Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang Batlhanka ba ga Jehofa”

“Nnang Batlhanka ba ga Jehofa”

“Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona. . . . Nnang batlhanka ba ga Jehofa.”—BAR. 12:11.

1. Bontsha pharologanyo magareng ga tsela e gantsi batho ba lebang go nna motlhanka ka yone le tsela e e kgothalediwang mo go Baroma 12:11.

GO NNA motlhanka wa Mokeresete go farologana thata le se batho ba le bantsi ba se akanyang ka batlhanka. Go ya ka bone, go nna motlhanka go dira gore ba akanye ka go laolwa ka bosetlhogo, go gatelelwa le go tshwarwa makgwakgwa. Mme gone, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le bua ka motlhanka yo o direlang Mong wa gagwe yo o lorato ka go rata. Tota e bile, fa moaposetoloi Paulo a ne a kgothaletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba ‘nne batlhanka ba ga Jehofa,’ o ne a ba kgothaletsa gore ba dire tiro e e boitshepo ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo. (Bar. 12:11) Go nna motlhanka ka mokgwa ono go akaretsa eng? Re ka tila jang go nna batlhanka ba ga Satane le lefatshe la gagwe? Mme gone, re tla bona tuelo efe fa re nna batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo direlang ka boikanyegi?

“RURI KE RATA MONG WA ME”

2. (a) Ke eng se se neng se tla dira gore motlhanka wa Moiseraele a se ka a batla go gololwa? (b) Ke eng se se neng se le botlhokwa ka go phunya tsebe ya motlhanka yo o neng a rata mong wa gagwe?

2 Mo Molaong o Modimo a neng a o naya Baiseraele, re ithuta gore Jehofa o lebeletse gore re nne batlhanka ba mofuta ofe. Motlhanka wa Mohebera, o ne a tshwanetse go gololwa mo ngwageng wa bosupa wa tirelo ya gagwe. (Ekes. 21:2) Le fa go ntse jalo, fa motlhanka a rata mong wa gagwe e bile a eletsa go tswelela a mo direla, Jehofa o ne a mo diretse thulaganyo e e itumedisang. Mong wa gagwe o ne a tshwanetse go mo atametsa fa setswalong kgotsa fa mophakwaneng, a bo a phunya tsebe ya gagwe ka thoko. (Ekes. 21:5, 6) Go ne go na le lebaka la botlhokwa la go bo motlhanka a ne a phunngwa tsebe. Mo puong ya Sehebera, kgang ya go ikoba e tlhalosiwa ka lefoko le le amanang le go utlwa le go reetsa. Fa motlhanka a phunngwa tsebe, seo se ne se bontsha gore o eletsa go tswelela a ikobela mong wa gagwe ka go mo direla. Seno se re thusa gore re tlhaloganye se go ineela mo go Jehofa go se kayang—go ikemisetsa go mo ikobela re tlhotlhelediwa ke go mo rata.

3. Lebaka la go bo re ineetse mo Modimong ke lefe?

 3 Fa re ne re ineela gore re kolobediwe go nna Bakeresete, re ne re setse re sweditse gore re batla go direla Jehofa, go nna batlhanka ba gagwe. Re ne ra ineela ka gonne re batla go ikobela Jehofa le go dira thato ya gagwe. Ga go ope yo o re pateleditseng go dira jalo. Tota le basha ba ba kolobediwang, ba dira jalo morago ga gore bone ka bobone ba ineele mo go Jehofa, e seng fela gore ba kgotsofatse batsadi ba bone. Lebaka la go bo re ineetse go nna Bakeresete ke go bo re rata Mong wa rona yo o kwa legodimong e bong Jehofa. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.”—1 Joh. 5:3.

RE GOLOLESEGILE LE FA RE LE BATLHANKA

4. Go tlhokega eng gore re nne “batlhanka ba tshiamo”?

4 Ruri re leboga Jehofa go bo a dirile gore re kgone go nna batlhanka ba gagwe! Go bontsha ga rona tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete go dirile gore re tswe mo bokgobeng jwa boleo. Le fa gone re sa itekanela, re iketleeleditse go nna mo taolong ya ga Jehofa le Jesu. Mo go lengwe la makwalo a gagwe a a tlhotlheleditsweng, Paulo o ne a tlhalosa seo ka tsela e e utlwalang fa a ne a re: “Itseyeng lo sule eleruri ka ga boleo mme lo tshelele Modimo ka Keresete Jesu.” Go tswa foo o tlhagisa jaana: “A ga lo itse gore fa lo nna lo ikisa mo go ofe fela jaaka batlhanka gore lo mo utlwe, lo batlhanka ba gagwe ka gonne lo a mo utlwa, e ka tswa lo le ba boleo ka tebelelo ya loso kgotsa ba kutlo ka tebelelo ya tshiamo? Mme re leboga Modimo go bo lo ne lo le batlhanka ba boleo mme lo ne lwa nna kutlo go tswa pelong mo mokgweng ole wa thuto o lo neng lwa neelwa mo go one. Ee, e re ka lo ne lwa gololwa mo boleong, lo ne lwa nna batlhanka ba tshiamo.” (Bar. 6:11, 16-18) Ela tlhoko gore moaposetoloi Paulo o bua ka go nna “kutlo go tswa pelong.” Eleruri, go ineela ga rona mo go Jehofa go dira gore re nne “batlhanka ba tshiamo.”

