Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ela Tlhoko Gore o Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe

Ela Tlhoko Gore o Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe

“Ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo!”—2 PET. 3:11.

1, 2. ‘Re tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe’ gore Modimo a re amogele?

GO TLWAELEGILE gore re amege ka se batho ba bangwe ba se akanyang ka rona. Le fa go ntse jalo, e re ka re le Bakeresete, re tshwanetse go amega thata ka gore Jehofa o re leba jang. Kana e bile, ke Motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong e bile ke “motswedi wa botshelo.”—Pes. 36:9.

2 Fa moaposetoloi Petere a gatelela gore Jehofa o lebeletse gore re nne ‘batho ba mofuta ofe,’ o ne a re kgothaletsa gore re dire ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.’ (Bala 2 Petere 3:11.) E le gore Modimo a re amogele, ‘ditiro tsa rona tsa boitshwaro’ di tshwanetse go nna boitshepo, se se kayang go nna phepa—mo boitsholong, mo mogopolong le mo semoyeng. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go dira “ditiro tsa boineelo jwa bomodimo,” ka go boifa Modimo re bo re mo rate ka botlalo. Ka jalo, gore Jehofa a re amogele, re tshwanetse go ela tlhoko se re leng sone mo teng e seng fela boitshwaro jwa rona. E re ka e le “motlhatlhobi wa pelo,” o kgona go lemoga gore a ditiro tsa rona di boitshepo le gore a re ineetse mo go ene ka botlalo kgotsa nnyaa.—1 Ditir. 29:17.

3. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife malebana le kamano ya rona le Modimo?

3 Satane Diabolo ga a batle gore re leke gore re amogelwe ke Modimo. Tota e bile, o leka ka bojotlhe go dira gore re kgaotse kamano e re nang le yone le Jehofa. Satane ga a okaoke go dirisa maaka le boferefere go re raela le go re katosetsa kgakala le Modimo yo re mo obamelang. (Joh. 8:44; 2 Bakor. 11:13-15) Ka jalo, go botlhale gore re ipotse jaana: ‘Satane o tsietsa batho jang? Nka dira eng gore ke sireletse kamano ya me le Jehofa?’

SATANE O TSIETSA BATHO JANG?

4. Satane o dirisa eng go leka go fedisa kamano e re nang le yone le Modimo, mme ka ntlha yang?

4 Morutwa Jakobe a re: “Mongwe le mongwe o lekwa ka  go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo; boleo le jone, fa bo sena go diragadiwa, bo tsala loso.” (Jak. 1:14, 15) Gore Satane a senye kamano e re nang le yone le Modimo, o dirisa motswedi wa dikeletso tsa rona—pelo ya rona.

5, 6. (a) Satane o dirisa ditsela dife go re raela? (b) Satane o dirisa dirai dife gore re nne le dikeletso tse di sa siamang mo pelong, mme o ile a kgona go di dirisa jang?

5 Satane o dirisa pelo ya rona ka ditsela dife? Baebele ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Joh. 5:19) Dibetsa tsa ga Satane di akaretsa “dilo tse di mo lefatsheng.” (Bala 1 Johane 2:15, 16.) Satane o ile a nna a dirisa maemo a re tshelang mo go one ka botlhale ka diketekete tsa dingwaga. E re ka re tshela mo lefatsheng leno, re tshwanetse go ikela tlhoko kgatlhanong le maano a gagwe a a bofitlha.—Joh. 17:15.

6 Satane o dirisa mekgwa e e dirang gore re nne le dikeletso tse di sa siamang mo pelong. Moaposetoloi Johane o umaka dirai di le tharo tse Satane a di dirisang: (1) “keletso ya nama,” (2) “keletso ya matlho” le (3) “go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” Satane o ne a dirisa dirai tseno go raela Jesu kwa nageng. E re ka Satane a na le dingwaga di le dintsi a dirisa dirai tseno, le gompieno o a atlega go di dirisa, ka go dira gore tsela e a raelang mongwe le mongwe ka yone e tsamaisane le dikeletso tsa motho yoo. Pele ga re sekaseka ditsela tse re ka itshireletsang ka tsone, mma re boneng kafa Diabolo a neng a atlega ka gone fa a dirisa dirai dingwe go raela Efa mme a retelelwa fa a ne a leka go di dirisa mo go Morwa Modimo.

