Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Letle Sepe go go Katosetsa Kgakala le Jehofa

Se Letle Sepe go go Katosetsa Kgakala le Jehofa

“Itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang.”—JOSH. 24:15.

1-3. (a) Ke eng fa Joshua e le sekao se se molemo sa motho yo o neng a dira tshwetso e e siameng mo botshelong? (b) Ke eng se re tshwanetseng go nna re akantse ka sone fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso?

POLELWANA ‘go tlhopha,’ ke polelwana e e maatla tota. Motho yo o kgonang go itlhophela a ka itirela ditshwetso tsa gore a tshele botshelo jwa gagwe jang. Ka sekai: A re re monna yo o tsamayang mo tseleng o fitlha fa e kgaoganang gone go nna ditsela tse pedi. O tla tlhopha go tsaya efe? Fa monna yoo a itse gore o ya kae, tsela e nngwe e tla mo atametsa gaufi le kwa a yang gone mme e nngwe yone e tla mo katosetsa kgakala.

2 Baebele e na le dikai tse dintsi tsa batho ba ba ileng ba lebana le boemo jo bo tshwanang le joo. Ka sekai, Kaine o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a o tla itetla go laolwa ke bogale kgotsa o tla bo laola. (Gen. 4:6, 7) Joshua o ne a tshwanelwa ke go tlhopha gore a o tla direla Modimo wa boammaaruri kgotsa o tla obamela medimo ya maaka. (Josh. 24:15) Mokgele wa ga Joshua e ne e le go atamalana le Jehofa; ka jalo o ne a tlhopha tsela e e neng e tla mo thusa go dira jalo. Kaine ene o ne a sa ipeela mokgele o o ntseng jalo, ka jalo o ne a tlhopha tsela e e neng ya mo katosetsa kgakala le Jehofa.

3 Ka dinako dingwe mo botshelong re ka nna ra tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa. Fa seno se direga, nna o akantse ka mokgele wa gago—go galaletsa Jehofa mo go sengwe le sengwe se o se dirang le go tila sepe fela se se ka dirang gore o katogele kgakala le ene. (Bala Bahebera 3:12.) Mo setlhogong seno le se se latelang re tlile go sekaseka dikarolo di le supa mo botshelong tse mo go tsone re sa tshwanelang go letla sepe go re katosetsa kgakala le Jehofa.

TIRO YA BOITSHEDISO

4. Ke eng fa tiro ya boitshediso e le botlhokwa?

4 Bakeresete ba na le maikarabelo a go itlamela le go  tlamela ba malapa a bone. Baebele e bontsha gore fa mongwe a sa batle go tlamela ba ntlo ya gagwe, o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo. (2 Bathes. 3:10; 1 Tim. 5:8) Ga go pelaelo gore tiro ya boitshediso ke sengwe se se botlhokwa mo botshelong, mme gone fa o se kelotlhoko, e ka go katosetsa kgakala le Jehofa. Jang?

5. Fa re akanyetsa tiro e re e newang, ke dintlha dife tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di sekaseka?

5 A re re o batla tiro. Fa e le gore o nna mo nageng e tiro e sa bonweng motlhofo mo go yone, o ka nna wa raelesega go amogela tiro epe fela e o e newang. Mme go tweng fa e le gore tiro eo ga e dumalane le melaometheo ya Baebele? Go tweng fa e le gore nako ya tiro kgotsa nako e o e tsayang o le mo loetong go ya tirong e go kgoreletsa mo dilong tsa semoya kgotsa e dira gore o nne kgakala le lelapa la gago? A o tshwanetse go amogela tiro eo, o akanya gore go botoka go nna le tiro e e sa itumediseng go na le go tlhoka tiro? Gopola gore go tlhopha tsela e e phoso go ka go katosetsa kgakala le Jehofa. (Baheb. 2:1) Go sa kgathalesege gore o batla tiro kgotsa o sekaseka maemo a tiro e o leng mo go yone, o ka dira jang ditshwetso tse di siameng?

