Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Nna Pelokgale O bo O Nonofe Thata’

‘Nna Pelokgale O bo O Nonofe Thata’

‘Nna Pelokgale O bo O Nonofe Thata’

“O nne pelokgale o bo o nonofe thata . . . Jehofa Modimo wa gago o na le wena.”—JOSH. 1:7-9.

O TLA ARABA JANG?

Enoke le Noa ba ne ba bontsha bopelokgale ka ditsela dife?

Basadi bangwe ba metlha ya bogologolo ba ne ba tlhoma jang sekao sa tumelo le sa bopelokgale?

O kgatlhiwa ke dikao dife tsa basha ba ba bontshang bopelokgale?

1, 2. (a) Ke eng se ka dinako dingwe se tlhokegang gore re nne re dire se se siameng mo botshelong? (b) Re tla sekaseka eng?

BOPELOKGALE bo farologana le poifo, ditlhong le boboi. Re ka akanya gore motho yo o pelokgale ke yo o nang le maatla, yo o segatlhamelamasisi e bile a sa tshabe sepe. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe bopelokgale bo a tlhokega, fela gore re nne re dire se se siameng mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.

2 Batho bangwe ba go builweng ka bone mo Baebeleng ba ne ba sa boife sepe le fa ba lebane le maemo a a thata. Ba bangwe ba ne ba bontsha bopelokgale mo maemong a a tlwaelegileng a batlhanka ba ga Jehofa ba lebanang le one letsatsi le letsatsi. Re ka ithuta eng mo dikaong tse di mo Baebeleng tsa bopelokgale? Ke jang re ka nnang pelokgale?

BASUPI BA BA PELOKGALE MO LEFATSHENG LE LE BOIKEPO

3. Enoke o ne a bolelelapele gore batho ba ba boikepo ba tla diragalelwa ke eng?

3 Pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, go ne go tlhoka bopelokgale go nna mosupi wa ga Jehofa mo gare ga batho ba ba boikepo mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, Enoke yo e neng e le “wa bosupa mo tlhatlhamanong go tswa kwa go Adame,” o ne a bolela molaetsa ono wa boporofeti ka bopelokgale: “Bona! Jehofa o ne a tla le dimiriate tsa gagwe tse di boitshepo, go tla go diragatsa katlholo mo go botlhe, le go supa baikepi botlhe ba le molato mabapi le ditiro tsotlhe tsa bone tsa boikepo tse ba di dirileng ka boikepo, le ka ga dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang tse baleofi ba e leng baikepi ba di buileng ka ene.” (Jude 14, 15) Enoke o ne a bua e kete boporofeti joo bo setse bo diragetse ka gonne o ne a tlhomamisegile gore bo tla diragala. Mme ruri batho ba ba boikepo ba ne ba ganyaolwa ke morwalela wa lefatshe lotlhe!

4. Noa o ne a “tsamaya le Modimo” go sa kgathalesege maemo afe?

4 Morwalela o ne wa tla ka ngwaga wa 2370 B.C.E., dingwaga tse di fetang 650 morago ga bodiredi jwa ga Enoke. Mo dingwageng tseo tse di fetang 650, Noa o ne a tsholwa, a nna le lelapa mme ene le bomorwawe ba aga areka. Baengele ba ba boikepo ba ne ba iphetotse batho, ba tlhakanela dikobo le basadi ba bantle mme ba nna le bana ba Banefilime le bone. Mo godimo ga moo, bosula jwa batho bo ne bo le bontsi mme lefatshe le ne la tlala thubakanyo. (Gen. 6:1-5, 9, 11) Le fa Noa a ne a tshela mo maemong ao, “o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri” mme a naya bosupi a sa boife sepe, e le “moreri wa tshiamo.” (Bala 2 Petere 2:4, 5.) Le rona re tlhoka bopelokgale jo bo ntseng jalo mo metlheng eno ya bofelo.

