Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna Pelokgale​—Jehofa O na Le Wena!

Nna Pelokgale​—Jehofa O na Le Wena!

“O nne pelokgale o bo o nonofe. . . . Jehofa Modimo wa gago o na le wena.”—JOSH. 1:9.

1, 2. (a) Ke dinonofo dife tse di tla re thusang go lepalepana le diteko? (b) O ka re tumelo ke eng? Bontsha.

TIRELO ya ga Jehofa e dira gore re itumele. Le fa go ntse jalo, re lebana le mathata a batho botlhe ba lebanang le one, e bile re ka nna ra “boga ka ntlha ya tshiamo.” (1 Pet. 3:14; 5:8, 9; 1 Bakor. 10:13) Gore re kgone go lepalepana le diteko tseo ka katlego, re tlhoka tumelo le bopelokgale.

2 Tumelo ke eng? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Baheb. 11:1) Thanolo e nngwe ya re: “Tumelo ke lekwalo la semolao la dilo tse re di solofetseng. Tumelo ke go tlhomamisega ka dilo tse re sa kgoneng go di bona.” (The Simple English Bible) Fa re neilwe lekwalo la semolao la lefelo le le rileng, re ka tlhomamisega gore lefelo leo ke la rona. E re ka re na le tumelo ya gore ka metlha Modimo o diragatsa lefoko la gagwe, go ntse jaaka e kete re na le lekwalo la semolao le le botlhokwa thata. Tumelo ya rona e re tlhomamisetsa gore re tla bona go diragadiwa ga ditsholofetso tse di mo Baebeleng, mme re tlhomamisegile gore dilo tse Modimo a re bolelelang tsone di boammaaruri le fa re sa kgone go di bona.

3, 4. (a) Bopelokgale ke eng? (b) Re ka nonotsha jang tumelo le bopelokgale jwa rona?

3 Bopelokgale bo tlhalosiwa e le “nonofo ya semoya le ya maikutlo ya go kgona go bua kgotsa go dira dilo o sa boife dikgoreletsi kgotsa dikotsi tse o ka lebanang le tsone.” (The New Interpreter’s Dictionary of the Bible) Fa re le pelokgale, re nonofile e bile ka dinako dingwe ga re boife sepe.—Mar. 6:49, 50; 2 Tim. 1:7.

4 Tumelo le bopelokgale ke dinonofo tse di molemo. Le fa go ntse jalo, go tweng fa re lemoga gore re tlhoka tumelo e e oketsegileng kgotsa ga re na bopelokgale? Go na le batho ba le diketekete ba go builweng ka bone mo Baebeleng ba ba ileng ba tlhoma sekao ka go bontsha dinonofo tseno. Ka jalo, tsela nngwe ya go nonotsha tumelo le bopelokgale jwa rona ke go sekaseka dingwe tsa dikai tseo.

 JEHOFA O NE A NA LE JOSHUA

5. Joshua o ne a tlhoka eng gore a atlege mo kabelong ya gagwe?

5 A re akanyeng ka sengwe se se diragetseng dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng. Go setse go fetile dingwaga di le 40 fa e sa le dimilionemilione tsa Baiseraele di gololwa mo bokgobeng kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng sa ga Jehofa. Moporofeti Moshe o ntse a ba eteletse pele. Jaanong o dingwaga di le 120, mme o lebile Lefatshe le le Solofeditsweng a le kgakajana, go tswa foo o swela kwa godimo ga Thaba ya Nebo. Motlhatlhami wa gagwe ke Joshua, monna yo o ‘tletseng moya wa botlhale.’ (Dute. 34:1-9) Baiseraele ba tloga ba gapa Lefatshe la Kanana. E le gore Joshua a atlege go nna moeteledipele wa bone, o tla tlhoka botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Gape o tla tlhoka gore a nne le tumelo mo go Jehofa, mme a itshupe a le pelokgale e bile a nonofile.—Dute. 31:22, 23.

6. (a) Joshua 23:6 e bua ka bopelokgale jwa go dira eng? (b) Re ithuta eng mo mafokong a a mo go Ditiro 4:18-20 le Ditiro 5:29?