6, 7. (a) Motho a ka ipeela mekgele efe malebana le tiro ya boitshediso? (b) Ke mokgele ofe o o tla dirang gore o atamalane le Jehofa, mme ka ntlha yang?

6 Fela jaaka go builwe kwa godimo, nna o akantse ka mokgele wa gago. Ipotse, ‘Ke batla go fitlhelela eng ka tiro ya me ya boitshediso?’ Fa e le gore boikaelelo jwa gago ke go tlamela wena le ba lelapa la gago fa lo ntse lo dira tiro ya ga Jehofa, Jehofa o tla segofatsa maiteko a gago. (Math. 6:33) Jehofa a ka se palelwe ke go go thusa fa o latlhegelwa ke tiro kgotsa o nna le mathata a madi. (Isa. 59:1) O “itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.”—2 Pet. 2:9.

7 Ka fa letlhakoreng le lengwe, go tweng fa e le gore boikaelelo jwa gago ke go huma? Gongwe o ka nna wa fitlhelela seo. Le fa go ntse jalo, tota le fa seo se ne se ka direga, gopola gore “katlego” e e ntseng jalo e ka go utlwisa botlhoko. (Bala 1 Timotheo 6:9, 10.) Go tlhoma mogopolo mo tirong le mo dikhumong go tla go katosetsa kgakala le Jehofa.

8, 9. Batsadi ba tshwanetse go akanyetsa eng malebana le boikutlo jo ba nang le jone ka tiro? Tlhalosa.

8 Fa e le gore o motsadi, akanya kafa sekao sa gago se amang bana ba gago ka gone. Ke eng se ba bonang o se tsaya se le botlhokwa—tiro ya gago kgotsa botsala jwa gago le Jehofa? Fa ba bona gore botumo, maemo kgotsa dikhumo ke tsone tsa botlhokwa mo botshelong jwa gago, a ba ka latela tsela eo ya gago ya botshelo? A gongwe ba ka nna ba se ka ba tlhola ba go tlotla? Mosha mongwe wa Mokeresete a re: “Rre ga a bolo go nna a tshwaregile ka tiro ya gagwe. Kwa tshimologong go ne go lebega e kete o dira ka natla ka gonne a ne a batla gore lelapa la rona le nne le dilo tse di molemolemo. O ne a batla go re tlhokomela sentle. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, dilo di ile tsa fetoga. O fetsa nako e ntsi kwa tirong mme a bo a re rekela dilo tsa manobonobo go na le gore a re neye se re se tlhokang. Ka ntlha ya seo, re itsege re le lelapa le le nang le madi a mantsi, e seng lelapa le le kgothaletsang ba bangwe go latela mekgele ya semoya. Ke ne nka itumela fa rre a ne a ka re ema nokeng ka dilo tsa semoya, go na le go re rekela dilo tsa manobonobo.”

9 Batsadi, lo se ka lwa katogela kgakala le Jehofa ka go tshwarega thata ka tiro ya lona. Tlhomelang bana ba lona sekao sa gore tota lo dumela gore khumo e kgolo go gaisa ke ya semoya e seng dithoto.—Math. 5:3.

10. Mosha a ka akanyetsa eng fa a tlhopha tiro?

10 Fa e le gore o mosha yo o akanyetsang go batla tiro, o ka dira jang tshwetso e e botlhale? Fela jaaka re setse re tlhalositse, o tlhoka go itse gore mokgele wa gago ke eng mo botshelong. A thapiso kgotsa tiro e o tlileng go e bona e tla dira gore o latelele mekgele ya semoya ka botlalo kgotsa e tla go katosetsa kgakala le Jehofa? (2 Tim. 4:10) A mokgele wa gago ke go etsa botshelo jwa batho ba  boitumelo jwa bone bo ikaegileng ka maemo a ikonomi kgotsa gore ba na le madi a kana kang? Kgotsa a o tla tlhopha go ikanya Jehofa fela jaaka Dafide yo o neng a kwala jaana: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe”? (Pes. 37:25) Gopola gore tsela e nngwe e tla go katosetsa kgakala le Jehofa fa e nngwe yone e tla dira gore o nne le botshelo jo bo molemolemo. (Bala Diane 10:22; Malaki 3:10.) O tla tlhopha tsela efe? *