BA NE BA BONTSHA TUMELO LE BOPELOKGALE

5. Moshe o ne a bontsha jang tumelo le bopelokgale?

5 Moshe o ne a re tlhomela sekao sa tumelo le sa bopelokgale. (Baheb. 11:24-27) Go tloga ka 1513 go ya go 1473 B.C.E., Modimo o ne a mo dirisa go ntsha Baiseraele kwa Egepeto le go ba kaela fa ba le kwa nageng. Moshe o ne a ikutlwa a sa tshwanelege sentle go dira kabelo eno, mme gone o ne a e amogela. (Ekes. 6:12) Ene le morwarragwe e bong Arone, ba ne ba tlhagelela fa pele ga Faro yo o setlhogo wa kwa Egepeto gangwe le gape mme ka bopelokgale ba itsise Dipetso di le Lesome tse Jehofa a neng a tla tlontlolola medingwana ya Baegepeto ka tsone, a bo a golola batho ba Gagwe. (Ekes., kgao. 7-12) Moshe o ne a bontsha tumelo le bopelokgale ka gonne Modimo o ne a mo ema nokeng ka metlha, fela jaaka le rona a re ema nokeng.—Dute. 33:27.

6. Fa babusi ba lefatshe ba re thamathamisa ka dipotso, re ka kgona jang go naya bosupi ka bopelokgale?

6 Le rona re tlhoka bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Moshe, ka gonne Jesu o ne a re: “Lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo ditšhabeng. Le fa go ntse jalo, fa ba lo isa, lo se ka lwa tlhobaela kaga gore lo tla bua jang kgotsa eng; gonne se lo tla se buang lo tla se newa ka nako eo; gonne ba ba buang ga se lona fela, mme ke moya wa ga Rraalona o o buang ka lona.” (Math. 10:18-20) Fa babusi ba lefatshe ba re thamathamisa ka dipotso, moya wa ga Jehofa o tla re thusa gore ka tlotlo, re neye bosupi ka tumelo le ka bopelokgale.—Bala Luke 12:11, 12.

7. Ke eng fa Joshua a ne a le pelokgale e bile a atlegile?

7 Go ithuta Molao wa Modimo ka metlha go ne ga nonotsha tumelo le bopelokgale jwa motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua. Ka 1473 B.C.E., Baiseraele ba ne ba ipaakanyeditse go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Modimo o ne a mo laela jaana: “O nne pelokgale o bo o nonofe.” Fa Joshua a ne a ikobela Molao, o ne a tla kgona go dira ka botlhale le go atlega. O ne a bolelelwa jaana: “O se ka wa garoga pelo kgotsa wa tshoga, gonne Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.” (Josh. 1:7-9) A bo mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a nonotsha Joshua jang ne! Mme ruri Modimo o ne a na le ene, ka gonne o ne a gapa karolo e kgolo ya Lefatshe le le Solofeditsweng mo dingwageng di le thataro fela—ka ngwaga wa 1467 B.C.E.

BASADI BA BA NENG BA DIRELA MODIMO KA BOPELOKGALE

8. Rahabe o ne a re tlhomela sekao sefe sa tumelo le bopelokgale?

8 Mo dingwageng di le makgolokgolo tse di fetileng, basadi ba le bantsi ba ba pelokgale ba ne ba direla Jehofa ka bogatlhamelamasisi. Ka sekai, mosadi wa seaka e bong Rahabe wa kwa Jeriko o ne a bontsha tumelo mo Modimong, ka gore ka bopelokgale a fitlhe ditlhola tse pedi tse di neng di rometswe ke Joshua, mme a bo a kaela badiredi ba kgosi ya motse oo go sele. Ene le ba ntlo ya gagwe ba ne ba bolokiwa fa Baiseraele ba ne ba gapa Jeriko. Rahabe o ne a tlogela tiro eo ya gagwe ya boleo, a obamela Jehofa ka boikanyegi, a bo a nna mmèmogologolwane wa ga Mesia. (Josh. 2:1-6; 6:22, 23; Math. 1:1, 5) A bo a ne a segofadiwa jang ne ka ntlha ya tumelo le bopelokgale jwa gagwe!

