Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng—Kwa bo Nkisitseng Gone

Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng—Kwa bo Nkisitseng Gone

Fa ke akanya ka dingwaga di le 65 tsa me tsa bodiredi jwa nako e e tletseng, nka bolela gore ruri botshelo jwa me bo nnile le dinako tse di monate. Mme seo ga se reye gore ga ke a ka ka nna le dinako tse di hutsafatsang le dinako tse ka tsone ke neng ke kgobegile marapo. (Pes. 34:12; 94:19) Mme ka kakaretso fela, e nnile botshelo jo bo itumedisang le jo bo nang le bokao!

KA LWETSE 7, 1950, ke ne ka nna leloko la lelapa la Bethele kwa Brooklyn. Ka nako eo, lelapa la Bethele e ne e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 355 ba ditso tse di farologaneng, ba dingwaga tsa go tloga ka 19 go ya go 80. Bontsi jwa bone e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng.

KAFA KE SIMOLOTSENG GO DIRELA JEHOFA KA GONE

Fa ke kolobediwa, ke na le dingwaga di le 10

Ke ne ka ithuta mo go mmè go direla “Modimo [wa rona] yo o itumetseng.” (1 Tim. 1:11) O ne a simolola go direla Jehofa fa ke ne ke sa ntse ke le mosimanyana yo monnye. Ka Phukwi 1, 1939, fa ke ne ke le dingwaga di le lesome, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong ya potologo kwa Columbus, Nebraska, kwa U.S.A. Mo e ka nnang ba le lekgolo ba rona re ne ra kopana kwa holong e e neng e hirilwe go ya go reetsa puo e e rekotilweng ya setlhogo se se neng se re “Puso ya Bo-Fascist Kgotsa Kgololesego” e e neng e neelwa ke Joseph Rutherford. Fa puo e ntse e tsweletse, go ne ga nna le segopa ka kwa ntle ga holo e nnye e re neng re le mo go yone. Ba ne ba tsena ka dikgoka, ba phatlalatsa pokano ba bo ba re leleka mo toropong eo. Re ne ra kopanela kwa polaseng ya mokaulengwe mongwe yo o neng a sa nne kgakala le toropo eo mme ra feleletsa go reetsa thulaganyo eo. O ka akanya fela gore, le ka motlha ga ke ise ke ko ke lebale letlha la go kolobediwa ga me!

Mmè o ne a leka ka natla go nkgodisetsa mo boammaaruring. Le fa rre e ne e le monna yo o molemo, o ne a sa kgatlhegele bodumedi kgotsa bomoya jwa me. Mmè le Basupi ba bangwe ba Phuthego ya kwa Omaha, ba ne ba nnaya kgothatso e ke neng ke e tlhoka thata.

BOTSHELO JWA ME BO A FETOGA

Fa ke ne ke tla tloga ke aloga mo sekolong se segolwane, ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso malebana le gore ke batla go dira eng ka botshelo jwa me. Ka nako ya malatsi a boikhutso a sekolo a selemo, ke ne ka nna mmulatsela wa nakwana (yo gone jaanong a bidiwang mmulatsela yo o thusang) mmogo le ba bangwe ba ba lekanang le nna.

Bakaulengwe ba babedi ba basha ba ba sa nyalang ba ba neng ba sa tswa go aloga mo tlelaseng ya bosupa ya Sekolo sa Gileade—John Chimiklis le Ted Jaracz—ba ne ba abetswe tiro ya go eta mo kgaolong ya rona. Ke ne ka gakgamala go utlwa gore ba ne ba le mo dingwageng tsa bone tsa bo20. Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga di le 18 mme go ise go ye kae ke ne ke tla aloga mo sekolong se segolwane. Ke sa ntse ke gakologelwa fa Mokaulengwe Chimiklis a ne a mpotsa gore ke batla go dira eng ka botshelo jwa me. Fa ke  mmolelela gore ke batla go dira eng, o ne a kgothaletsa jaana: “Ee, simolola ka bonako mo bodireding jwa nako e e tletseng. Ga o itse gore bo tla go isa kae.” Kgakololo eo, mmogo le sekao sa bakaulengwe bao, di ne tsa nkgatlha thata. Fa ke sena go aloga, ke ne ka simolola go nna mmulatsela ka 1948.

KAFA KE TLILENG BETHELE KA GONE

Ka Phukwi 1950, nna le batsadi ba me re ne ra ya kwa kopanong ya kgaolo ya ditšhabatšhaba kwa Yankee Stadium kwa New York City. Fa re ntse re le kwa kopanong, ke ne ka ya kwa pokanong ya batho ba ba batlang go ya Bethele. Ke ne ka kwala lekwalo ke tlhalosa gore nka rata go direla koo.

