Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira Gore Dikgakololo Tsa ga Jehofa e Nne Boitumelo Jwa Pelo ya Gago

Dira Gore Dikgakololo Tsa ga Jehofa e Nne Boitumelo Jwa Pelo ya Gago

“Ke tsere dikgakololo tsa gago e le thuo ka bosakhutleng.” —PES. 119:111.

1. (a) Batho ba tsibogela jang kgakololo mme ka ntlha yang? (b) Boikgogomoso bo ka ama jang tsela e motho a lebang kgakololo ka yone?

BATHO ba tsibogela taelo ka ditsela tse di sa tshwaneng. Fa motho a gakololwa ke mongwe wa maemo a a kwa godimo, a ka nna a amogela kgakololo eo sentle mme gone, fa a gakololwa ke mongwe yo o lekanang le ene kgotsa mongwe wa maemo a a kwa tlase, a ka nna a e gana a sa potapote. Tsela e re ikutlwang ka yone fa re otlhaiwa kgotsa fa re kgalemelwa le yone e farologana thata. Re ka nna ra utlwa botlhoko, ra tlhabiwa ke ditlhong kgotsa ra ikutlwa re tlhotlheletsegile kgotsa ra fitlhela go le thata go amogela kgakololo eo. Ke eng fa re nna le maikutlo ao a a sa tshwaneng? Lebaka lengwe ke boikgogomoso. Eleruri boikgogomoso bo ka dira gore motho a se ka a leba dilo ka tsela e e siameng, bo ka dira gore a itlhokomolose kgakololo mme a se ka a solegelwa molemo ke kgakololo eo e e molemo.—Dia. 16:18.

2. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba anaanela kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo?

2 Bakeresete ba boammaaruri bone ba anaanela kgakololo e e molemo, segolobogolo fa e theilwe mo Lefokong la Modimo. Dikgakololo tsa ga Jehofa di dira gore re nne le temogo, di a re ruta le go re thusa gore re ka tila jang dirai tse di jaaka go rata dikhumo, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go dirisa diokobatsi kgotsa bojalwa ka tsela e e sa siamang. (Dia. 20:1; 2 Bakor. 7:1; 1 Bathes. 4:3-5; 1 Tim. 6:6-11) Mo godimo ga moo, fa re ikobela dikgakololo tsa Modimo, re tla ipelela go nna le “seemo se se molemo sa pelo.”—Isa. 65:14.

3. Go ka nna molemo gore re nne le boikutlo bofe jo bo tshwanang le jwa ga mopesalema?

3 Re tshwanetse go tswelela re dirisa ditaelo tse di botlhale tsa ga Jehofa mo botshelong jwa rona, gore re nne re na le kamano e e botlhokwatlhokwa le Rraarona yo o  kwa legodimong. Ruri go molemo go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga mopesalema, yo o neng a re: “Ke tsere dikgakololo tsa gago e le thuo ka bosakhutleng, gonne ke boitumelo jwa pelo ya me”! (Pes. 119:111) A le rona re itumelela ditaelo tsa ga Jehofa kgotsa ka dinako dingwe re di tsaya e le mokgweleo? Le fa ka dinako dingwe re ka kgopisiwa ke kgakololo nngwe e re e newang, ga re a tshwanela go itlhoboga. Re ka lwela go ikanya botlhale jo bogolo jwa Modimo ka botlalo! A re sekasekeng ditsela di le tharo tsa kafa re ka dirang seno ka gone.

DIRISA THAPELO GO GO THUSA GO IKANYA MODIMO

4. Dafide o ne a dira eng ka metlha?

4 Kgosi Dafide o ne a lebana le dinako tse di botlhoko le tse di monate mo botshelong jwa gagwe, le fa go ntse jalo, ka metlha o ne a ikanya Mmopi wa gagwe. O ne a re: “Ke tsholeletsa moya wa me kwa go wena, Jehofa. Wena Modimo wa me, ke ikantse wena.” (Pes. 25:1, 2) Ke eng se se thusitseng Dafide gore a ikanye Rraagwe yo o kwa legodimong ka tsela e e ntseng jalo?