9. Debora, Barake, le Jaele ba ne ba bontsha jang bopelokgale?

9 Morago ga loso lwa ga Joshua mo e ka nnang ka 1450 B.C.E., baatlhodi ba ne ba diragatsa tshiamiso kwa Iseraele. Kgosi Jabine wa Bakanana o ne a na le dingwaga di le 20 a gateletse Baiseraele fa Modimo a ne a dira gore moporofeti wa mosadi e bong Debora a tlhotlheletse Moatlhodi Barake gore a tseye kgato. Barake o ne a kokoanya banna ba le 10 000 kwa Thabeng ya Tabore mme o ne a siametse go lwa le molaodi wa masole a ga Jabine e bong Sisera, yo o neng a tsena mo mokgatšheng o o phothoselang wa Kishone mmogo le masole a gagwe a a neng a palame dikoloi tsa ntwa di le 900. Fa Baiseraele ba ne ba gwantela kwa dipoeng tsa mokgatšha, ka tshoganyetso Modimo o ne a nesa morwalela o o neng wa dira gore lefelo la ntwa le nne le seretse mme dikoloi tsa Bakanana tsa ntwa tsa palelwa ke go tsamaya. Banna ba ga Barake ba ne ba fenya mme ‘bothibelelo jotlhe jwa ga Sisera bo ne jwa wa ka bogale jwa tšhaka.’ Sisera o ne a batla botshabelo mo mogopeng wa ga Jaele, le fa go ntse jalo, fa Sisera a robetse, Jaele o ne a mmolaya. Go dumalana le mafoko a boporofeti a Debora a neng a a bolelela Barake, “bontle” jwa phenyo bo ne jwa lebisiwa kwa mosading yo o bidiwang Jaele. E re ka Debora, Barake, le Jaele ba ne ba bontsha bopelokgale, Iseraele ya se ka ya nna le “matshwenyego a mangwe dingwaga di le masome a manè.” (Baatlh. 4:1-9, 14-22; 5:20, 21, 31) Banna le basadi ba le bantsi ba ba boifang Modimo ba ne ba bontsha tumelo le bopelokgale jo bo tshwanang le joo.

MAFOKO A RONA A KA TLHOTLHELETSA BA BANGWE GO NNA PELOKGALE

10. Ke eng fa go ka twe mafoko a rona a ka tlhotlheletsa ba bangwe go nna pelokgale?

10 Se re se buang se ka tlhotlheletsa batho ba re obamelang Jehofa mmogo le bone go nna pelokgale. Mo lekgolong la bo11 la dingwaga B.C.E., Kgosi Dafide o ne a bolelela morwawe e bong Solomone jaana: “O nne pelokgale o nonofe mme o dire. O se ka wa boifa le fa e le go tshoga, gonne Jehofa Modimo, Modimo wa me, o na le wena. Ga a kitla a go latlha le fa e le go go tlogela go fitlha tiro yotlhe ya tirelo ya ntlo ya ga Jehofa e weditswe.” (1 Ditir. 28:20) Solomone o ne a bontsha bopelokgale mme a agela Jehofa tempele e ntle kwa Jerusalema.

11. Mafoko a a bontshang bopelokgale a mosetsana mongwe wa Moiseraele a ne a ama jang botshelo jwa monna mongwe?

11 Mo lekgolong la bolesome la dingwaga B.C.E., mafoko a a bontshang bopelokgale a mosetsana wa Moiseraele, a ne a thusa molepero mongwe. O ne a gapilwe ke setlhopha sa dirukhutlhi mme a nna lelata la moeteledipele wa masole a Siria yo o neng a na le lepero e bong Naamane. E re ka mosetsana yono a ne a itse ka dikgakgamatso tse Jehofa a neng a di dira a dirisa Elisha, o ne a bolelela mosadi wa ga Naamane gore fa monna wa gagwe a ka ya kwa Iseraele, moporofeti wa Modimo o tla mo fodisa. Naamane o ne a ya kwa Iseraele, a fodisiwa ka kgakgamatso mme a nna moobamedi wa ga Jehofa. (2 Dikg. 5:1-3, 10-17) Fa e le gore o mosha yo o ratang Modimo fela jaaka mosetsana yoo a ne a dira, Modimo a ka go naya bopelokgale jwa gore o rerele barutabana, baithutimmogo le wena le batho ba bangwe.

12. Mafoko a Kgosi Hesekia a neng a a bolelela babusiwa ba gagwe a ne a ba ama jang?

12 Mafoko a a akanyeditsweng sentle a ka tlhotlheletsa ba bangwe go nna pelokgale mo dinakong tsa mathata. Fa Baasiria ba ne ba gwanta kgatlhanong le Jerusalema mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Kgosi Hesekia o ne a bolelela babusiwa ba gagwe jaana: “Nnang pelokgale lo nonofe. Lo se ka lwa boifa le fa e le go tshoga ka ntlha ya kgosi ya Asiria le ka ntlha ya boidiidi jotlhe jo bo nang le ene; gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le ene. O na le lebogo la nama, mme rona re na le Jehofa Modimo wa rona go re thusa le go tlhabana ditlhabano tsa rona.” Batho ba ne ba amogela mafoko ao jang? Ebu, “batho ba simolola go itshegeletsa ka mafoko a ga Hesekia”! (2 Ditir. 32:7, 8) Mafoko a a ntseng jalo a ka dira gore re nne pelokgale a bo a thusa le Bakeresete ba bangwe go nna pelokgale fa babogisi ba re tshwenya.