5. Rotlhe re lebane le ntwa efe, mme ka ntlha yang?

5 Le fa go ntse jalo, go na le dikgoreletsi tse re tshwanetseng go di fenya gore re tshelele boineelo jwa rona. Re lebane le ntwa ya dikarolo tse pedi. Ya ntlha, ke ntwa e Paulo a neng a lebane le yone. O ne a re: “Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” (Bar. 7:22, 23) Le rona re lwa le bosaitekanelang jo re bo ruileng. Ka ntlha ya seo, re nna re lwantshana le dikeletso tsa rona tsa nama. Moaposetoloi Petere o re gakolola jaana: “Nnang jaaka batho ba ba gololesegileng, mme le fa go ntse jalo lo tshola kgololesego ya lona, e seng jaaka sesiro sa bosula, mme jaaka batlhanka ba Modimo.”—1 Pet. 2:16.

6, 7. Satane o dira jang gore lefatshe leno le lebege le le lentle?

6 Re na le ntwa e nngwe gape ya bobedi e re tshwanetseng go e lwa, ntwa kgatlhanong le lefatshe leno le le laolwang ke madimona. Satane yo e leng mmusi wa lefatshe leno, o dirisa dibetsa tsa gagwe kgatlhanong le rona gore a leke go fedisa boikanyegi jwa rona mo go Jehofa le Jesu. O batla go re dira batlhanka ba gagwe ka go re raela gore re ineele mo ditlhotlheletsong tsa gagwe tse di bosula. (Bala Baefeso 6:11, 12.) Tsela nngwe e Satane a dirang seo ka yone ke ka go dira gore lefatshe leno la gagwe le lebege le le lentle e bile le gogela. Moaposetoloi Johane o ne a tlhagisa jaana: “Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.”—1 Joh. 2:15, 16.

7 Keletso ya go batla go nna le dithoto tse dintsi e aname mo lefatsheng. Satane o kgothaletsa batho go dumela gore go nna le madi a mantsi go tla dira gore ba itumele. Mabenkele a magolo a tletsetletse. Dipapatso di kgothaletsa batho gore ba nne le dithoto tse dintsi le go ijesa monate. Mekgatlho ya tsa bojanala e  rulaganyetsa batho maeto a bojanala kwa mafelong a a kgatlhang mme gantsi batho ba ba yang koo ke ba ba dirang dilo ka tsela ya lefatshe. Eleruri, lefatshe le re kgothaletsa go fetola tsela ya rona ya botshelo, mme ka metlha e le go ya ka tsela e le lebang dilo ka yone.

8, 9. Ke kotsi efe e e leng gone, mme gone ka ntlha yang?

8 Fa Petere a ne a tlhagisa phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e e neng e tlhotlheleditswe ke tsela ya lefatshe ya go dira dilo, o ne a re: “Ba tsaya botshelo jwa manobonobo mo nakong ya motshegare e le monate. Ke dilabe le batho ba ba bogole, ba itlhapedisa ka go ja monate kwantle ga boithibo mo dithutong tsa bone tse di tsietsang fa ba ntse ba ja mekete mmogo le lona. Gonne ba bua dipolelwana tsa boikgogomoso tse di se nang poelo, mme ka dikeletso tsa nama le ka mekgwa e e repileng ba hepisa ba ba sa tswang go falola mo bathong ba ba itshwarang ka tsela ya go fapoga. Fa ba ntse ba ba solofetsa kgololesego, bone ka bobone ba tshela jaaka batlhanka ba go bola. Gonne le fa e le mang yo o fenngwang ke yo mongwe o dirwa motlhanka ke yono.”—2 Pet. 2:13, 18, 19.

9 Go kgotsofatsa “keletso ya matlho” ga go dire gore motho a gololesege. Go na le moo, o nna motlhanka wa ga Satane Diabolo, yo e leng mong wa lefatshe leno yo o sa bonaleng. (1 Joh. 5:19) Go na le kotsi e kgolo ya go nna motlhanka wa dikhumo, e leng botlhanka jo go seng motlhofo go tswa mo go jone.