6 Botlhale, bopelokgale le tumelo tse Joshua a di bontshitseng ka nako ya fa a ne a fenya lefatshe la Kanana, di tshwanetse tsa bo di ile tsa nonotsha Baiseraele. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go nna fela digatlhamelamasisi mo ntweng, mme gape ba ne ba tshwanetse go nna le bopelokgale jwa go dira se Joshua a neng a ba laela gore ba se dire. Fa Joshua a tloga a wetsa botshelo jwa gagwe, o ne a re: “Lo nne pelokgale thata go boloka le go dira sotlhe se se kwadilweng mo bukeng ya molao wa ga Moshe ka go se o fapogele kafa mojeng kgotsa kafa molemeng le ka motlha.” (Josh. 23:6) Le rona re tlhoka bopelokgale gore re ikobele Jehofa ka metlha. Seno se akaretsa le fa batho ba re laela gore re dire sengwe se se kgatlhanong le thato ya Modimo. (Bala Ditiro 4:18-20; 5:29.) Fa re ikaega ka Jehofa ka thapelo, o tla re thusa gore re nne pelokgale.

KAFA RE KA DIRANG GORE TSELA YA RONA E ATLEGE KA GONE

7. Joshua o ne a tshwanetse go dira eng gore a nne pelokgale a bo a atlege?

7 Gore re nne le bopelokgale jwa go dira thato ya Modimo, re tshwanetse go ithuta Lefoko la gagwe re bo re le dirise. Ke sone se Joshua a neng a bolelelwa gore a se dire fa a ne a nna motlhatlhami wa ga Moshe: “O nne pelokgale o bo o nonofe thata go tlhokomela go dira kafa molaong otlhe o Moshe motlhanka wa me a o go laoletseng. . . . Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.” (Josh. 1:7, 8) Joshua o ne a dirisa kgakololo eo mme ‘tsela ya gagwe e ne ya atlega.’ Fa le rona re ka dira jalo, re tla nna le bopelokgale jo bogolo mme re tla atlega mo tirelong ya rona e re e direlang Modimo.

Temana ya rona ya ngwaga ya 2013: “O nne pelokgale o bo o nonofe. . . . Jehofa Modimo wa gago o na le wena.”—Joshua 1:9

8. Temana ya ngwaga ya 2013 e tserwe mo temaneng efe, mme o akanya gore mafoko ao a tla go thusa jang?

8 Joshua o tshwanetse a bo a ile a nonofa thata fa a utlwa mafoko ano a ga Jehofa: “O nne pelokgale o bo o nonofe. O se ka wa garoga pelo kgotsa wa tshoga, gonne Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.” (Josh. 1:9) Le rona Jehofa o na le rona. Ka jalo, a re se ka ra “garoga pelo kgotsa [ra] tshoga” le fa re ka lebana le diteko dipe fela. Ntlha ya botlhokwa e re tlhokang go e ela tlhoko thata ke mafoko ano: “O nne pelokgale o bo o nonofe. . . . Jehofa Modimo wa gago o na le wena.” Mafoko ao a Joshua 1:9  a tlhophilwe gore e nne temana ya ngwaga ya 2013. A tla re nonotsha tota mo dikgweding tse di latelang, fela jaaka mafoko le ditiro tsa batho ba ba re tlhometseng sekao sa tumelo le bopelokgale le tsone di tla re nonotsha.

BA NE BA BONTSHA BOPELOKGALE

9. Rahabe o ile a bontsha jang tumelo le bopelokgale?

9 Fa Joshua a ne a romela ditlhodi tse pedi go ya kwa Kanana, Rahabe wa seaka o ne a ba fitlha mme a dira gore baba ba tseye tsela e sele. Ka ntlha ya tumelo le bopelokgale jwa gagwe, ene le ba ntlo ya gagwe ba ne ba bolokiwa fa motse wa Jeriko o ne o gapiwa ke Baiseraele. (Baheb. 11:30, 31; Jak. 2:25) Rahabe o ne a tlogela botshelo jwa gagwe jwa boitsholo jo bo sa siamang gore a itumedise Jehofa. Bangwe ba ba ileng ba nna Bakeresete ba ile ba nna le tumelo, bopelokgale le maatla a go dira diphetogo tse di ntseng jalo gore ba itumedise Modimo.

