Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bagolwane—A lo Tla Lapolosa “Moya o o Lapileng”?

Bagolwane—A lo Tla Lapolosa “Moya o o Lapileng”?

Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang e bong Angela, * yo o mo dingwageng tsa bo30, o tshwenyegile mo maikutlong. O letetse bagolwane ba ba tlileng go mo etela. Ba tlile go mo raya ba reng? Boammaaruri ke gore o ntse a sa nne gone kwa dipokanong di le mmalwa, mme gone, o a bo a lapile morago ga tiro ya letsatsi lotlhe ya go tlhokomela bagodi. Mo godimo ga mathata a gagwe a letsatsi le letsatsi, o tlhobaela thata ka botsogo jwa ga mmaagwe.

Fa e ne e le wena o tlileng go etela Angela, o ne o tla kgothatsa jang ‘moya ono o o lapileng’? (Jer. 31:25) Gone mme, o ne o tla baakanyetsa jang loeto lwa bodisa lo lo lapolosang?

AKANYA KA MAEMO A BAKAULENGWE BA GAGO

Ka dinako dingwe rotlhe re a tle re lape ka ntlha ya tiro ya boitshediso kgotsa ka ntlha ya maikarabelo a phuthego. Ka sekai, moporofeti Daniele o ne ‘a ikutlwa a feletswe ke maatla’ fa a bona ponatshegelo e a neng a sa e tlhaloganye. (Dan. 8:27) O ne a bona thuso fa moengele Gabariele a ne a bonala kwa go ene. Morongwa yono wa Modimo o ne a thusa Daniele go tlhaloganya ponatshegelo eno, a mo tlhomamisetsa gore Jehofa o utlwile dithapelo tsa gagwe, a ba a bolelela Daniele gore e sa ntse e le “mongwe yo o rategang.” (Dan. 9:21-23) Moragonyana mafoko a a akanyeditsweng sentle, a a neng a buiwa ke moengele yo mongwe a ne a nonotsha moporofeti yono yo o neng a feletswe ke maatla.—Dan. 10:19.

Pele ga o dira loeto lwa bodisa, iphe nako ya go akanya ka maemo a modumedimmogo le wena

Ka tsela e e tshwanang, pele ga o etela modumedimmogo le wena yo a ka tswang a lapile kgotsa a kgobegile marapo, iphe nako ya go akanya ka maemo a gagwe. O na le mathata afe? Mathata ao a ka tswa a mo fetsa maatla jang? O na le dinonofo dife tse di molemo?  Richard, yo o nang le dingwaga di feta 20 e le mogolwane, o bua jaana: “Ke tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse bakaulengwe ba me ba kgonang go di dira.” Gape a re: “Fa ke akanya ka kelotlhoko ka maemo a bone pele ga ke ba etela, go nna motlhofo gore ke kgone go bona ditsela tsa go ba kgothatsa go dumalana le se tota ba se tlhokang.” Fa e le gore o tlile go tsamaya le mogolwane yo mongwe, ke eng fa lo sa sekaseke maemo a mokaulengwe wa lona mmogo?

DIRA GORE BAKAULENGWE BA GAGO BA IKUTLWE BA PHUTHOLOGILE

Boammaaruri ke gore motho a ka tlhabiwa ke ditlhong go bua ka maikutlo a gagwe. Ka sekai: Go ka tswa go le boima gore mokaulengwe a bulele bagolwane mafatlha. Ka jalo, o ka dira jang gore a ikutlwe a phuthologile? Monyenyo wa gago o o tswang pelong le mafoko a le mmalwa a a nametsang a ka nna molemo. Gantsi fa Michael, yo o nang le dingwaga di feta 40 e le mogolwane, a dira loeto lwa bodisa, o simolola motlotlo ka tsela eno: “Nngwe ya ditshiamelo tse di molemo tsa go nna mogolwane ke go etela bakaulengwe kwa magaeng a bone gore o tle o ba itse botoka. Ka jalo, ke ntse ke swegaswega pelo gore ke go etele gompieno.”

O ka nna wa rapela pele ga lo simolola go tlotla. Mo dithapelong tsa gagwe, moaposetoloi Paulo o ne a umaka tumelo ya bakaulengwe ba gagwe, lorato lwa bone le boitshoko jwa bone. (1 Bathes. 1:2, 3) Fa o bua ka dinonofo tse di molemo tsa mokaulengwe wa gago mo thapelong, tota o a bo o baakanya pelo ya gago le ya gagwe gore lo tle lo nne le motlotlo o o molemo. Mafoko a gago le one a ka mo kgothatsa. Ray, yo e leng mogolwane yo o nang le maitemogelo a re: “Ka dinako dingwe, rotlhe re lebala dilo tse di molemo tse re di dirang. Ka jalo, fa motho yo mongwe a re di gopotsa, seno se re lapolosa mo moyeng.”