5, 6. Lefoko la Modimo le re bolelela eng malebana le kamano e Dafide a neng a na le yone le Jehofa?

5 Batho ba le bantsi ba rapela Modimo fela fa ba le mo mathateng a magolo. Go tweng fa e le gore tsala ya gago kgotsa wa losika o bua le wena fela fa a tlhoka madi kgotsa a batla gore o mo direle sengwe? Fa nako e ntse e ya, o ka nna wa simolola go belaela maitlhomo a gagwe a go batla go nna tsala ya gago. Le fa go ntse jalo, Dafide ene o ne a sa dire jalo. Kamano e Dafide a neng a na le yone le Jehofa mo botshelong jotlhe jwa gagwe, e ne e bontsha gore o na le tumelo mo Modimong le gore o a mo rata—mo dinakong tse di botlhoko le tse di monate.—Pes. 40:8.

6 Ela tlhoko mafoko ano a Dafide a neng a leboga le go baka Jehofa ka one: “Wena Jehofa Morena wa rona, a bo leina la gago le tlotlometse jang ne mo lefatsheng lotlhe, wena yo seriti sa gago se anelwang kwa godimo ga magodimo!” (Pes. 8:1) A o kgona go bona kafa Dafide a neng a atamalane ka gone le Rraagwe yo o kwa legodimong? Dafide o ne a anaanela Jehofa “letsatsi lotlhe” ka ntlha ya bogolo jwa gagwe le kgalalelo ya gagwe.—Pes. 35:28.

7. Go atamalana le Modimo ka thapelo go re solegela molemo jang?

7 Fela jaaka Dafide, le rona re tshwanetse go buisana le Jehofa ka metlha gore re kgone go mo ikanya. Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jak. 4:8) Go atamalana le Modimo ka thapelo, ke tsela e nngwe e e botlhokwa e re ka amogelang moya o o boitshepo ka yone.—Bala 1 Johane 3:22.

8. Ke eng fa re tshwanetse go tila go boaboeletsa mafoko a le mangwe fa re rapela?

8 A gantsi fa o rapela o boeletsa mafoko a le mangwe kgapetsakgapetsa? Fa e le gore go ntse jalo, pele ga o rapela, iphe nako go akanya ka se o tlileng go se bua. Fa e le gore nako le nako re boaboeletsa mafoko a a tshwanang fa re bua le tsala kgotsa mongwe wa losika, a o ne a tla itumelela seo? A ka nna a se ka a tlhola a re reetsa. Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a kitla a itlhokomolosa thapelo e e tswang pelong ya motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang. Mme gone, re tshwanetse go tila go dirisa mokgwa o le mongwe fa re buisana le ene.

9, 10. (a) Ke dilo dife tse re ka di rapelelang? (b) Ke eng se se ka re thusang go rapela dithapelo tse di tswang pelong?

9 Ga go pelaelo gore fa re batla go atamalana le Modimo, dithapelo tsa rona ga di a tshwanela go nna seomodiro fela. Fa re nna re bulela Jehofa mafatlha, re tla atamalana le ene e bile re tla mo ikanya thata. Mme gone, re tshwanetse go rapelela eng? Lefoko la Modimo la re: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” (Bafil. 4:6) Boammaaruri ke gore re ka rapelela sengwe le sengwe se se amang kamano ya rona le Modimo kgotsa se se amang botshelo jwa rona re le batlhanka ba gagwe.