“KELETSO YA NAMA”

Efa o ne a tsiediwa ke “keletso ya nama” (Bona serapa 7)

7. Satane o ne a dirisa “keletso ya nama” jang go raela Efa?

7 Batho ba na le sengwe sa botlhokwa se ba se tlhokang gore ba tswelele ba tshela—ba tlhoka dijo. Mmopi o dirile gore lefatshe le kgone go ntsha dijo di le dintsi. Satane a ka leka go dira gore re se ka ra dira thato ya Modimo ka go dirisa keletso ya rona ya tlholego ya go ja. Ela tlhoko kafa a dirileng seo ka gone mo go Efa. (Bala Genesise 3:1-6.) Satane o ne a bolelela Efa gore o ne a ka ja leungo la “setlhare sa kitso ya molemo le bosula” mme o ne a ka se swe, a bo a mmolelela gore mo letsatsing le a neng a tla se ja, o tla tshwana le Modimo. (Gen. 2:9) Ka jalo, Satane o ne a kaya gore Efa o ne a sa tlhoke go ikobela Modimo gore a kgone go tshela. Ruri ao e ne e le maaka a matala! Fa Satane a sena go tsenya kakanyo eo mo mogopolong wa ga Efa, Efa o ne a ka tlhopha gareng ga dilo tse pedi: O ne a ka gana kakanyo eo, kgotsa o ne a ka tswelela a akanya ka yone, a letla gore keletso ya go ja leungo e gole. Le fa a ne a ka ja maungo a ditlhare tse dingwe tsotlhe tse di mo tshimong, Efa o ne a tlhopha go tlhoma mogopolo mo go se Satane a neng a se bua malebana le setlhare se se neng se le mo gare ga tshimo, o ne “a tsaya leungo la sone mme a le ja.” Ka jalo, Satane o ne a dira gore Efa a nne le keletso  ya sengwe se Mmopi wa gagwe a neng a se ileditse.

Jesu ga a ka a letla sepe se mo itaya tsebe (Bona serapa 8)

8. Satane o ne a dirisa “keletso ya nama” jang go leka go raela Jesu, mme ke ka ntlha yang fa a ile a se ka a atlega?

8 Satane o ne a dirisa lone leano leo go raela Jesu kwa nageng. Fa Jesu a sena go itima dijo ka malatsi a le 40 le masigo a le 40, Satane o ne a leka go mo raela a dirisa keletso ya dijo. Satane o ne a mo raya a re: “Fa e le gore o morwa Modimo, raya leje leno o re le fetoge senkgwe.” (Luke 4:1-3) Jesu o ne a ka tlhopha gareng ga dilo tse pedi: O ne a ka tlhopha go dirisa maatla a gagwe ka kgakgamatso go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya dijo, kgotsa o ne a ka tlhopha go se a dirise. Jesu o ne a itse gore ga a tshwanela go dirisa maatla ao go kgotsofatsa dikeletso tsa bopelotshetlha. Le fa a ne a tshwerwe ke tlala, go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya dijo go ne go se botlhokwa go feta go boloka kamano ya gagwe le Jehofa. Jesu o ne a araba Satane jaana: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.’”—Math. 4:4.

“KELETSO YA MATLHO”

9. Polelwana e e reng “keletso ya matlho” e kaya eng, mme Satane o ne a dirisa keletso eno jang go raela Efa?

9 Gape Johane o ne a umaka “keletso ya matlho” e le serai. Polelwana eno e ka kaya gore motho a ka simolola go eletsa selo fela ka go se leba. Fa Satane a raela Efa, o ne a dirisa serai seno mme a mo raya a re: “Matlho a lona a tla bulega.” Fa Efa a ne a tswelela a lebile leungo le le ileditsweng, keletso ya gagwe ya go le ja e ne ya gola le go feta. Efa o ne a bona gore setlhare “se ne se eletsega go lejwa.”

10. Satane o ne a dirisa “keletso ya matlho” ka tsela efe go raela Jesu, mme Jesu o ne a mo araba jang?

10 Mme go tweng fa a ne a raela Jesu? Satane o ne a “mmontsha magosi otlhe a lefatshe le le nang le banni ka nako e khutshwanyane; mme Diabolo a mo raya a re: ‘Ke tla go naya taolo eno yotlhe le kgalalelo ya yone.’” (Luke 4:5, 6) Jesu o ne a ka se kgone go bona magosi ao otlhe ka tsela ya mmatota ka yone nako eo, mme Satane a ka tswa a ne a akanya gore ka tsela nngwe, kgalalelo ya magosi ao e ne e ka ngoka Jesu fa a e bona mo ponatshegelong. Satane ga a ka a tlhabiwa ke ditlhong go mo raya a re: “Fa o ka obama fa pele ga me, yotlhe e tla nna ya gago.” (Luke 4:7) Jesu o ne a sa batle go nna motho yo Satane a neng a batla gore e nne ene. O ne a mo araba ka yone nako eo. O ne a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’”—Luke 4:8.