BA NEYE MPHO YA SEMOYA

Fela jaaka Paulo, le wena o ka kgona go ‘naya ba bangwe mpho nngwe ya semoya,’ ka go ba kgothatsa ka ntlha nngwe e e theilweng mo Dikwalong, tota le fa e ka nna temana e le nngwe fela. (Bar. 1:11) Ka sekai, mokaulengwe yo o tshwenyegileng mo maikutlong a ka ikutlwa e se motho wa sepe, fela jaaka mopesalema yo o neng a itshwantsha le ‘modutwana o o kokoropaneng  mo mosing.’ (Pes. 119:83, 176) Morago ga go tlhalosa temana eo ka bokhutshwane, o ka tlhomamisetsa mokaulengwe wa gago gore o a itse gore ga “a lebala” melao ya Modimo.

Ka tsela e e tshwanang, gongwe setshwantsho sa ledi la tshipi la derakema le le neng le latlhegile, se ka kgothatsa kgaitsadi yo o katogetseng kgakala le phuthego kgotsa yo o sa tlholeng a le matlhagatlhaga. (Luke 15:8-10) Gongwe ledi leo la tshipi e ka tswa e ne e le karolo ya sebaga se se neng se dirilwe ka madi a selefera a le mantsi. Fa o tlotla ka setshwantsho seno le ene, seno se ka nna sa mo thusa gore a bone gore le ene ke karolo e e botlhokwa thata ya phuthego ya Bokeresete. Morago ga go tlotla ka setshwantsho seno, o ka nna wa gatelela ntlha ya gore Jehofa o amega ka ene, e re ka e le nngwe ya dinku tsa gagwe tse dinnye.

Gantsi badumedimmogo le rona ba rata go tlotla ka se ba se badileng mo Baebeleng. Ka jalo, e se ka ya nna wena fela o buang! Morago ga go bala temana e e tsamaisanang le boemo jwa mokaulengwe yo o mo etetseng, o ka nna wa tlhopha ntlha nngwe ya konokono o bo o mo kopa gore a bue sengwe ka yone. Ka sekai, morago ga go bala 2 Bakorintha 4:16, mogolwane a ka botsa jaana, “A wena o kile wa lemoga ditsela dingwe tse Jehofa a go ntšhafaditseng ka tsone?” Potso eo e ka dira gore lo “kgothatsane.”—Bar. 1:12.

Gantsi badumedimmogo le rona ba rata go tlotla ka se ba se badileng mo Baebeleng

Gape o ka lapolosa modumedimmogo le wena ka go tlotla le ene ka mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng yo o neng a le mo boemong jo bo tshwanang le jwa gagwe. Mongwe yo o kgobegileng marapo a ka tswa a le mo boemong jo bo tshwanang le jwa ga Hana kgotsa jwa ga Epaforodito, bao ka dinako dingwe ba neng ba tshwenyegile mo maikutlong mme ba ile ba nna ba ntse ba le botlhokwa mo matlhong a Modimo. (1 Sam. 1:9-11, 20; Bafil. 2:25-30) Ke eng fa lo sa tlotle ka dikao dingwe tse di molemo tse di mo Baebeleng, fa maemo a letla?

TSWELELA O BONTSHA GORE O A BA KGATLHEGELA

O ka bontsha gore o amega ka tsela ya mmatota ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago, ka go tswelela o ba bontsha gore o a ba kgatlhegela morago ga go ba etela. (Dit. 15:36) Kwa bokhutlong jwa loeto lwa gago, o ka nna wa bona go le molemo go rulaganya gore lo ye bodireding mmogo. Fa Bernard, yo e leng mogolwane yo o nang le maitemogelo, a kopana le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo a sa tswang go mo etela mo bogautshwaneng, a ka umaka ka botlhale kgakololo nngwe e a e mo neileng ka go mmotsa jaana: “Go ntse go ya jang, a dilo di ne tsa siama?” Fa o bontsha gore o kgatlhegela motho go tswa pelong, o tla kgona go lemoga gore a o sa ntse o tlhoka go tswelela o mo thusa.

Sa botlhokwa le go feta ke gore, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tlhoka go ikutlwa ba na le mongwe yo o ba tlhaloganyang, yo o ba ratang le yo o amegang ka bone. (1 Bathes. 5:11) Ka jalo, pele ga o dira loeto lwa bodisa, iphe nako ya go akanya ka maemo a mokaulengwe wa gago. Rapelela loeto loo. Batla ditemana tse di tshwanetseng. Fa o dira jalo, o tla bona mafoko a a tshwanetseng gore o ‘lapolose meya e e lapileng’!

^ ser. 2 Maina a fetotswe.