Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke tshwanetse go dira eng fa ke na le potso ka ga sengwe se ke se badileng mo Baebeleng kgotsa fa ke tlhoka kgakololo nngwe ka bothata bongwe jo ke nang le jone?

Diane 2:1-5 e rotloetsa mongwe le mongwe wa rona gore a ‘nne a batle’ temogo le tlhaloganyo jaaka e kete o batla “matlotlo a a fitlhegileng.” Seno se raya gore re tshwanetse go dira ka natla fa re batlisisa dikarabo tsa dipotso tse re nang le tsone tsa Baebele le fa re batla tharabololo ya mathata a re nang le one. Re ka dira seno jang?

Buka ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, tsebe 33 go ya go 38 e sekaseka “Tsela ya go Dira Dipatlisiso” ka go dirisa didirisiwa tse re di neilweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Tsebe 36 e tlhalosa kafa re ka dirisang Watch Tower Publications Index ka gone, mme index eno e na le lenaane la ditlhogo le ditemana. Seno se re thusa gore re kgone go dira patlisiso gongwe re dirisa mafoko a konokono kgotsa ditemana tsa Baebele, mme e tla re bontsha gore ke setlhogo sefe kgotsa buka efe e e nang le karabo ya potso e re nang le yone. Nna pelotelele fa o batla karabo e e tlhamaletseng kgotsa kaelo nngwe e o e tlhokang. Gakologelwa gore o batla “matlotlo a a fitlhegileng” mme seo se tlhoka nako le go tseelwa matsapa.

Gone ke boammaaruri gore go na le dikgang dingwe le ditemana dingwe tse dikgatiso tsa rona di sa tlotlang ka tsone ka tlhamalalo. Mme tota le fa re ka tswa re akgetse ka temana e e rileng ya Baebele, re ka tswa re sa araba potso e e rileng e o nang le yone mo mogopolong. Gape go na le dipego dingwe tsa Baebele tse di tsosang dipotso ka gonne go sa kwalwa dintlha tsotlhe mo Baebeleng. Ka jalo, re ka se bone dikarabo tse di tlhamaletseng tsa potso nngwe le nngwe e e ka tlhagang. Fa go ntse jalo, re tshwanetse go tila go fopholetsa dilo tse re se nang dikarabo tsa tsone, e se re gongwe ra nna le seabe mo dikganetsanong “tse di tsosang dipotso tse di tlhokang go batlisisiwa go na le gore Modimo a abe sengwe ka ga tumelo.” (1 Tim. 1:4; 2 Tim. 2:23; Tito 3:9) Ofisi ya lekala le ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ga di kitla di kgona go sekaseka dikarabo tsa dipotso tsotlhe tse go sa tlotliwang ka tsone mo dikgatisong tsa rona. Re ka tlhomamisega gore Baebele e re naya tshedimosetso e e lekaneng go re kaela mo botshelong mme dilo tse re sa di tlhaloganyeng di re naya tshono ya gore re nne le tumelo e e nonofileng mo Modimong e le Mokwadi wa yone.—Bona tsebe 185 go ya go 187 ya buka ya Atamalana le Jehofa.

Go tweng fa o dirile sotlhe se o ka se kgonang go batlisisa kgang nngwe e e go amang le fa go ntse jalo, o bo o sa fitlhele kaelo kgotsa tharabololo e o e tlhokang? Ikutlwe o gololesegile go bua le modumedimmogo le wena yo o godileng sentle, gongwe mongwe wa bagolwane ba phuthego ya lona. Ba na le kitso e ntsi ka Baebele le maitemogelo a botshelo jwa Bokeresete. Thuso ya bone e e tshwanetseng e tla go thusa segolobogolo fa o tlhoka kgakololo ka bothata bongwe jo o ka tswang o na le jone kgotsa tshwetso nngwe e o tshwanetseng go e dira, ka gonne ba a go itse e bile ba gaufi le wena mme ba tlhaloganya boemo jwa gago. Le ka motlha, o se ka wa lebala go rapela Jehofa ka dilo tse o tshwenyegileng ka tsone mme o mo kope gore a kaele mogopolo wa gago ka moya wa gagwe o o boitshepo, “gonne Jehofa o naya botlhale . . . le temogo.”—Dia. 2:6; Luke 11:13.