10 Go ka nna molemo gore re akanye ka mafoko a banna le basadi ba ba ikanyegang, ba dithapelo tsa bone di kwadilweng mo  Baebeleng. (1 Sam. 1:10, 11; Dit. 4:24-31) Buka ya Dipesalema e na le dithapelo tse di tswang pelong le dipina tse di yang kwa go Jehofa. Mo dithapelong tseo, le mo dipineng tseo, go na le maikutlo otlhe a motho a ka nnang le one, a a jaaka go hutsafala kgotsa go ipela thata. Go sekaseka mafoko a a ntseng jalo a a builweng ke batlhanka ba ba ikanyegang, go ka re thusa gore dithapelo tsa rona tse di yang kwa go Jehofa di nne le bokao.

TLHATLHANYA KA DIKGAKOLOLO TSA MODIMO

11. Ke eng fa re tshwanetse go tlhatlhanya ka kgakololo e e tswang kwa Modimong?

11 Dafide o ne a re: “Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” (Pes. 19:7) Tota le fa re se na maitemogelo, re ka nna botlhale fa re ikobela ditaelo tsa Modimo. Le fa go ntse jalo, e le gore re solegelwe molemo ke dikgakololo tsa Dikwalo, re tshwanetse go tlhatlhanya ka tsone. Go ntse jalo mo kgannyeng ya go boloka bothokgami fa re lebane le kgatelelo kwa sekolong kgotsa kwa tirong, fa re tshwanetse go boloka molao wa Modimo malebana le madi, fa re sa tseye letlhakore ka gonne re le Bakeresete kgotsa fa re dirisa melaometheo ya Baebele e e malebana le go apara le go ipaakanya. Go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone go tla re thusa go akanya ka mathata a a ka tlhagang. Go tswa foo re ka swetsa ka gore re tla dira eng fa boemo joo bo tlhaga. Seno se ka dira gore re tile dilo di le dintsi tse di ka re utlwisang botlhoko.—Dia. 15:28.

12. Ke eng se se tla re thusang gore re boloke dikgakololo tsa Modimo?

12 Fa re ntse re letetse go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo, a tsela e re tshelang ka yone e bontsha gore re nna re thantse semoyeng? Ka sekai, a ruri re dumela gore Babelona yo Mogolo o tloga a fedisiwa? A masego a mo isagweng a a jaaka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise e sa ntse e le selo sa mmatota mo go rona, fela jaaka fa re ne re simolola go ithuta ka one? A re sa ntse re tlhagafaletse bodiredi go na le go letla gore dilo tse re di kgatlhegelang e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa rona? Go tweng ka tsholofelo ya tsogo, go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe? A e sa ntse e le dikgang tsa botlhokwa mo go rona? Go tlhatlhanya ka dipotso tse di ntseng jalo go ka re thusa gore re dire se mopesalema a neng a se bua, re boloke “dikgakololo tsa [Modimo] e le thuo ka bosakhutleng.”—Pes. 119:111.

13. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa tlhaloganye dilo dingwe? Naya sekai.

13 Re ka tswa re sa tlhaloganye ka botlalo dilo dingwe tse di umakilweng mo Baebeleng, ka gonne e ise e nne nako ya gore Jehofa a re senolele tsone. Gangwe le gape Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore o ne a tshwanetse gore a boge a bo a bolawe. (Bala Mathaio 12:40; 16:21.) Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba sa tlhaloganye gore o ne a kaya eng. Ba ne ba tlhaloganya seo fa a sena go swa a bo a tsosiwa mme a bonala mo baaposetoloing ba le mmalwa e le motho, a bo a “bula megopolo ya bone ka botlalo gore e tlhaloganye se se kaiwang ke Dikwalo.” (Luke 24:44-46; Dit. 1:3) Ka tsela e e tshwanang, balatedi ba ga Keresete ba ne ba sa tlhaloganye gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla tlhomiwa kwa legodimong, go fitlhela moya o o boitshepo o tshololelwa mo go bone ka Pentekosete ya 33 C.E.—Dit. 1:6-8.

14. Mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba tlhoma sekao sefe se se molemo le fa ba ne ba sa tlhaloganye boporofeti jo bo malebana le metlha ya bofelo?