Le fa rre a ne a se kgatlhanong le go nna mmulatsela ga me ke ntse ke nna kwa gae, o ne a akanya gore ke tshwanetse go duela madi a a rileng go duelela bonno le dijo. Ka jalo, ka letsatsi lengwe mo masimologong a Phatwe, fa ke ntse ke le mo tseleng ya go ya go batla tiro, ke ne ka simolola pele mo lebokoseng la rona la poso. Mo go lone ke ne ka fitlha lekwalo le le tswang kwa Brooklyn. Le ne le saenilwe ke Nathan H. Knorr, yo o neng a kwadile jaana: “Re amogetse lekwalo la gago la tirelo ya Bethele. Ke tlhaloganya gore o dumetse gore o tla nna mo Bethele botshelo jwa gago jotlhe. Ka jalo, nka rata gore o goroge mo Bethele mo 124 Columbia Heights, Brooklyn, New York, ka Lwetse 7, 1950.”

Fa rre a tswa tirong ka letsatsi leo, ke ne ka mmolela gore ke bone tiro. O ne a re: “Go a itumedisa, o tla bereka kae?” Ke ne ka araba ka re: “Kwa Bethele ya kwa Brooklyn, ke amogela $10.00 ka kgwedi.” Seo se ne sa mo gakgamatsa go sekaenyana mme o ne a bolela gore fa e le gore ke se ke se tlhophileng, ke leke go atlega mo go sone. Go ise go ye kae morago ga foo, kwa kopanong ya kwa Yankee Stadium ka 1953, o ne a kolobediwa!

Ke na le mmulatsela ka nna e bong Alfred Nussrallah

Se se itumedisang ke gore, mmulatsela mmogo le nna e bong Alfred Nussrallah le ene o ne a lalediwa go tla Bethele ka yone nako eo mme re ne ra tsamaya mmogo. Moragonyana o ne a nyala mme ene le mosadi wa gagwe e bong Joan, ba ne ba ya Gileade, ba ya go direla kwa Lebanon e le barongwa mme morago ga foo ba tsena mo tirong ya go eta ba boela gape kwa United States.

DIKABELO TSA KWA BETHELE

Kabelo ya me ya ntlha kwa Bethele e le mo lefapheng le go momaganngwang dibuka mo go lone, ke roka dibuka. Kgatiso ya ntlha e ke neng ka bereka ka yone e ne e le buka ya What Has Religion Done for Mankind? Mo e ka nnang dikgwedi di le tharo ke le mo lefapheng leo, ke ne ka newa kabelo ya go direla kwa Lefapheng la Tirelo ke bereka kafa tlase ga Mokaulengwe Thomas J. Sullivan. Go ne go le monate go bereka le ene le go solegelwa molemo ke botlhale jwa gagwe ka dilo tsa semoya le temogo e a nnileng le yone ka dingwaga tse dintsi a le mo phuthegong.

Fa ke sena go nna mo e ka nnang dingwaga di le tharo kwa Lefapheng la Tirelo, Max Larson, mookamedi wa feketiri, o ne a mpolelela gore Mokaulengwe Knorr o batla go mpona. Ke ne ke ipotsa gore a ke dirile sengwe se se phoso. Ke ne ka itumela fa Mokaulengwe Knorr a re o batla go itse gore a ke ikaeletse go tsamaya mo Bethele mo nakong e e khutshwane. O ne a tlhoka mongwe yo o tla berekang mo ofising ya gagwe ka nakwana mme o ne a batla go bona gore a ke tla kgona go dira tiro eo. Ke ne ka mmolelela gore ga ke a ikaelela go tsamaya mo Bethele. Ke ne ka feleletsa ke bereka mo ofising ya gagwe dingwaga tse 20 tse di latelang.

Gantsi ke ile ka bolela gore le ka motlha ke ne ke se kitla ke kgona go duelela thuto e ke e amogetseng ka go bereka le Mokaulengwe Sullivan le Mokaulengwe Knorr mmogo le ba bangwe kwa Bethele, ba ba jaaka Milton Henschel, Klaus Jensen, Max Larson, Hugo Riemer le Grant Suiter. *

Bakaulengwe ba ke neng ke bereka le bone ba ne ba siametse thata tiro e ba neng ba e direla mokgatlho. Mokaulengwe Knorr e ne e le modiri yo o tlhoafetseng yo o  neng a batla go bona tiro e e direlwang Bogosi e tswelela pele ka selekanyo se segolo ka mo go ka kgonegang ka teng. Batho ba ba neng ba bereka mo ofising ya gagwe ba ne ba fitlhela go le motlhofo go bua le ene. Le fa re ne re sa dumalane ka sengwe, re ne re mmolelela re gololesegile kafa re ikutlwang ka teng mme a nna a ntse a re tshepa.

