Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Ke dintlha dife tse tharo tse di ka re thusang go tila mokgwa wa go sa ikanyege?

Ke tseno: (1) Go boifa Modimo ka tsela e e siameng. (1 Pet. 3:12) (2) Go nna le segakolodi se se thapisitsweng ke Baebele. (3) Go dira ka natla go kgotsofalela se o nang le sone.—4/15, tsebe 6-7.

• Re itse jang gore go direla Modimo ka bomasisi ga go kaye gore ka metlha re tshwanetse go lebega re se botsalano le gore re se ka ra nna le nako ya go ijesa monate?

Re ka akanya ka sekai sa ga Jesu. O ne a itumelela go iketla le ba bangwe, ba ja dijo mmogo. Re a itse gore o ne a le botsalano. Batho ba bangwe, tota le bana, ba ne ba itumelela go tla kwa go ene.—4/15, tsebe 10.

• Banyalani ba ka dira eng fa go lebega kamano ya bone e koafetse morago ga go nna le bana?

Ba tshwanetse go tlhomamisetsana gore ba a ratana. Monna o tshwanetse go thusa mosadi wa gagwe gore a se ka a ipelaela. Boobabedi ba tlhoka go dira ka natla gore ba buisane ka se ba se tlhokang mo maikutlong le mo mmeleng.—5/1, tsebe 12-13.

• Ke eng se se tshwantshediwang ke setlhare sa motlhware mo go Baroma kgaolo 11?

Setlhare sa motlhware se emela karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame, Iseraele wa semoya. Jehofa o tshwana le modi mme Jesu o tshwana le kutu ya setlhare seno sa tshwantshetso. Fa bontsi jwa Bajuda ba gana Jesu, Basokologi ba ba neng ba nna badumedi ba ne ba kgona go lomelelwa, ka jalo ba dira palo e e tletseng ya karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame.—5/15, tsebe 22-25.

• Re ka bolelela bahumanegi dikgang dife tse di molemo?

Dikgang tse di molemo ke gore: Modimo o tlhomile Jesu e le Kgosi. Ke Mmusi yo o tshwanelegang gore a ka fedisa khumanego. Ka ntlha yang? Ka gonne o tla busa batho botlhe e bile o na le maatla a go dira jalo; o tlhomogela bahumanegi pelo; a ka tlosa se se bakang khumanego, tshekamelo e re e ruileng ya go batla go itsholegela molemo re le rosi.—6/1, tsebe 7.

• Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bolelela Kaiafase a re: “Wena ka bowena o go buile”?—Math. 26:63, 64.

Go bonala mafoko a a reng, “wena ka bowena o go buile” e ne e le polelwana e e tlwaelegileng mo Bajudeng fa ba tlhomamisa gore sengwe se boammaaruri. Moperesiti yo Mogolo e bong Kaiafase o ne a boditse Jesu gore a ke Keresete Morwa Modimo. Fa Jesu a mo araba a re: “Wena ka bowena o go buile,” go ne go tshwana le gore o ne a mo raya a re ee.—6/1, tsebe 18.

• A bana ba Jesu a neng a ka nna le bone ke karolo ya thekololo?

Nnyaa. Le fa Jesu a ka bo a nnile le ditlogolwana tse di itekanetseng di le dibilione, bana ba a neng a ka nna le bone ga se karolo ya thekololo. Botshelo jo bo itekanetseng jwa ga Jesu ke jone fela jo bo lekanang le jwa ga Adame. (1 Tim. 2:6)—6/15, tsebe 13.

• Bakeresete ba ka bontsha jang gore ba reetsa tlhagiso e e ka ga baruti ba maaka e e kwadilweng mo go Ditiro 20:29, 30?

Ga ba amogele baruti ba maaka mo matlong a bone e bile ga ba ba dumedise. (Bar. 16:17; 2 Joh. 9-11) Bakeresete ba tila dikgatiso tsa batlhanogi, dithulaganyo tsa thelebishene tse ba tlhagelelang mo go tsone le di-Web site tse di nang le dithuto tsa bone.—7/15, tsebe 15-16.

• Ke mang yo o tshwanetseng go ruta bana ka Modimo?

Rre le mmè ba na le boikarabelo jwa go dira jalo, go dumalana le kgakololo ya Baebele. (Dia. 1:8; Baef. 6:4) Dipatlisiso di bontsha gore fa batsadi ka bobedi ba nna le seabe mo go ruteng bana, bana ba tla solegelwa molemo.—8/1, tsebe 6-7.