Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nyalwa “mo Moreneng Fela”—A go Sa Ntse go Thusa?

Go Nyalwa “mo Moreneng Fela”—A go Sa Ntse go Thusa?

“Ga go na banna mo phuthegong, mme ke tshaba gore ke tla nna lefetwa.”

“Banna bangwe ba e seng Basupi ba pelontle, ba a kgatlha e bile ba kgona go akanyetsa maikutlo a motho. Ga ba kgatlhanong le gore ke Mosupi wa ga Jehofa e bile ba a ratega go gaisa bakaulengwe ba bangwe mo phuthegong.”

Batlhanka bangwe ba Modimo ba ba seng mo lenyalong ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Ba a itse gore Jehofa o batla gore ba nyale “mo Moreneng fela” se se rayang gore ba nyale Basupi fela. (1 Bakorintha 7:39) Jaanong, ke eng fa Basupi bangwe ba bua mafoko a a fa godimo?

LEBAKA LA GO BO BANGWE BA ETSAETSEGA

Bakeresete ba ba buang jalo ba ka tswa ba akanya gore bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba bantsi go na le bakaulengwe ba ba sa nyalang. Boammaaruri ke gore go ntse jalo mo dinageng di le dintsi. Ka sekai, kwa Korea, go na le diperesente di le 57 tsa bokgaitsadi ba ba sa nyalwang mme go na le diperesente di le 43 tsa bakaulengwe ba ba sa nyalang. Mo Basuping ba kwa Colombia, diperesente di le 66 ke bokgaitsadi mme diperesente di le 34 ke bakaulengwe.

Mo mafelong a mangwe, batsadi ba e seng Basupi ba ka nna ba batla magadi a mantsi. Mme bakaulengwe ba bangwe ba ka nna ba bo ba se na magadi a a batliwang. Ka ntlha ya seo, bokgaitsadi bangwe ba tshwenyegile ka gore a ba tla tsamaya ba nyalwa mo phuthegong. *—Bona ntlha e e kwa tlase.

GO BOTLHOKWA GORE O IKANYE JEHOFA

Fa e le gore o kile wa ikutlwa ka tsela eo, tlhomamisega gore Jehofa o tlhaloganya boemo jwa gago e bile o itse sentle kafa o ikutlwang ka gone.—2 Ditiragalo 6:29, 30.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o sa ntse a re laela gore re nyale fela mo Moreneng. Ka ntlha yang? Ka gonne o itse se re se tlhokang e bile o batla go re sireletsa. Ga a batle gore re dire ditshwetso tse di tla re utlwisang botlhoko kgotsa tse di tla re bakelang mahutsana. Mo motlheng wa ga Nehemia, Bajuda ba le bantsi ba ne ba nyala basadi ba ba sa direleng Modimo. Ke ka moo Nehemia a neng a umaka sekao se se sa siamang sa ga Solomone. A re, Solomone “o ne a ratiwa ke Modimo wa gagwe, mo Modimo a neng a mo dira kgosi ya Iseraele yotlhe. Le ene basadi ba sele ba ne ba mo dira gore a leofe.” (Nehemia 13:23-26) Jehofa o a itse gore melao ya gagwe e tla re thusa, ke ka moo a re laelang gore re nyale fela mo Moreneng. (Pesalema 19:7-10; Isaia 48:17, 18) Re leboga thata go bo a re naya kgakololo e re ka ikanyang le e e bontshang gore o a re rata. Fa re tsaya Jehofa e le Mmusi wa rona e bile re mo ikobela, re tlhaloganya gore o na le tshwanelo ya go re bolelela gore re dire eng.—Diane 1:5.

Ga go pelaelo gore ga o batle go “pataganela jokwe,” ke gore, ga o batle go nyalwa ke mongwe yo o sa direleng Jehofa. Motho yoo a ka go kgaoganya le Modimo. (2 Bakorintha 6:14) Ka dinako tsotlhe, kgakololo ya ga Jehofa e a thusa e bile Basupi ba le bantsi gompieno ba ile ba tlhopha go reetsa Jehofa. Le fa go ntse jalo, go na le ba ba ileng ba ikaba ditsebe.