13. Modiredi wa ga Kgosi Ahabe e bong Obadia o re tlhometse sekao sefe sa bopelokgale?

13 Ka dinako dingwe re ka bontsha bopelokgale re sa bue sepe. Mo lekgolong la bolesome la dingwaga B.C.E., modiredi wa ga Kgosi Ahabe e bong Obadia o ne a bontsha bopelokgale ka go fitlha baporofeti ba le lekgolo ba ga Jehofa “ka ditlhopha tsa masome a matlhano sengwe le sengwe mo logageng” gore Kgosigadi Jesebele yo o boikepo a se ka a ba bolaya. (1 Dikg. 18:4) Fela jaaka Obadia yo o neng a boifa Modimo, batlhanka ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ile ba bontsha bopelokgale ka go sireletsa badumedimmogo le bone ka go se neye babogisi tshedimosetso malebana le bone.

ESETHERE—KGOSIGADI E E PELOKGALE

14, 15. Kgosigadi Esethere o ne a bontsha jang tumelo le bopelokgale, mme diphelelo e ne ya nna dife?

14 Kgosigadi Esethere o ne a bontsha tumelo e kgolo le bopelokgale, fa leano le Hamane yo o boikepo a neng a le logile la go bolaya Bajuda, le ne le tsenya Bajuda mo kotsing go ralala Mmusomogolo wa Peresia mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E. Ga go gakgamatse go bo ba ile ba hutsafala le go itima dijo ba bo ba rapela ka dipelo tsa bone tsotlhe! (Eseth. 4:1-3) Kgosigadi Esethere o ne a utlwile botlhoko thata. Ntsalaagwe e bong Moredekai o ne a mo romelela khopi ya lekwalo la molao le le neng le letlelela polao e kgolo eo mme a mo laela gore a tlhagelele fa pele ga kgosi gore a kopele Bajuda kamogelo mo kgosing. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe yo o neng a tsena kwa kgosing a sa bidiwa o ne a bolawa.—Eseth. 4:4-11.

15 Le fa go ntse jalo, Moredekai o ne a bolelela Esethere jaana: ‘Gonne fa o didimetse fela, kgololo e tla tswa lefelong le lengwe. Le gone ke mang yo o itseng gore o ka tswa o fitlheletse tlotlomalo ya segosi ka ntlha ya motlha o o ntseng jaana?’ Esethere o ne a rotloetsa Moredekai go kokoanya Bajuda ba kwa Shushane gore ba itime dijo mo boemong jwa gagwe. O ne a re: “Ke tla itima dijo ka tsela e e tshwanang, mme morago ga moo ke tla tsena kwa kgosing, e le se se seng kafa molaong; mme fa e le gore ke tla nyelela, ke tla nyelela.” (Eseth. 4:12-17) Esethere o ne a dira ka bopelokgale mme buka e e bidiwang ka leina la gagwe e bontsha gore Modimo o ne a golola batho ba gagwe. Mo motlheng wa rona, Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone tse di ineetseng ba bontsha bopelokgale jo bo tshwanang le joo fa ba lekiwa—mme ka metlha “Moutlwi wa thapelo” o mo letlhakoreng la bone.—Bala Pesalema 65:2; 118:6.

“NNA PELOKGALE”

16. Jesu o tlhometse basha ba rona sekao sefe?

16 Lekgetlho lengwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Jesu wa dingwaga di le 12 o ne a fitlhelwa mo tempeleng, “a ntse mo gare ga barutisi, a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.” Mo godimo ga moo, “botlhe ba ba mo reeditseng ruri ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” (Luke 2:41-50) Le fa Jesu a ne a le monnye, o ne a na le tumelo le bopelokgale jo bo tlhokegang go botsa barutisi ba bagolo mo go ene dipotso kwa tempeleng. Fa basha mo phuthegong ya Bokeresete ba nna ba gopotse sekao sa ga Jesu, ba tla kgona go dirisa ka botlalo ditshono tse ba nang le tsone tsa ‘go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o ba batlang lebaka la tsholofelo e e mo go bone.’—1 Pet. 3:15.

17. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a rotloetsa barutwa ba gagwe go “nna pelokgale,” mme ke eng fa le rona re tlhoka go bontsha bopelokgale?