14 Ka tsela e e tshwanang mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, go ne go na le dilo di le mmalwa tse Bakeresete ba boammaaruri ba neng ba solofetse gore di tla direga malebana le ‘metlha ya bofelo,’ mme ba ne ba le phoso. (2 Tim. 3:1) Ka sekai, ka ngwaga wa 1914, bangwe ba bone ba ne ba akanya gore ba tloga ba tseelwa kwa legodimong. Fa se ba neng ba se solofetse se ne se sa diragadiwe ka yone nako eo, go boa gape ba tlhatlhoba Dikwalo ka tlhoafalo go ne ga ba thusa go lemoga gore go ne go sa ntse go na le tiro  e kgolo ya go rera e e tshwanetseng go dirwa. (Mar. 13:10) Ka jalo, ka 1922, J. F. Rutherford, yo ka nako eo a neng a eteletse pele tiro ya go rera, o ne a raya ba ba neng ba le gone kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A. a re: “Bonang, Kgosi e a busa! Lona lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.” Fa e sa le ka nako eo, batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba itsewe e le bareri ba “dikgang tse di molemo tsa Bogosi.”—Math. 4:23; 24:14.

15. Re solegelwa molemo jang ke go tlhatlhanya ka tsela e Modimo a ileng a dirisana le batho ba gagwe ka yone?

15 Fa re tlhatlhanya ka tsela e e molemo e Jehofa a neng a dirisana ka yone le batho ba gagwe ba nako e e fetileng le ba gone jaanong, re nna le tsholofelo e kgolo ya gore mo isagweng o tla diragatsa maikaelelo a gagwe le thato ya gagwe. Mme gape dikgakololo tsa Modimo di re thusa go nna re gopotse boporofeti jo bo sa ntseng bo tla diragadiwa. Re ka tlhomamisega gore go dira seo go tla re thusa gore re nne re ikanya ditsholofetso tsa gagwe.

DIRISA KOBAMELO GO GO THUSA GO IKANYA MODIMO

16. Re nna le masego afe fa re nna re tlhagafetse mo bodireding?

16 Jehofa, Modimo wa rona ke Modimo yo o maatla. Mopesalema o ne a re: “Ke mang yo o matlhagatlhaga jaaka wena, Jah? Seatla sa gago se nonofile, seatla sa gago sa moja se godisitswe.” (Pes. 89:8, 13) Go dumalana le mafoko ano, Jehofa o anaanela le go segofatsa maiteko a re a dirang a go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. O a bona gore batlhanka ba gagwe—e ka tswa e le banna kgotsa basadi, basha kgotsa bagolo—ga ba nne fela ba bo ba ja “senkgwe sa botshwakga.” (Dia. 31:27) Re etsa Mmopi wa rona ka go nna re tshwaregile mo ditirong tsa Bogosi. Go direla Modimo ka pelo yotlhe go re solegela molemo e bile Jehofa o itumedisiwa thata ke go segofatsa bodiredi jwa rona.—Bala Pesalema 62:12.

17, 18. Ke eng fa re ka re ditiro tse di bontshang tumelo di re thusa go ikanya kgakololo ya ga Jehofa? Naya sekai.