E SA NTSE E THUSA

Kgaitsadi mongwe wa kwa Australia e bong Maggy, o ne a simolola go ratana le mongwe yo e seng Mosupi wa ga Jehofa. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) A re: “Ke ne ke foswa ke dipokano ka gonne ke ne ke batla go mmona. Kamano ya me le Jehofa e ne ya koafala fela thata.” Lekgarebe lengwe la kwa India e bong Ratana le ne la ratana le moithutimmogo le ene yo o neng a simolotse go ithuta Baebele. Moithuti yono o ne a ithuta Baebele fela ka gonne a ne a batla go ratana le ene. Kwa bofelong, Ratana o ne a tlogela go direla Jehofa mme a tsena kereke e nngwe fela gore a kgone go nyalwa ke lekawana leno.

Ndenguè wa kwa Cameroon o ne a na le dingwaga di le 19 fa a ne a nyalwa ke monna yo e neng e se Mosupi wa ga Jehofa. Pele ga ba nyalana, monna yono o ne a mmolelela gore ga a kitla a mo thibela go tswelela e le Mosupi. Mme morago ga dibeke di le pedi fela ba nyalane, o ne a mmolelela gore ga a tlhole a batla gore a ye dipokanong tsa phuthego. Ndenguè a re: “Ke ne ke tlhola ke jewa ke bodutu e bile ke lela. Ke ne ke sa tlhole ke itse gore ke direng. Ke ne ka ikwatlhaya tota.”

Ke boammaaruri gore Basupi bangwe ba ile ba nyalana le motho yo e seng Mosupi wa ga Jehofa mme gone motho wa teng a le pelontle e bile a akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, tota le fa motho yoo a le pelontle, go tweng ka kamano ya gago le Jehofa? O ikutlwa jang go bo o ile wa se ka wa reetsa kgakololo ya gagwe e e neng e tla go thusa? Mme sa botlhokwa le go feta, o akanya gore Jehofa o ikutlwa jang ka se o se dirileng?—Diane 1:33.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba swetsa ka go ikobela taelo ya ga Jehofa ya go nyala kgotsa go nyalwa “mo Moreneng fela,” ba tlhatswegile pelo gore ba dirile tshwetso e e molemo go di gaisa tsotlhe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong ba ile ba ititaya sehuba gore ba tla reetsa Modimo ka go nyalana le motho yo o obamelang Jehofa. Michiko wa kwa Japane o ne a ikemiseditse gore o tla ikobela Modimo tota le fa ba losika lwa gagwe ba ne ba leka go mo pateletsa gore a nyalwe ke monna yo o neng a sa rate Jehofa. Mme o ne a utlwa botlhoko tota fa a bona ditsala tsa gagwe di nyalwa ke banna ba Basupi mme ene go se nko e e tswang lemina. A re: “Ke ne ke tlhola ke ipolelela gore Jehofa ke ‘Modimo yo o itumetseng,’ ka jalo, ga go reye gore fa o sa nyalwa ga o a itumela. Gape e bile ke dumela gore Jehofa o re naya dilo tse re di tlhokang. Ka jalo, fa o batla go nyalwa mme o sa bone molekane, go botoka thata gore o itshoke go fitlha maemo a fetoga.” (1 Timotheo 1:11) Michiko o ne a feleletsa a nyetswe ke mokaulengwe yo o ratang Jehofa mme gone jaanong o itumetse go bo a ile a reetsa kgakololo ya ga Jehofa.

Gape go na le bakaulengwe bangwe ba ba ileng ba leta go fitlha ba bona molekane yo o molemo yo ba ka mo nyalang. Ka sekai, Bill wa kwa Australia a re ka dinako dingwe o ne a kgatlhegela basadi ba e seng Basupi. Le fa go ntse jalo, o ne a sa tlwaelana thata le bone ka gonne a sa batle go simolola go ratana le mongwe wa bone, e leng se se neng se tla felela ka gore a ‘pataganele jokwe’ le motho yo o sa dumeleng. Gape o ile a kgatlhegela bokgaitsadi bangwe mme bone ba ne ba sa mo kgatlhegele. Bill o ne a leta dingwaga di le 30 pele a ka bona kgaitsadi yo le ene a neng a mo kgatlhegela. A re: “Ga ke ikwatlhae le e seng. Ke itumelela gore re kgona go ya bodireding mmogo, go ithuta mmogo le go obamela Jehofa mmogo. Ke itumelela go tsalana le ditsala tsa mosadi wa me ka gonne botlhe ke baobamedimmogo le rona. Re tokafatsa lenyalo la rona ka go dirisa melaometheo ya Baebele.”