“GO BONTSHA KA MABELA SE MOTHO A NANG LE SONE MO BOTSHELONG”

11. Satane o ne a raela Efa jang?

11 Fa Johane a ne a bua ka dilo tse di mo lefatsheng, o ne a umaka “go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” Fa Adame le Efa e ne e le bone fela mo lefatsheng,  ga go pelaelo gore go ne go se na ope yo ba neng ba ka ‘mmontsha ka mabela se ba nang le sone mo botshelong.’ Le fa go ntse jalo, ba ne ba bontsha boikgogomoso. Fa Satane a ne a raela Efa, o ne a bua sengwe se se kayang gore Modimo o mo ganela ka sengwe se se molemo. Diabolo o ne a mmolelela gore mo go lone letsatsi le a jang leungo la “setlhare sa kitso ya molemo le bosula” ‘ruri o tla tshwana le Modimo, a itse molemo le bosula.’ (Gen. 2:17; 3:5) Ka jalo, Satane o ne a raya gore Efa o ne a se kitla a tlhoka go ikaega ka Jehofa. Go bonala boikgogomoso e le jone bo dirileng gore Efa a dumele maaka ao. O ne a ja leungo le le ileditsweng, a dumela gore tota ga a kitla a swa. Abo a ne a fositse jang ne!

12. Tsela e nngwe gape e Satane a neng a leka go raela Jesu ka yone ke efe, mme Jesu o ne a araba jang?

12 Go farologana le Efa, ruri Jesu ene o re tlhometse sekao se se molemo sa go nna boikobo! Satane o ne a leka go mo raela ka tsela e nngwe gape, le fa go ntse jalo, Jesu o ne a gana a sa tikatike go dira sengwe se se ka kgatlhang ba bangwe mme gone se ka leka Modimo. Ruri go dira jalo e ne e tla bo e le go ikgogomosa! Go na le moo, karabo eno ya ga Jesu e ne e utlwala e bile e tlhamaletse: “Ga twe, ‘O se ka wa leka Jehofa Modimo wa gago.’”—Bala Luke 4:9-12.

RE KA SIRELETSA JANG KAMANO YA RONA LE JEHOFA?

13, 14. Tlhalosa kafa Satane a dirisang dirai dingwe ka gone gompieno.

13 Gompieno Satane o dirisa dirai tse di tshwanang le tse a di dirisitseng go raela Efa le Jesu. Diabolo o dirisa “keletso ya nama” ka go raela batho a dirisa lefatshe la gagwe go rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang, go ja bobe le go nwa bobe. O dirisa “keletso ya matlho” go raela batho ba ba seng kelotlhoko gore ba lebe ditshwantsho tse di hepisang, segolobogolo mo Internet. Mme ruri batho ba ba ikgogomosang le ba ba ratang go ‘bontsha ka mabela se ba nang le sone mo botshelong,’ o ba raela ka go rata madi, go rata taolo, le go tuma!

O tshwanetse go akanya ka melaometheo efe ya Baebele fa o lebane le maemo ano? (Bona serapa 13, 14)

14 “Dilo tse di mo lefatsheng” di tshwana le dirai tsa motshwaraditlhapi. Dirai tseo di a gogela, mme gone, serai sengwe le sengwe se na le sekgwage. Satane o dirisa se batho ba ka se tsayang e le dilo tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi, go ba tlhotlheletsa gore ba dire sengwe se se kgatlhanong le melao ya Modimo. Le fa go ntse jalo, dithaelo tseo tse di bofitlha, di diretswe gore di tlhotlheletse dikeletso tsa rona le go senya dipelo tsa rona. Tota di leka go dira gore re akanye gore go itlamela ka se re se tlhokang le go nna le dilo  tsa manobonobo, go botlhokwa go feta go dira thato ya Modimo. A dirai tseo di tla atlega mo go rona?