10. Ruthe o ne a emela kobamelo ya boammaaruri mo maemong afe, mme seo se ne sa felela ka gore a bone masego afe?

10 Morago ga loso lwa ga Joshua, Ruthe mosadi yo o tswang kwa Moabe o ne a emela kobamelo ya boammaaruri ka bopelokgale. E re ka monna wa gagwe yo o tlhokafetseng e ne e le Moiseraele, go ka direga gore o ne a itse sengwe ka ga Jehofa. Matsalaagwe yo e neng e le motlholagadi e bong Naomi, o ne a nna kwa Moabe, mme o ne a dira tshwetso ya go boela kwa Iseraele kwa motseng wa Bethelehema. Mo tseleng, Naomi o ne a rotloetsa Ruthe gore a boele kwa bathong ba gaabo, mme mosadi yono yo o tswang kwa Moabe o ne a araba jaana: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe ke lese go tsamaya le wena . . . Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Ruthe o ne a ikaeletse go dira se a se buang. Fa nako e ntse e ya, Boase yo e neng e le wa losika lwa ga Naomi o ne a nyala Ruthe, mme Ruthe a mo tsholela morwa mme a nna mmemogologolwane wa ga Dafide le Jesu. Ruri Jehofa o segofatsa se re se dirang go bontsha tumelo le bopelokgale.—Ruthe 2:12; 4:17-22; Math. 1:1-6.

BA LE BANTSI BA NE BA TSENYA MATSHELO A BONE MO KOTSING!

11. Jehoiada le Jehosheba ba ne ba bontsha bopelokgale jang, mme seno se ne sa felela ka eng?

11 Bopelokgale jwa rona le tumelo di a nonofa fa re bona gore Modimo o ema nokeng batho ba ba dirang gore dilo tse di direlwang Modimo di tle pele, le gore boitekanelo jwa badumedimmogo le bone bo tle pele ga dilo tse bone ba di batlang. Ka sekai, akanya ka Moperesiti yo Mogolo e bong Jehoiada le mosadi wa gagwe e bong Jehosheba. Fa Kgosi Ahasia a sena go swa, mmaagwe e bong Athalia o ne a bolaya botlhe ba losika lwa segosi kwantle fela ga Jehoashe mme a itseela bogosi. Jehoiada le Jehosheba ba ne ba tsentse matshelo a bone mo kotsing ka go falotsa morwa Ahasia e bong Jehoashe mme ba nna ba mo fitlhile ka dingwaga di le thataro. Mo ngwageng wa bosupa, Jehoiada o ne a dira gore go bolelwe gore Jehoashe ke kgosi mme a laela gore Athalia a bolawe. (2 Dikg. 11:1-16) Moragonyana Jehoiada, o ne a ema nokeng Kgosi Jehoashe go baakanya tempele. Mme fa Jehoiada a swa a le dingwaga di le 130, o ne a fitlhiwa le dikgosi “ka gonne o ne a dirile molemo mo Iseraele le mo Modimong wa boammaaruri le mo Ntlong ya Gagwe.” (2 Ditir. 24:15, 16) Mo godimo ga moo, ditiro tsa bopelokgale tsa ga Jehoiada le mosadi wa gagwe di ne tsa thusa gore losika lwa segosi lo lo simologileng ka Dafide lo tswelele go fitlha ka Mesia.

12. Ebede-meleke o ne a bontsha jang bopelokgale?

12 Ebede-meleke, moopafadiwa yo o neng a le mo ntlong ya ga Kgosi Sedekia, o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka ntlha ya ga Jeremia. Kgosi e ne e neetse Jeremia dikgosana tsa Juda, tse di neng di mo latofaditse ka boepapuso, mme ba mo latlhela mo mogobeng o o nang le seretse gore a swe. (Jer. 38:4-6) Ebede-meleke o ne a ikuela mo go Sedekia a buelela Jeremia go sa kgathalesege gore seo se ne se tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing go le kana kang, ka gonne Sedekia a ne a tlhoile moporofeti yono. Sedekia o ne a reetsa kopo ya ga Ebede-meleke mme a laela gore banna ba le 30 ba tsamaye le Ebede-meleke go ya go falotsa  Jeremia. Modimo o ne a dirisa moporofeti yono go tlhomamisetsa Ebede-meleke gore a ka se ka a bolawa fa Bababelona ba gapa Jerusalema. (Jer. 39:15-18) Modimo o segofatsa ba ba bontshang bopelokgale fa ba dira thato ya gagwe.

