Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Gogo wa Magogo yo go buiwang ka ene mo go Esekiele ke mang?

Dikgatiso tsa rona ga di bolo go tlhalosa gore fa Baebele e bua ka leina Gogo wa Magogo e a bo e bua ka Satane morago ga gore a latlhelwe mo lefatsheng. Lebaka la seo e ne e le ka gonne buka ya Tshenolo e tlhalosa gore Satane ke ene a eteletseng pele tlhaselo e e dirwang lefatshe lotlhe kgatlhanong le batho ba Modimo. (Tshenolo 12:1-17) Ke ka moo re neng re tsaya gore Gogo e tshwanetse ya bo e le leina le lengwe gape le Satane a bidiwang ka lone.

Le fa go ntse jalo, tlhaloso eno e ne e sa utlwale sentle ka gonne akanya ka seno: Jehofa a re fa a nyeletsa Gogo, o tla mo “naya dinonyane tse di jang nama, dinonyane tsa diphuka tsa mofuta mongwe le mongwe, le dibatana tsa naga go nna dijo tsa tsone.” (Esekiele 39:4) Gape Jehofa a re: “Go tla diragala mo letsatsing leo gore ke neye Gogo lefelo koo, lefelo la go fitlhela mo Iseraele.” (Esekiele 39:11) Mme go tla jang gore Satane a jewe ke dinonyane le dibatana tsa naga le mororo e le sebopiwa sa moya? A ka fitlhwa jang mo lefatsheng? Baebele ya re Satane o tla latlhelwa mo moleteng ka dingwaga di le 1 000. Ga a kitla a jewa kgotsa a fitlhwa.—Tshenolo 20:1, 2.

Baebele ya re fa dingwaga tse 1 000 di sena go khutla, Satane o tla gololwa mo moleteng mme “o tla tswa a ya go timetsa ditšhaba tse di mo dikhutlong tse nnè tsa lefatshe, Gogo le Magogo, go ba phutha mmogo go ya ntweng.” (Tshenolo 20:8) Fa e le gore Satane ke ene Gogo, a go raya gore o tla tshwanelwa ke go itsietsa. Ka jalo, Satane ga se ene “Gogo” yo go buiwang ka ene mo bukeng ya Esekiele kgotsa ya Tshenolo.

Jaanong ke mang Gogo wa Magogo? Go araba potso eno, re tshwanetse go sekaseka Baebele go bona gore ke mang yo o tlhaselang batho ba Modimo. Baebele ya re batho ba Modimo ba tla tlhaselwa ke ‘Gogo wa Magogo,’ ke “kgosi ya borwa” le ke “dikgosi tsa lefatshe.” (Esekiele 38:2, 10-13; Daniele 11:40, 44, 45; Tshenolo 17:14; 19:19) A seo se raya gore batho ba Modimo ba tla tlhaselwa ka ditsela tse di farologaneng? Ga go bonale jalo. Go bonala Baebele e dirisa maina a a farologaneng go tlhalosa tlhaselo e e tshwanang. Ke eng fa re rialo? Ka gonne Baebele ya re ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla nna le seabe mo tlhaselong ya bofelo e e tla simololang ntwa ya Haramagedona.—Tshenolo 16:14, 16.

Fa re bapisa ditemana tsotlhe tsa Baebele tse di buang ka tlhaselo eno ya bofelo ya batho ba Modimo, go bonala sentle gore Satane ga se ene Gogo wa Magogo. Go na le moo, Gogo wa Magogo o emela ditšhaba tse di farologaneng. A “kgosi ya borwa” ke yone e tla bong e eteletse pele ditšhaba tseo? Ga re a tlhomamisega. Mme gone, tlhaloso eno go bonala e dumalana le se Jehofa a neng a se bua malebana le Gogo wa Magogo, fa a ne a re: “O tla tla o tswa kwa lefelong la gago, kwa dikarolong tse di kwa kgakala thata tsa bokone, wena mmogo le ditšhaba di le dintsi, botlhe ba palame dipitse, phuthego e kgolo, tota le mophato o mogolo wa sesole.”—Esekiele 38:6, 15.

Ka tsela e e tshwanang, Daniele, yo le ene a neng a tshela ka nako e le nngwe le Esekiele, o ne a bua jaana ka kgosi ya borwa: “Go tla nna le dipego tse di tla e fuduang, go tswa kwa botlhabatsatsi le go tswa kwa bokone, mme e tla tswa ka tšararego e kgolo gore e tle e nyeletse le go neelela ba le bantsi tshenyego. Mme e tla tlhoma megope ya yone ya segosi fa gare ga lewatle le legolo le thaba e e boitshepo ya Mokgabiso; mme e tla tla go ya go fitlha fela kwa bokhutlong jwa yone, mme e tla bo e se na mothusi.” (Daniele 11:44, 45) Seno se tshwana le se se tlhalosiwang mo bukeng ya ga Esekiele malebana le se Gogo a tla se dirang.—Esekiele 38:8-12, 16.

Go tla direga eng fa tlhaselo ya bofelo e sena go khutla? Daniele a re: “Mo nakong eo Mikaele [e bong Jesu Keresete] o tla ema [ka nako ya Haramagedona], kgosana e kgolo e e emelang bomorwa batho ba gaeno [fa e sa le ka 1914]. Mme ruri go tla nna le nako ya matshwenyego [pitlagano e kgolo] e e tshwanang le e go iseng go ko go dirwe gore e nne teng fa e sa le go nna le setšhaba go fitlha ka nako eo. Mme mo nakong eo batho ba gaeno ba tla falola, mongwe le mongwe yo o fitlhelwang a kwadilwe mo bukeng.” (Daniele 12:1) Tshenolo 19:11-21 le yone e tlhalosa ka tsela e e tshwanang se Jesu a tla se dirang.

Mme gone, ke mang “Gogo le Magogo” yo go buiwang ka ene mo go Tshenolo 20:8? Ke botlhe ba ba tla tsuologelang Jehofa le go tlhasela batho ba gagwe ka nako ya teko ya bofelo e e tla tlang morago ga dingwaga di le 1 000. Fela jaaka Gogo wa Magogo yo o emelang ditšhaba tsotlhe tse di tla tlhaselang batho ba Modimo go ela kwa bokhutlong jwa pitlagano e kgolo, Gogo le Magogo le ene o tla tlhoa batho ba Modimo fela jalo. Mme fela jaaka ditšhaba tseo tse di tla senngwang ka nako ya ntwa ya Haramagedona, Gogo le Magogo le ene o tla nyelediwa. (Tshenolo 19:20, 21; 20:9) Ka jalo, go a tshwanela go bo botlhe ba ba tsuologang morago ga dingwaga di le 1 000 ba bo ba bidiwa “Gogo le Magogo.”

Rona baithuti ba ba tlhagafetseng ba Lefoko la Modimo re tlhoafaletse go bona gore mo nakong e e sa fediseng pelo ke mang yo o tla nnang “kgosi ya borwa.” Mme go sa kgathalesege gore ke mang yo o tla etelelang pele go tlhasela batho ba Modimo, re tlhatswegile pelo gore (1) Gogo wa Magogo le masole a gagwe ba tla fenngwa le go nyelediwa. (2) Kgosi ya rona Jesu Keresete, o tla falotsa batho ba Modimo le go ba tsenya mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso le polokesego.—Tshenolo 7:14-17.