Mo lekgetlhong lengwe, Mokaulengwe Knorr o ne a bua le nna ka botlhokwa jwa go tlhokomela dilo tse dinnye. Ka sekai, o ne a mpolelela gore fa e ne e le mookamedi wa feketiri, Mokaulengwe Rutherford o ne a mo leletsa mogala mme a mo raya a re: “Mokaulengwe Knorr, fa o tla feketiri ka nako ya dijo tsa motshegare, o ntlele dipensele le diraba. Ke di tlhoka mo desekeng ya me.” Mokaulengwe Knorr a re selo sa ntlha se a ileng a se dira e ne e le go ya kwa go bewang dilwana gone, a tsaya diraba mme a di tsenya mo potleng ya gagwe. Motshegare o ne a tla a di isa kwa ofising ya ga Mokaulengwe Rutherford. E ne e le selo se sennye thata mme se ne se solegela Mokaulengwe Rutherford molemo. Go tswa foo Mokaulengwe Knorr o ne a nthaya a re: “Ke rata go nna le dipensele tse di looditsweng mo desekeng ya me. Tsweetswee, a o nka mpeela tsone foo moso mongwe le mongwe.” Ka dingwaga di le dintsi, ke ne ke tlhomamisa gore dipensele tsa gagwe di looditswe.

Gantsi Mokaulengwe Knorr o ne a bua ka gore go botlhokwa go reetsa ka kelotlhoko fa re kopiwa go dira tiro e e rileng. Ka lekgetlho lengwe o ne a nnaya ditaelo tse di tlhamaletseng malebana le kgang e e rileng, mme ke ne ka palelwa ke go reetsa ka kelotlhoko. Ka ntlha ya seo, ke ne ka mmakela matlhabisa ditlhong. Ke ne ka utlwa botlhoko thata, ka jalo, ke ne ka kwala lekwalo le le khutshwane ke tlhalosa gore ke maswabi thata ka se ke se dirileng mme ke akanya gore go tla nna botoka fa nka tswa mo ofising ya gagwe. Moragonyana mo mosong oo, Mokaulengwe Knorr o ne a tla kwa desekeng ya me. O ne a re: “Robert, ke bone lekwalo la gago. O dirile phoso. Ke buile le wena ka gone mme ke tlhomamisega gore o tla nna kelotlhoko mo nakong e e tlang. Jaanong, mma re boele mo tirong.” Ke ne ka anaanela thata tsela e a neng a nkakanyetsa ka yone.

KELETSO YA GO NYALA

Fa ke sena go direla kwa Bethele ka dingwaga di le robedi, ke ne ke ikemiseditse go tswelela ka tirelo ya Bethele. Le fa go ntse jalo, seo se ne sa fetoga. Mo e ka nnang ka nako ya kopano ya ditšhabatšhaba kwa Yankee Stadium le kwa Polo Grounds ka 1958, ke ne ka bona Lorraine Brookes, yo ke neng ke kopane le ene ka 1955 fa e ne e le mmulatsela kwa Montreal, kwa Canada. Ke ne ka kgatlhwa ke tsela e a ikutlwang ka yone ka tirelo ya nako e e tletseng e bile a ikemiseditse go ya gongwe le gongwe kwa phuthego ya ga Jehofa e ka mo romelang gone. Mokgele wa ga Lorraine e ne e le go ya Sekolong sa Gileade. Ka 1956, fa a le dingwaga di le 22, o ne a amogelwa go nna teng kwa tlelaseng ya bo27. Fa a sena go aloga o ne a abelwa kwa Brazil e le morongwa. Nna le Lorraine re ne ra tsosolosa botsala jwa rona ka 1958, mme o ne a dumela fa ke mo kopa gore re nyalane. Re ne re ikaeletse go nyalana ngwaga o o latelang mme re solofetse go tsena mo tirelong ya borongwa mmogo.

Fa ke bolelela Mokaulengwe Knorr ka boikaelelo jwa me, o ne a akantsha gore re lete dingwaga di le tharo, morago ga foo re nyalane re bo re direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn. Ka nako eo, e le gore banyalani ba nne  kwa Bethele fa ba sena go nyalana, mongwe wa bone o ne a tshwanetse a bo a na le dingwaga di le lesome kgotsa tse di oketsegileng a le kwa Bethele mme yo mongwe a na le bobotlana dingwaga di le tharo. Ka jalo, Lorraine o ne a dumela go ya go direla kwa Bethele ya kwa Brazil ka dingwaga di le pedi mme a bo a direla ngwaga kwa Bethele ya kwa Brooklyn pele ga re nyalana.