17 Jesu o ne a rotloetsa ba bangwe go “nna pelokgale.” (Math. 9:2, 22) O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Bonang! Nako e etla, eleruri, e tlile, e mongwe le mongwe wa lona o tla gasamisediwang kwa ntlong ya gagwe mme lo tla ntlogela ke le nosi; mme le fa go ntse jalo ga ke nosi, ka gonne Rara o na le nna. Ke buile dilo tseno le lona gore lo tle lo nne le kagiso ka nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Joh. 16:32, 33) Fela jaaka balatedi ba ga Jesu ba bogologolo, le rona re tlhoilwe ke lefatshe, mme gone a re se tshwaneng le lone. Go tlhatlhanya ka bopelokgale jo Morwa Modimo a neng a na le jone go ka re naya bopelokgale jwa go nna re sa leswafadiwa ke lefatshe leno. O ne a fenya lefatshe, mme le rona re ka le fenya.—Joh. 17:16; Jak. 1:27.

“NNA LE BOPELOKGALE JO BOGOLO!”

18, 19. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha jang tumelo le bopelokgale?

18 Moaposetoloi Paulo o ne a itshokela diteko tse dintsi. Mo lekgetlhong lengwe, Bajuda ba kwa Jerusalema ba ka bo ba ile ba mo gagoganya fa masole a Roma a ka bo a sa mo falotsa. Bosigo “Morena a ema fa go ene mme a re: ‘Nna le bopelokgale jo bogolo! Gonne fela jaaka o ntse o neela bosupi ka botlalo ka dilo tse di leng kaga me mo Jerusalema, jalo o tshwanetse go naya bosupi le kwa Roma.’” (Dit. 23:11) Paulo o ne a dira fela jalo.

19 Paulo o ne a kgalema ka bopelokgale ‘baaposetoloi ba ba molemo go feta selekanyo’ ba ba neng ba batla go senya phuthego ya kwa Korintha. (2 Bakor. 11:5; 12:11) Go farologana le bone o ne a ka ba bontsha bosupi jwa gore e ne e le moaposetoloi—go tsenngwa mo kgolegelong, go itewa, maeto a a kotsi, dikotsi tse dingwe, tlala, lenyora, go sa robale masigo, mmogo le go amega thata ka badumedimmogo le ene. (Bala 2 Bakorintha 11:23-28.) Ruri seo se ne se supa tumelo le bopelokgale—dilo tseo tsotlhe di ne di bontsha maatla a a a neilweng ke Modimo!

20, 21. (a) Naya sekai se se bontshang gore re tshwanetse go tswelela re le pelokgale. (b) Re ka tshwanelwa ke go bontsha bopelokgale mo maemong afe, mme ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone?

20 Ga se Bakeresete botlhe ba ba tla bogisiwang setlhogo. Le fa go ntse jalo, botlhe ba tlhoka bopelokgale gore ba kgone go itshokela dikgwetlho tsa botshelo. Ka sekai: Lekawana lengwe la kwa Brazil e ne e le leloko la segopa sengwe. Fa a sena go ithuta Baebele o ne a bona go tlhokega go dira diphetogo, le fa go ntse jalo, gantsi mongwe le mongwe yo o neng a tlogela segopa seo o ne a bolawa. O ne a rapela, mme a dirisa ditemana go bontsha moeteledipele lebaka la go bo a ka se kgone go tswelela a le mo segopeng seo. Lekawana leo le ne la gololwa, la se ka la dirwa sepe se se bosula mme la nna mmoledi wa Bogosi.

21 Go tlhokega bopelokgale go rera dikgang tse di molemo. Basha ba Bakeresete ba tlhoka nonofo eno gore ba tswelele ba thokgame kwa sekolong. Go ka nna ga tlhokega bopelokgale go kopa nako kwa tirong gore re nne gone mo thulaganyong yotlhe ya kopano. Mme re ka bala tse dingwe tse dintsi. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege dikgwetlho tse re lebanang le tsone, Jehofa o tla utlwa ‘dithapelo tsa rona tsa tumelo.’ (Jak. 5:15) Mme ga go pelaelo gore o tla re naya moya wa gagwe o o boitshepo gore re ‘nne pelokgale re bo re nonofe thata’!

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Enoke o ne a rera ka bopelokgale mo lefatsheng le le boikepo

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jaele o ne a le pelokgale e bile a nonofile