15. Re ka etsa Jesu jang ka go emelana le dithaelo tsa ga Satane?

15 Le fa Efa a ne a ineela go raelwa ke Satane, Jesu ene o ne a emelana le ene. Nako nngwe le nngwe o ne a mo araba a dirisa Dikwalo, a re: “Go kwadilwe ga twe” kgotsa “Ga twe.” Fa re ithuta Baebele ka tlhoafalo, re tla itse Dikwalo mme re kgone go gakologelwa ditemana tse di ka re thusang go nna re akanya sentle fa re raelwa. (Pes. 1:1, 2) Go gakologelwa dikao tsa batho ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba ikanyega mo Modimong, go tla re thusa gore re ba etse. (Bar. 15:4) Go tlotla Jehofa ka tsela ya mmatota, go rata se a se ratang le go tlhoa se a se tlhoileng, go tla re dibela.—Pes. 97:10.

16, 17. ‘Maatla a rona a go akanya’ a ka nna le tlhotlheletso efe mo goreng re batho ba mofuta ofe?

16 Moaposetoloi Paulo o re kgothaletsa gore re dirise ‘maatla a rona a go akanya,’ gore re nne batho ba ba tlhotlhelediwang ke tsela ya Modimo ya go akanya e seng ke tsela ya lefatshe. (Bar. 12:1, 2) Fa Paulo a tlhalosa botlhokwa jwa go laola ka botlalo dilo tse re itetlang go akanya ka tsone, o ne a re: “Re pitikolola dikakanyo le selo sengwe le sengwe se se kwa godimo se se goleditsweng kgatlhanong le kitso ka ga Modimo; mme re tsenya kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong go e dira gore e utlwe Keresete.” (2 Bakor. 10:5) Dikakanyo tsa rona di na le tlhotlheletso e kgolo mo goreng re nna batho ba mofuta ofe, ka jalo, re tshwanetse go ‘tswelela re akanya’ ka dilo tse di agang.—Bafil. 4:8.

17 Ga re ka ke ra lebelela gore re nne boitshepo fa re nnela go akanya ka dilo tse di sa siamang le go nna le dikeletso tse di sa siamang. Re tshwanetse go rata Jehofa ka ‘pelo e e phepa.’ (1 Tim. 1:5) Le fa go ntse jalo, pelo e boferefere mme re ka tswa re sa lemoge kafa “dilo tse di mo lefatsheng” di re amang thata ka gone. (Jer. 17:9) Ka jalo, ruri re tshwanetse go ‘nna re leka gore a re mo tumelong, le go nna re ipontsha se rona ka borona re leng sone’ ka go itlhatlhoba ka boikanyegi re dirisa se re ithutileng sone mo Baebeleng!—2 Bakor. 13:5.

18, 19. Ke eng fa re tshwanetse go nna motho wa mofuta o Jehofa a batlang gore re nne ene?

18 Sengwe gape se se ka re thusang go emelana le “dilo tse di mo lefatsheng,” ke go nna re akantse ka mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga Johane: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Joh. 2:17) Tsamaiso ya ga Satane e lebega e le ya mmatota e bile e le sengwe se se tla nnelang ruri. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe e tla ya bokhutlong. Ga go sepe mo lefatsheng la ga Satane se se tla nnelang ruri. Go gopola ntlha eno go tla re thusa gore re se ka ra gogelwa ke dirai tsa ga Diabolo.

19 Moaposetoloi Petere o re rotloetsa gore re nne batho ba mofuta o Modimo a o amogelang fa re ntse re ‘letetse e bile re ntse re akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa, le mo go lone magodimo ka a tla bo a le mo molelong a tla nyerologang le dilo tse di a bopang ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologang!’ (2 Pet. 3:12) Go ise go ye kae, letsatsi leo le tla goroga, mme Jehofa o tla fedisa dikarolo tsotlhe tsa lefatshe la ga Satane. Go fitlha nako eo e goroga, Satane o tla tswelela a ntse a dirisa “dilo tse di mo lefatsheng” go re raela, fela jaaka a ne a raela Efa le Jesu. Ga re a tshwanela go tshwana le Efa mme re batle go kgotsofatsa dikeletso tsa rona. Go dira jalo go tla bo go tshwana fela le go tsaya Satane e le modimo wa rona. Re tshwanetse go tshwana le Jesu mme re emelane le dithaelo tseo, le fa Satane a ka tswa a dira gore di lebege di kgatlha e bile di gogela go le kana kang. E kete mongwe le mongwe wa rona a ka ikemisetsa go nna motho wa mofuta o Jehofa a batlang gore re nne ene.