13. Bahebera ba bararo ba ne ba bontsha jang bopelokgale, mme sekao sa bone se ka re solegela molemo jang?

13 Mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., batlhanka ba ga Jehofa ba le bararo ba Bahebera ba ile ba bona bosupi jwa gore Modimo o segofatsa ba ba bontshang tumelo le bopelokgale. Kgosi Nebukadenesare o ne a phutha batlotlegi ba kwa Babelona mme a ba laela gore ba obamele setshwantsho se segolo sa gouta. Ope fela yo o neng a sa dire jalo, o ne a tshwanetse go bolawa ka go latlhelwa mo leubelong la molelo. Bahebera ba bararo ba ne ba bolelela Nebukadenesare jaana ka tlotlo: “Modimo wa rona o re o direlang o tla kgona go re golola. O tla re golola mo leubelong le le tukang le mo seatleng sa gago, wena kgosi. Mme fa go sa nne jalo, o itse, wena kgosi, gore medimo ya gago ga se yone e re e direlang, e bile ga re na go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.” (Dan. 3:16-18) Pego e e kgatlhang ya go gololwa ga Bahebera ba bararo e tlhalosiwa ka botlalo mo go Daniele 3:19-30. Le fa rona re ka se tshosediwe ka gore re tla bolawa ka go latlhelwa mo leubelong la molelo, re lebana le diteko tsa bothokgami mme re ka tlhomamisega gore Modimo o tla re segofatsa fa re bontsha tumelo le bopelokgale.

14. Go ya ka Daniele kgaolo 6, Daniele o ne a bontsha jang bopelokgale, mme seo se ne sa felela ka eng?

14 Daniele o ne a bontsha tumelo le bopelokgale fa baba ba gagwe ba ne ba tlhotlheletsa Kgosi Dario gore a ntshe taolo ya gore “le fa e le mang yo o lopang mo modimong ope fela kgotsa mo mothong mo malatsing a le masome a mararo fa e se mo go wena kgosi, o tshwanetse go latlhelwa mo mongobong wa ditau.” Fa Daniele a sena go lemoga gore mokwalo o saenilwe o ne a “tsena mo ntlong ya gagwe, mme a buletswe difensetere tsa ntlwana ya gagwe e e kwa borulelong ntlheng ya Jerusalema, o ne a khubama ka mangole gararo mo letsatsing a rapela e bile a isa pako fa pele ga Modimo wa gagwe, fela jaaka a ne a ntse a dira jalo ka metlha pele ga seno.” (Dan. 6:6-10) Daniele yo o pelokgale o ne a tsenngwa mo mongobong wa ditau—mme gone, Jehofa o ne a mo golola.—Dan. 6:16-23.

15. (a) Akhwila le Peresila ba re tlhometse sekao sefe sa tumelo le sa bopelokgale? (b) Mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 13:34 a kaya eng, mme Bakeresete ba le bantsi ba ile ba bontsha lorato loo jang?

15 Ka ntlha ya maemo mangwe a a sa tlhalosiwang mo Baebeleng, Akhwila le Peresila ba ne ba ‘baya dithamo tsa bone mo kotsing ka ntlha ya moya wa ga Paulo.’ (Dit. 18:2; Bar. 16:3, 4) Ba ne ba bontsha bopelokgale go dumalana le mafoko ano a ga Jesu: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane.” (Joh. 13:34) Molao wa ga  Moshe o ne o laela gore motho a rate moagelani wa gagwe jaaka a ithata. (Lefi. 19:18) Mme taolo ya ga Jesu e ne e le “ntšha” ka gonne e ne e tlhalosa lorato lo lo ka felelang ka gore motho a ntshetse ba bangwe botshelo jwa gagwe, fela jaaka ene a ne a dira. Bakeresete ba le bantsi ba ile ba bontsha lorato lo lo ntseng jalo, ba ‘baya dithamo tsa bone mo kotsing’ ka go tila go senola badumedimmogo le bone gore ba bogisiwe kgotsa ba bolawe ke baba.—Bala 1 Johane 3:16.

Le ka motlha Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa akanye ka kgang ya go ineela

16, 17. Balatedi bangwe ba ga Keresete ba bogologolo ba ne ba lebana le teko efe ya tumelo, mme seo se tshwana jang le se Bakeresete bangwe ba ileng ba lebana le sone mo motlheng wa gompieno?