TIRO E E KGOTSOFATSANG

10, 11. Ke bomang ba segolobogolo Satane a ba kwaileng, mme thuto ya lefatshe e ka ba bakela mathata jang?

10 Gompieno le gone Satane o kwaile batho ba ba se nang maitemogelo, fela jaaka a ne a dira kwa tshimong ya Edene. Basha ke bone ba segolobogolo Satane a ba tlhaselang. Ga a itumelele go bona basha kgotsa motho ope fela a ithaopela go nna motlhanka wa ga Jehofa. Baba ba Modimo ba batla gore batho botlhe ba ba ineelang mo go Jehofa ba palelwe ke go tswelela ba tshelela boineelo jwa bone le go nna ba ikanyega.

11 Mma re boeleng kwa sekaong sa motlhanka yo o neng a letla gore tsebe ya gagwe e phunngwe. Motlhanka yono a ka tswa a ile a utlwa botlhoko ka nakwana; mme go ise go ye kae, botlhoko joo bo a fela a bo a sala a na le letshwao le le mo gopotsang gore o iketleeditse go direla mong wa gagwe go ya go ile. Ka tsela e e tshwanang, go ka nna thata mo mosheng kgotsa ga mo utlwisa botlhoko go dira ditshwetso tse di farologaneng le tsa balekane ba gagwe. Satane o rotloetsa kgopolo ya gore go nna le tiro mo lefatsheng la gagwe go tla kgotsofatsa motho, mme Bakeresete ba tshwanetse go ela tlhoko gore go kgotsofatsa keletso ya bone  ya semoya go botlhokwa thata. Jesu o ne a ruta jaana, “go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Math. 5:3) Bakeresete ba ba ineetseng ba tshelela go dira thato ya Modimo, e seng ya ga Satane. Ba natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, e bile ba tlhatlhanya ka one bosigo le motshegare. (Bala Pesalema 1:1-3.) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa dithuto tsa gompieno di dira gore batlhanka ba ga Jehofa ba se ka ba nna le nako e ntsi ya go tlhatlhanya le go kgotsofatsa keletso ya bone ya semoya.

12. Basha ba le bantsi ba lebana le go dira tlhopho efe gompieno?

12 Mong wa lefatshe leno a ka dira gore botshelo jwa Mokeresete bo nne boima. Mo lekwalong la gagwe la ntlha le a le kwaletseng Bakorintha, Paulo o ne a botsa jaana: “A o ne wa bidiwa o le motlhanka?” Go tswa foo o ne a ba gakolola jaana: “O se ka wa go letla ga go tshwenya; mme fa gape o ka gololesega, dirisa sebaka seo.” (1 Bakor. 7:21) Motho o ne a ka tlhopha go gololesega mo botlhankeng. Gompieno go ya ka molao wa dinaga di le dintsi, bana ba tshwanetse go tsena sekolo go fitlha ba na le dingwaga tse di rileng. Morago ga moo baithuti ba tla itlhophela. Fa motho a tsweletsa dithuto tsa lefatshe leno e le gore a bone tiro e e rileng, seo se ka dira gore a se ka a kgona go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.—Bala 1 Bakorintha 7:23.

Ke mong ofe yo o tla tlhophang go mo direla?

O TLA TLHOPHA THUTO EFE?

13. Ke mofuta ofe wa thuto o o tla solegelang molemo thata batlhanka ba ga Jehofa?

13 Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba kwa Kolosa jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” (Bakol. 2:8) Gompieno go na le “botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho” tse di rotloediwang ke batho ba bantsi ba ba rutegileng, ba ba akanyang ka tsela ya lefatshe. Thuto ya ditheo tse di kwa godimo gantsi ga e thuse batho ba ba alogang mo ditheong tseo gore ba nne le bokgoni jo bo tlhokegang jwa gore ba kgone go lepalepana le dikgwetlho tsa botshelo. Go farologana le seo, batlhanka ba ga Jehofa bone, ba tlhopha thuto e e ba thusang gore ba nne le bokgoni jo bo tlhokegang gore ba tswelele ba tshela botshelo jo bo sa raraanang fa ba ntse ba direla Modimo. Ba ikobela kgakololo eno e Paulo a neng a e naya Timotheo: “Eleruri, boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Tim. 6:6, 8) Go na le gore Bakeresete ba boammaaruri ba lwele go nna le didikirii le direto tsa thutego e ba nang le yone, ba leka go nna le ‘makwalo a a ba buelelang’ ka go nna le seabe  ka botlalo mo bodireding jwa tshimo ka mo go ka kgonegang ka gone.—Bala 2 Bakorintha 3:1-3.