BOITLOSOBODUTU LE BOITAPOLOSO

11. Ke eng se Baebele e se buang ka boitlosobodutu le boitapoloso, mme ke eng se re tshwanetseng go nna re se gopotse?

11 Baebele ga e kgale boitapoloso, e bile ga e tseye boitlosobodutu e le tshenyo ya nako fela. Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye.” (1 Tim. 4:8) Tota e bile, Baebele ya re go na le “nako ya go tshega” le “nako ya go tlolaka” e bile e kgothaletsa gore motho a ikhutse ka mo go lekaneng. (Mor. 3:4; 4:6) Le fa go ntse jalo, fa o se kelotlhoko boitlosobodutu le boitapoloso di ka go katosetsa kgakala le Jehofa. Jang? Dintlha tseno tse pedi ke tsone di ka nnang kotsi—mofuta wa boitlosobodutu jo o bo tlhophang le nako e o e fetsang mo go jone.

Boitlosobodutu jo bo siameng le jo bo lekaneng bo a lapolosa

12. O tshwanetse go akanyetsa eng malebana le mofuta wa boitlosobodutu le boitapoloso jo o bo tlhophang?

12 Sa ntlha, sekaseka kgang ya mofuta wa boitlosobodutu. Tlhomamisega gore o ka bona mofuta o o siameng wa boitlosobodutu. Le fa go ntse jalo, gone ke boammaaruri gore bontsi jwa boitlosobodutu jo bo leng gone bo tlotlomatsa dilo tse Modimo a di tlhoileng, tse di akaretsang thubakanyo, tirisabadimo, kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ka jalo, o tshwanetse go sekaseka mofuta wa boitlosobodutu le boitapoloso jo o bo tlhophang. Bo go ama jang? A bo go tlhotlheletsa go rata thubakanyo, go nna le moya o o feteletseng wa kgaisano kgotsa bosetšhaba? (Dia. 3:31) A bo go feletsa madi? A bo ka kgopisa ba bangwe? (Bar. 14:21) Mofuta wa boitlosobodutu jo o bo tlhophang o dira gore o tsalane le batho ba mofuta mang? (Dia. 13:20) A bo go tlhotlheletsa go dira dilo tse di sa siamang?—Jak. 1:14, 15.

13, 14. O tshwanetse go akanyetsa eng malebana le nako e o e dirisang mo boitlosobodutung?

 13 Gape akanyetsa nako e o e fetsang mo boitlosobodutung. Ipotse, ‘A ke dirisa nako e ntsi mo boitapolosong go na le e ke e dirisetsang ditiro tsa Bogosi?’ Fa o tlhopha go dirisa nako e ntsi mo boitapolosong, nako ya gago ya go ikhutsa e ka se ka ya lapolosa jaaka e tshwanetse. Tota e bile, batho ba ba dirisang nako e e siameng go itapolosa ba tla itumela le go feta. Ka ntlha yang? Ka gonne ba a itse gore ba simolotse ka go dira “dilo tse di botlhokwa thata” pele, ga ba ikwatlhaele nako e ba e dirisang go intsha bodutu.—Bala Bafilipi 1:10, 11.