FA O NTSE O LETETSE JEHOFA

Ke eng se o ka se dirang fa o ntse o ikobela kgakololo ya ga Jehofa le fa o letile mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o direlang Jehofa? O ka nna wa akanya ka lebaka la go bo o se mo lenyalong. Fa o akanya gore ke ka go bo o batla go ikobela taelo ya ga Jehofa, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ipela. (1 Samuele 15:22; Diane 27:11) Gape tswelela o rapela Jehofa ka metlha mme o mmolelele kafa o ikutlwang ka gone. (Pesalema 62:8) Fa o ntse o dira bojotlhe jwa gago go gana thaelo eno le fa o ntse o lwantsha dikeletso tse di sa siamang, kamano ya gago le Jehofa e tla nonofa letsatsi le letsatsi. E re ka Jehofa a go tsaya o le botlhokwa thata, o ka tlhomamisega gore o a go kgathalela e bile o amega le ka dilo tse o di tlhokang. Ga a tshepise ope gore o tla mo naya molekane. Mme fa e le gore o batla lenyalo, Jehofa o itse kafa a ka kgotsofatsang keletso ya gago ka tsela e e molemo ka gone.—Pesalema 145:16; Mathaio 6:32.

Ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa fela jaaka Dafide, fa a ne a re: “A ko o itlhaganele, o nkarabe, tlhe Jehofa. Moya wa me o khutlile. O se ka wa mphitlhela sefatlhego sa gago.” (Pesalema 143:5-7, 10) Se latlhele seditse. Letla Jehofa gore a go kaele. Mo reetse ka go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng se o se balang. Seno se tla go thusa gore o itse gore Jehofa o lebeletse eng mo go wena e bile o tla bona kafa a ileng a thusa ka gone batlhanka ba gagwe mo nakong e e fetileng. Fa o dira jalo, o tla kgona go tswelela pele o mo ikobela.

Phuthego e anaanela thata Bakeresete ba ba seng mo lenyalong, ba gantsi ba thusang malapa le basha

Gape ke eng se o ka se dirang gore o nne o itumetse le fa o sa nyalwa? Leka ka natla go atamalana thata le Jehofa le go itirela leina le lentle. E bile o ka ithuta go nna motho yo o pelotshweu, yo o berekang ka thata, yo go leng motlhofo go dirisana le ba bangwe le yo o ikanyegang mo go Jehofa. O tla tlhoka dinonofo tseno fa o nyalwa. (Genesise 24:16-21; Ruthe 1:16, 17; 2:6, 7, 11; Diane 31:10-27) Dira gore dilo tse di amanang le Bogosi Jwa Modimo di tle pele mo botshelong jwa gago ka go nna o tshwaregile mo tshimong le mo phuthegong. Go dira jalo go tla go thusa gore o dire ditshwetso tse di botlhale. Bill o bua jaana fa a tlhalosa nako ya fa a ne a ise a nyale: “Nako e tsamaya ka lobelo! Ke ne ke dirisa nako eo go nna mmulatsela.”

Kgakololo ya ga Jehofa ya go nyalwa “mo Moreneng fela” ga e ise e felelwe ke nako. O tla bo o tlotla Jehofa fa o nyalwa mo Moreneng fela e bile o tla itumela. Baebele ya re: “Go itumela motho yo o boifang Jehofa, yo o itumedisiwang thata ke ditaelo tsa gagwe. Dilo tse di tlhwatlhwakgolo le dikhumo di mo ntlong ya gagwe; mme tshiamo ya gagwe e eme ka bosaengkae.” (Pesalema 112:1, 3) Ka jalo, ititeye sehuba gore o tla ikobela taelo ya Modimo ya go nyalwa “mo Moreneng fela.”

^ ser. 7 Mo setlhogong seno, re tla lebisa kgang eno mo bokgaitsading. Mme gone, melaometheo e go buiwang ka yone fano e ama le bakaulengwe.

^ ser. 13 Maina mangwe a fetotswe.