16 Fela jaaka Jesu, Bakeresete ba bogologolo ba ile ba nna pelokgale mme ba obamela Jehofa fela. (Math. 4:8-10) Ba ne ba gana go bontsha mmusimogolo wa Roma tlotla ka go mo fisetsa maswalo. (Bona setshwantsho.) Daniel P. Mannix o ne a kwala jaana: “Ke Bakeresete ba sekaenyana bao ba neng ba itatola, le mororo sebeso se se tukang molelo gantsi se ne se bewa mo patlelong gore ba nne gaufi le sone. Selo fela se legolegwa le neng le tshwanetse go se dira e ne e le go gasagasa lerolenyana la maswalo mo godimo ga kgabo ya molelo mme le ne le neelwa Setifikeiti sa Setlhabelo le bo le gololwa. Gape o ne a tlhalosediwa ka kelotlhoko gore o ne a sa obamele mmusimogolo; e ne e le go dumela fela gore mmusimogolo ke motho wa bomodimo jaaka tlhogo ya naga ya Roma. Le fa go ntse jalo, go ne go sena Bakeresete bape ba ba neng ba dirisa tshono eo gore ba falole.”—Those About to Die.

17 Bakeresete ba motlha wa gompieno ba ba neng ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi mme ba lebane le loso, gangwe le gape ba ne ba newa ditshono tsa gore ba ka gololwa fa ba ka saena setlankana se se bontshang gore ba itatola Jehofa. Mme gone, ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba se saena. Basupi ba Bahutu le Batutsi ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka nako ya kgailo ya batho kwa Rwanda mme ba sireletsana. Diteko tse di ntseng jalo di tlhoka gore re nne pelokgale mme re bontshe tumelo.

GAKOLOGELWA GORE JEHOFA O NA LE RONA!

18, 19. Ke dikao dife tse di mo Baebeleng tsa tumelo le bopelokgale tse di ka re thusang gore re tswelele ka tiro ya rona ya go rera?

18 Gone jaanong re na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong e kgolo go gaisa epe fela e e kileng ya newa batlhanka ba Modimo mo lefatsheng—ya go rera molaetsa wa Bogosi, le go dira barutwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) Ruri re leboga sekao sa ga Jesu se se ka se bapisiweng le sepe! O ne a “eta go tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 8:1) Fela jaaka Jesu, re tlhoka tumelo le bopelokgale gore re rere molaetsa wa Bogosi. Modimo a ka re thusa gore re nne pelokgale jaaka Noa, yo e neng e le “moreri wa tshiamo” yo o sebete yo o neng a rerela “lefatshe la baikepi” ba ba neng ba tla tloga ba senngwa ke morwalela wa lefatshe lotlhe.—2 Pet. 2:4, 5.

19 Thapelo e re thusa gore re kgone go dira tiro ya go rera. Fa balatedi bangwe ba ga Keresete ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba rapela gore ‘ba bue lefoko la Modimo ka bopelokgale,’ thapelo eo ya bone e ne ya arabiwa. (Bala Ditiro 4:29-31.) Fa e le gore o nna ditlhong fa o tshwanetse go rera ka ntlo le ntlo, Jehofa o tla araba thapelo ya gago ka go go naya tumelo le bopelokgale.—Bala Pesalema 66:19, 20. *

20. Rona batlhanka ba ga Jehofa re engwa nokeng ka tsela efe?

20 Go thata go tshela ka tsela ya bomodimo fa re lebane le diteko mo lefatsheng leno le le boikepo le le nang le mathata. Le fa go ntse jalo, ga re nosi. Modimo o re eme nokeng. Morwawe yo e leng Tlhogo ya phuthego le ene o re eme nokeng. Gape re na le Basupi mmogo le rona ba ba fetang 7 000 000, lefatshe ka bophara. A re direng mmogo le bone mme re nne re bontsha tumelo e bile re rera dikgang tse di molemo fa re ntse re gopotse temana ya ngwaga ya 2013: “O nne pelokgale o bo o nonofe. . . . Jehofa Modimo wa gago o na le wena.”—Josh. 1:9.

^ ser. 19 Bona dikao tse dingwe tsa bopelokgale mo setlhogong se se reng, ‘Nna Pelokgale O bo O Nonofe Thata’ mo go Tora ya Tebelo ya February 15, 2012.