14 Le fa go dirisa nako e ntsi mo boitlosobodutung go ka bonala go itumedisa, go dira jalo go ka go katosetsa kgakala le Jehofa. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 20 e bong, Kim, o ithutile seo botlhoko. A re: “Ke ne ke ya kwa diphathing tsotlhe. Mafelobeke mangwe le mangwe go ne go na le phathi golo gongwe—Labotlhano, Matlhatso, le Sontaga. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke a lemoga gore go na le dilo tsa botlhokwa di le dintsi tse nka di dirang. Ka sekai e re ka ke le mmulatsela, ke tsoga ka ura ya borataro mo mosong gore ke ye tirelong ya tshimo, ka jalo nka se kgone go itlosa bodutu go fitlha ka ura ya bongwe kgotsa ya bobedi mo mosong. Ke a itse gore go itlosa bodutu ka bogone ga go phoso, le fa go ntse jalo, go ka go itaya tsebe thata. Fela jaaka sengwe le sengwe mo botshelong, boitlosobodutu bo na le nako ya jone.”

15. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba nne le boitlosobodutu jo bo lapolosang?

15 Batsadi ba na le boikarabelo jwa go itlamela le go tlamela bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang mo mmeleng, mo semoyeng le mo maikutlong. Seno se akaretsa go rulaganya gore ba nne le boitapoloso. Fa e le gore o motsadi, o se ka wa sulafaletsa bana ba gago monate, o dira gore go nne jaaka e kete ditsela tsotlhe tsa go itapolosa ga di a siama. Le fa go ntse jalo, nna o etse tlhoko ditlhotlheletso tse di sa siamang. (1 Bakor. 5:6) Fa o akanyeditse dilo go sa le gale, o ka kgona go bona boitapoloso jo bo lapolosang fela thata, jo bo ka solegelang wena le lelapa la gago molemo. * Fa o dira jalo, wena le bana ba gago lo tla tlhopha tsela e e tla dirang gore lo atamalane le Jehofa.

KAMANO YA GAGO LE BA LELAPA LA GAGO

16, 17. Ke boemo bofe jo bo utlwisang botlhoko thata jo batsadi ba le bantsi ba lebanang le jone, mme re itse jang gore Jehofa o tlhaloganya kutlobotlhoko ya bone?

16 Kamano e e leng teng gareng ga motsadi le ngwana e nonofile thata jaana mo Jehofa a ileng a e dirisa go bontsha kafa a ratang batho ba gagwe ka gone. (Isa. 49:15) Ka jalo, ke ga tlholego gore re utlwe botlhoko thata fa mongwe mo lelapeng a tlogela Jehofa. Kgaitsadi mongwe yo morwadie a kgaotsweng o ne a bua jaana: “Ke ne ke utlwile botlhoko tota. Ke ne ke ipotsa jaana, ‘Ke eng fa a tlogetse Jehofa?’ Ke ne ka ikutlwa ke le molato, e bile ke ipona phoso.”

17 Jehofa o tlhaloganya botlhoko jo o bo utlwang. Ene ka boene o ne a “utlwa botlhoko mo pelong” fa motho wa ntlha mo lelapeng la batho a ne a mo tsuologela, mme moragonyana batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela pele ga Morwalela le bone ba ne ba tsuologa. (Gen. 6:5, 6) Go ka nna thata gore batho ba ba iseng ba latlhegelwe ka tsela eo ba tlhaloganye kafa seo se ka utlwisang botlhoko ka gone. Le fa go ntse jalo, go tla bo go se botlhale go letla tsela e e sa siamang e mongwe mo lelapeng a e latelang e go katosetsa kgakala le Jehofa. Ka jalo, o ka itshokela jang khutsafalo e kgolo e e nnang gone fa mongwe mo lelapeng yo o atamalaneng thata le ene a tlogela Jehofa?