14. Go ya ka Bafilipi 3:8, Paulo o ne a leba jang tshiamelo ya gagwe ya go nna motlhanka wa Modimo le Keresete?

14 Akanya ka kgang ya ga moaposetoloi Paulo. O ne a rutilwe ke morutisi Gamaliele yo e neng e le moitse wa Molao wa Sejuda. Thuto e Paulo a neng a na le yone e ka tshwantshanngwa le thuto ya yunibesithi ya gompieno. Mme gone, Paulo o ne a leba jang thutego eo fa a e bapisa le tshiamelo ya go nna motlhanka wa Modimo le Keresete? A re: “Ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me.” Go tswa foo o oketsa jaana: “Ka ntlha ya gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi, gore ke bone Keresete.” (Bafil. 3:8) Mafoko ao a thusa Bakeresete ba basha le batsadi ba bone ba ba boifang Modimo gore ba tlhophe ka botlhale fa go tliwa mo kgannyeng ya thuto. (Bona ditshwantsho.)

SOLEGELWA MOLEMO KE THUTO YA MAEMO A A KWA GODIMO

15, 16. Phuthego ya ga Jehofa e re tlamela ka thuto efe, mme maikaelelo magolo a yone ke eng?

15 Maemo a ntse jang mo ditheong di le dintsi tsa thuto e e kwa godimo? A ka dinako dingwe ga se boremelelo jwa dikhuduego tsa dipolotiki? (Baef. 2:2) Go farologana le tsone, phuthego ya ga Jehofa yone e tlamela Bakeresete ka thuto ya maemo a a kwa godimo thata mo diphuthegong tsa Bokeresete tse di nang le kagiso. Mongwe le mongwe wa rona o na le tshono ya go solegelwa molemo ke Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo beke le beke. Gape go na le sekolo se se kgethegileng sa bakaulengwe ba babulatsela ba ba iseng ba nyale (Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang) le sa banyalani ba babulatsela (Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete). Thuto eo ya maemo a a kwa godimo e re thusa gore re ikobele Jehofa, Mong wa rona yo o kwa legodimong.

16 Re ka fitlhela letlotlo le lentsi la semoya mo go Watch Tower Publications Index kgotsa Watchtower Library ka CD-ROM. Maikaelelo magolo a thuto eno ke go obamela Jehofa. E re ruta kafa re ka thusang ba bangwe ka gone gore ba letlane le Modimo. (2 Bakor. 5:20) Seno le sone se tla ba thusa gore ba rute ba bangwe.—2 Tim. 2:2.

TUELO YA MOTLHANKA

17. Fa motho a tlhopha thuto ya maemo a a kwa godimo, o solegelwa molemo jang?

17 Mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta, batlhanka ba babedi ba ba ikanyegang ba ne ba akgolwa mme mong wa bone o ne a itumela le bone a bo a ba naya tiro e e oketsegileng. (Bala Mathaio 25:21, 23.) Gompieno go tlhopha thuto ya maemo a a kwa godimo go tlisa boitumelo le diphelelo tse di molemo. Akanya ka sekai sa ga Michael. O ne a dira bontle thata mo dithutong tsa gagwe mo e leng gore barutabana ba ne ba mo kopa gore a kopane le bone gore ba tlotle le ene ka kgang ya go ithuta kwa yunibesithing. Se se neng sa ba gakgamatsa ke gore Michael o ne a tlhopha go dira khoso e khutshwane e e neng ya mo thusa gore a itlhokomele fa e le mmulatsela wa ka metlha. A o ikutlwa e kete o latlhegetswe? O tlhalosa jaana: “Thuto ya Modimo e ke e amogetseng ke le mmulatsela le e gone jaanong ke nnang le yone ke le mogolwane mo phuthegong, e ntsholegetse molemo thata. Ditshegofatso le ditshiamelo tse ke nnileng le tsone di feta kgakala madi ape a ke neng ke tla a amogela. Ke itumetse tota go bo ke ile ka se ka ka tlhopha thuto ya ditheo tse di kwa godimo.”

18. Ke eng se se go tlhotlheletsang gore o tlhophe thuto ya maemo a a kwa godimo?

18 Thuto ya maemo a a kwa godimo e re ruta se e leng thato ya Modimo e bile e re thusa go nna batlhanka ba ga Jehofa. E re thusa go nna le tsholofelo ya go “gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola” mme kgabagare re nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Bar. 8:21) Mo godimo ga moo, re ithuta tsela e e molemo e re ka bontshang ka yone gore re rata Mong wa rona yo o kwa legodimong, e bong Jehofa.—Ekes. 21:5.