 17 Ditiro tse di bontshang tumelo di re thusa jang gore re ikanye Jehofa? Akanya ka pego ya Dikwalo ya fa Baiseraele ba ne ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Jehofa o ne a laetse baperesiti ba ba neng ba tshotse letlole la kgolagano gore ba tsene mo gare ga Noka ya Joredane ba gwanta. Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba atamela, ba ne ba lemoga gore dipula tsa dikgakologo di ne di dirile gore noka eo e penologe. Baiseraele ba ne ba tla dira eng? A ba ne ba thibelela mo lotshitshing lwa noka ba bo ba leta dibeke di le mmalwa kgotsa go feta go fitlha metsi a fokotsega? Nnyaa, ba ne ba ikanya Jehofa ka botlalo mme ba ikobela ditaelo tsa gagwe. Seno se ne sa felela ka eng? Pego eo ya re: “Fela fa dinao tsa baperesiti di kgoma metsi, noka e ne ya kgaotsa go elela, . . . mme baperesiti ba ne ba nna ba eme fela mo mmung o o omileng mo gare ga noka gaufi le Jeriko, fa batho ba ne ba kgabaganya.” (Josh. 3:12-17, Contemporary English Version) Akanya kafa go neng go kgothatsa ka gone go bona metsi ao a a neng a galefile a ema! Eleruri tumelo ya Baiseraele mo go Jehofa e ne ya nonofa ka gonne ba ne ba ikanya ditaelo tsa gagwe.

A o tla bontsha go ikanya Jehofa jaaka batho ba gagwe ba motlha wa ga Joshua? (Bona serapa 17, 18)

18 Gone ke boammaaruri gore, gompieno Jehofa ga a direle batho ba gagwe dikgakgamatso tse di ntseng jalo, mme gone o a ba segofatsa fa ba bontsha tumelo. Maatla a Modimo a a dirang a ba thusa gore ba dire tiro e a ba neileng yone ya go rera molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Mosupi wa ntlhantlha wa ga Jehofa e leng Keresete Jesu yo o tsositsweng, o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore o tla ba ema nokeng mo tirong eno e e botlhokwa, o ne a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa . . . ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:19, 20) Basupi ba le bantsi ba ba neng ba le ditlhong kgotsa ba le boboi ba bontsha gore seo se boammaaruri ka gonne moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa ba thusa gore ba kgone go nna pelokgale go bua le batho ba ba sa ba itseng fa ba le mo bodireding.—Bala Pesalema 119:46; 2 Bakorintha 4:7.

19. Le fa re ka tswa re na le makoa, ke eng se re tlhomamisegileng ka sone?

19 Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba na le mathata a a masisi a botsogo ka ntlha ya bolwetse kgotsa bogodi. Le fa go ntse jalo, ba ka tlhomamisega gore, “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe” o tlhaloganya maemo a Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri. (2 Bakor. 1:3) O anaanela maiteko otlhe a rona a go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. Rotlhe re tshwanetse go gopola gore totatota tumelo ya rona mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete, ke yone e ka bolokang moya wa rona o tshela fa re ntse re dira sotlhe se re ka se kgonang go ya ka maemo a rona.—Baheb. 10:39.

20, 21. Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka bontshang ka tsone gore re ikanya Jehofa?

20 Kobamelo ya rona e akaretsa go dirisa nako ya rona, maatla a rona le dithoto tsa rona ka botlalo kafa re kgonang ka gone. Re batla go “dira tiro ya moefangele” ka pelo ya rona yotlhe. (2 Tim. 4:5) Boammaaruri ke gore, re itumelela go dira jalo ka gonne seno se thusa ba bangwe gore “ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Ga go pelaelo gore go tlotlomatsa le go galaletsa Jehofa, go re humisa semoyeng. (Dia. 10:22) Gape go re thusa gore re nne re ikanya Mmopi wa rona ka botlalo.—Bar. 8:35-39.

21 Fela jaaka re setse re ithutile, go ikanya taelo e e botlhale ya ga Jehofa ga go itlele fela; re tshwanetse go dira ka natla gore re kgone go ikanya ditaelo tseo tsa gagwe. Ka jalo, dira bojotlhe go ikaega ka Jehofa ka thapelo. Tlhatlhanya kafa Jehofa a ileng a diragatsa maikaelelo a gagwe ka gone mo nakong e e fetileng le kafa a tla a diragatsang seo ka gone mo isagweng. Mme tswelela o dirisa kobamelo go go thusa go ikanya Jehofa. Eleruri, dikgakololo tsa ga Jehofa di tla nna ka bosakhutleng. Go ka nna jalo le ka wena!