fa tsela e Modimo a neng a leba Aborahame ka yone e tshwanetse go kgothatsa ba le bantsi gompieno?

19 Kgang ya gore Modimo yo o lorato o kaile Aborahame a siame e tshwanetse go kgothatsa Bakeresete ba boammaaruri gompieno. Jehofa ga a ka a bolela Aborahame a siame ka tsela e e tshwanang le e a bolelang ba a ba tlotsang ka moya gore e nne ‘baruaboswammogo le Keresete ba siame ka yone.’ Setlhopha seo sa palo e e lekanyeditsweng ke “ba ba biditsweng gore e nne baitshepi” mme se amogelwa e le “bana ba Modimo.” (Bar. 1:7; 8:14, 17, 33) Go farologana le bone, Aborahame ene e ne ya nna “tsala ya ga Jehofa” tota le pele ga setlhabelo sa thekololo se ntshiwa. (Jak. 2:23; Isa. 41:8) Ka jalo, go tweng ka Bakeresete ba boammaaruri ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo Paradaiseng e e tsosolositsweng mo lefatsheng?

20. Modimo o lebeletse eng mo go ba gompieno a ba lebang ba siame fela jaaka a ne a leba Aborahame?

20 Bakeresete bano bone ga ba a ka ba amogela “mpho ya mahala [ya] go bo ba bolelwa e le ba ba siameng” ya go nna le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong “ka go gololwa ka thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.” (Bar. 3:24; 5:15, 17) Le fa go ntse jalo, ba bontsha tumelo e kgolo mo Modimong le mo go se a ba nayang sone, gape ba supa tumelo ya bone ka ditiro tse di molemo. Nngwe ya ditiro tseo ke go ‘rera bogosi jwa Modimo, le go ruta batho dilo tse di leng ka ga Morena Jesu Keresete.’ (Dit. 28:31) Ka jalo, Jehofa a ka leba bano ba siame go ya ka tsela e a neng a leba Aborahame ka yone. Mpho e batho bano ba e amogelang—botsalano le Modimo—ga e tshwane le “mpho ya mahala” e e amogelwang ke ba ba tloditsweng. Le fa go ntse jalo, ruri ke mpho e ba e amogelang ka boitumelo jo bogolo.

21. Lorato lwa ga Jehofa le tshiamiso ya gagwe di dira gore re bone melemo efe?

21 Fa o na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, o tshwanetse go lemoga gore tshono eo ga se e o ka e newang fela ke mmusi mongwe wa motho. Go na le moo, e bontsha boikaelelo jo bo botlhale jwa Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. Jehofa o dirile dilo kgato ka kgato gore a fitlhelele boikaelelo jwa gagwe. Se a se dirileng se tsamaisana le tshiamiso ya gagwe ya boammaaruri. Mo godimo ga moo, se bontsha lorato lwa Modimo lo logolo. Go a tshwanela gore Paulo a re: “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.”—Bar. 5:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Ka sekai, tsela e pele go neng go tlhalosiwa kgang ya ditlogolwana ka yone e tlhaga mo go Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 736, serapa 4 le 5.

A o A Gakologelwa?

• Ditlogolwana tsa ga Adame di amogetse boswa bofe, mme seo se nnile le diphelelo dife?

• Thekololo e e lekanang e ntshitswe jang, mme ke jang re ka reng e lekana le le se se neng se re latlhegetse?

• Mpho ya go bolelwa o siame e go tliseditse tsholofelo efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Monna yo o itekanetseng e bong Adame o ne a leofa. Monna yo o itekanetseng e bong Jesu o ntshitse “thekololo e e lekanang”

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dikgang tse di molemo ruri—re ka bolelwa re siame ka Jesu!