Tsela e le nngwe e re neng re kgona go golagana ka yone mo dingwageng tsa ntlha tse pedi tsa nako ya fa re ne re beeletsane e ne e le ka go kwalelana. Go ne go ja madi a le mantsi go dirisa thelefouno mme go ne go se na e-mail ka nako eo! Fa re nyalana ka Lwetse 16, 1961, re ne ra nna le tshiamelo ya gore Mokaulengwe Knorr a neele puo ya rona ya lenyalo. Gone ke boammaaruri gore go leta dingwaga tseo tse mmalwa go ne go lebega e le nako e telele. Mme gone jaanong, fa re akanya ka gone re kgotsofetse e bile re itumetse morago ga go nyalana dingwaga tse di fetang 50, re dumela gore go leta e ne e se matsapa a bophiri!

Letsatsi la lenyalo la rona. Go tswa kafa molemeng: Nathan H. Knorr, Patricia Brookes (monnawe Lorraine), nna le Lorraine, Curtis Johnson, Faye le Roy Wallen (batsadi ba me)

DITSHIAMELO TSA TIRELO

Ka 1964, ke ne ka newa tshiamelo ya go etela dinaga tse dingwe ke le molebedi yo o etelang makala. Ka nako eo, basadi ba ne ba sa abelwe go tsamaya le banna ba bone mo maetong ao. Ka 1977, seo se ne sa fetolwa mme basadi ba ne ba simolola go tsamaya le banna ba bone. Ka ngwaga oo, nna le Lorraine re ne ra tsamaya le Grant le Edith Suiter fa ba ne ba etela diofisi tsa makala tsa kwa Jeremane, Austria, Gerika, Cyprus, Turkey le Iseraele. Ke nnile le tshiamelo ya go etela dinaga tse di ka nnang 70 go ralala lefatshe.

Mo loetong longwe lwa go ya kwa Brazil ka 1980, loeto lwa rona lo ne lwa re isa kwa Belém, toropo nngwe e e mo ekhweitheng, kwa Lorraine a kileng a dira tiro ya borongwa gone. Gape re ne ra ya go etela bakaulengwe kwa Manaus. Kwa setediamong sengwe kwa go neng go neelwa puo gone, re ne ra bona setlhopha sengwe se se neng se dutse mmogo, se se neng se sa latele mokgwa o o tlwaelegileng wa kwa Brazil wa gore basadi ba atlane mo marameng mme bakaulengwe ba dumedisane ka diatla. Ka ntlha yang?

E ne e le Basupi ka rona ba ba tswang kwa lefelong le go neng go nna balepero mo go lone le le kwa kgaolong ya dikgwa tsa dipula tsa Amazon. Ka ntlha ya mabaka a tshireletsego, ba ne ba tila go ama ba bangwe ba ba neng ba le teng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ama dipelo tsa rona mme le ka motlha re ka se ka ra lebala boitumelo jo bo neng bo le mo difatlhegong tsa bone! Ruri mafoko ano a ga Isaia a boammaaruri: “Batlhanka ba me ba tla goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo.”—Isa. 65:14.

BOTSHELO JO BO ITUMEDISANG LE JO BO NANG LE BOKAO

Gantsi nna le Lorraine re akanya ka dingwaga tse di fetang masome a le marataro tse re di dirisitseng mo tirelong ya ga Jehofa. Re itumela thata ka ditsela tse re ileng ra segofadiwa ka tsone ka ntlha ya go letla Jehofa gore a re kaele ka phuthego ya gagwe. Le fa ke sa tlhole ke kgona go tsamaya go ralala lefatshe jaaka mo dingwageng tse di fetileng ke sa ntse ke kgona go dira tiro ya me ya go nna mothusi wa Setlhopha se se Laolang letsatsi le letsatsi, ke bereka le Komiti ya Borulaganyi le Komiti ya Tirelo. Ke anaanela thata tshiamelo ya go nna le seabe se sennye mo go thuseng bakaulengwe ba lefatshe lotlhe ka tsela eno. Go sa ntse go nkgakgamatsa go bona makau le makgarebe a mantsi a a mo tirelong ya nako e e tletseng a a nang le boikutlo jwa ga Isaia yo o neng a re: “Ke fano! Roma nna.” (Isa. 6:8) Batho ba bantsintsi bano ba dumelana le boammaaruri jwa mafoko ano a a builweng ke molebedi mongwe wa potologo yo a neng a nthaya a re: “Simolola ka bonako mo bodireding jwa nako e e tletseng. O ka se itse gore bo ka go isa kae.”

^ ser. 20 E le gore o utlwe ka dikgang tsa botshelo jwa bangwe ba bakaulengwe bano, bona dimakasine tse di latelang tsa Tora ya Tebelo: Thomas J. Sullivan (August 15, 1965); Klaus Jensen (October 15, 1969); Max Larson (September 1, 1989); Hugo Riemer (September 15, 1964); le Grant Suiter (September 1, 1983).