18. Ke eng fa batsadi ba sa tshwanela go ipega molato fa ngwana wa bone a tlogela Jehofa?

18 O se ka wa ipega molato ka se se diragetseng.  Jehofa o neile mongwe le mongwe wa rona tshwanelo ya go itlhophela, e bile mongwe le mongwe mo lelapeng yo o kolobeditsweng o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe.” (Bagal. 6:5) Kgabagare, Jehofa o lebeletse gore moleofi—e seng wena—e nne ene a rwalang boikarabelo jwa tshwetso e a e dirileng. (Esek. 18:20) Gape o se ka wa pega ba bangwe molato. Tlotla tsela e Jehofa a kgalemelang batho ba gagwe ka yone. Ganetsa Diabolo—e seng badisa ba ba tsayang dikgato go sireletsa phuthego.—1 Pet. 5:8, 9.

Ga go phoso go solofela gore mongwe yo o mo ratang o tla boela kwa go Jehofa

19, 20. (a) Batsadi ba bana ba ba kgaotsweng ba ka dira eng go lepalepana le kutlobotlhoko ya bone? (b) Batsadi bao ba na le tsholofelo efe?

19 Mo godimo ga moo, fa o tlhopha go kgotswela Jehofa o tla katogela kgakala le ene. Tota se mongwe yo o rategang mo lelapeng la gago a tlhokang go se bona mo go wena ke gore, o ikemiseditse go dira gore Jehofa a tle pele ga sengwe le sengwe mo botshelong jwa gago—go akaretsa le kamano ya gago le ba lelapa. Ka jalo, gore o kgone go lepalepana le boemo jwa gago, tlhomamisega gore o dira gore kamano ya gago le Jehofa e nonofe. O se ka wa itlhaola mo bakaulengweng ba gago le mo bokgaitsading ba Bakeresete. (Dia. 18:1) Bulela Jehofa mafatlha ka thapelo. (Pes. 62:7, 8) O se ka wa dira diipato tsa go bua le wa lelapa la gago yo o kgaotsweng, gongwe ka e-mail. (1 Bakor. 5:11) Nna o tshwaregile ka dilo tsa semoya. (1 Bakor. 15:58) Kgaitsadi yo o umakilweng fa godimo a re: “Ke a itse gore ke tshwanetse go nna ke tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa le go inonotsha semoyeng gore fa morwadiake a boela mo go Jehofa ke kgone go mo thusa.”

20 Baebele ya re, lorato “lo solofela dilo tsotlhe.” (1 Bakor. 13:4, 7) Ga go phoso gore o nne le tsholofelo ya gore motho yo o mo ratang o tla boela kwa go Jehofa. Ngwaga le ngwaga, badiraphoso ba le bantsi ba a ikwatlhaya mme ba boela mo phuthegong ya ga Jehofa. Jehofa ga a nne a ba tshwaretse sekgopi fa ba ikwatlhaya. Go na le moo, “o iketleeleditse go itshwarela.”—Pes. 86:5.

DIRA DITSHWETSO TSE DI BOTLHALE

21, 22. O ikemiseditse go dira eng ka kgololesego e o nang le yone ya go itlhophela?

21 Jehofa o neile batho kgololesego ya go itlhophela. (Bala Duteronome 30:19, 20.) Mme kgololesego eo e tsamaisana le maikarabelo a a masisi. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke ipeetse mokgele ofe? A ke letlile tiro, boitlosobodutu le boitapoloso kgotsa kamano ya me le ba lelapa go nkatosetsa kgakala le Jehofa?’

22 Lorato lo Jehofa a ratang batho ka lone ga lo kitla lo reketla. Re ka katogela kgakala le Jehofa fela fa re tlhopha go latela tsela e e phoso. (Bar. 8:38, 39) Le fa go ntse jalo, seo ga se a tshwanela go re diragalela! Ikemisetse gore o se ka wa letla sepe go go katosetsa kgakala le Jehofa. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dikarolo tse dingwe tse nnè tse re ka bontshang seno mo go tsone.

^ ser. 10 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go tlhopha tiro, bona buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo ya 2, kgaolo 38.