Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Nna o Itshekile

O ka Kgona go Nna o Itshekile

“Ntlafatsang diatla tsa lona, . . . mme lo itshekise dipelo tsa lona.”—JAKOBE 4:8.

1. Ke eng se batho ba le bantsi ba akanyang gore se tlwaelegile?

RE TSHELA mo lefatsheng le le bodileng. Ka sekai, batho ba le bantsi ba tsaya gore go tlwaelegile gore monna a robale le monna yo mongwe le basadi fela jalo kgotsa gore batho ba ba sa nyalanang ba tlhakanele dikobo. Difilimi, dibuka, dipina le dipapatso di tletse ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Pesalema 12:8) Mme Jehofa a ka re thusa gore re tshele ka tsela e e mo itumedisang. Re ka kgona go nna batho ba ba itshekileng kgotsa ba ba phepa mo lefatsheng leno le le bodileng.—Bala 1 Bathesalonika 4:3-5.

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gana dikeletso tse di leswe? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

2 Fa re batla go itumedisa Jehofa, re tshwanetse go gana sengwe le sengwe fela se a se tlhoileng. Mme e re ka re sa itekanela, re ka nna ra ngokwa ke boitsholo jo bo sa siamang fela jaaka tlhapi e ngokwa ke selo se e thaisitsweng ka sone. Fa re simolola go nna le dikakanyo tse di leswe, re tshwanetse go di tlosa ka bonako fela. Fa re sa dire jalo, keletso ya go dira boitsholo jo bo sa siamang e ka nna maatla thata jaana mo fa go tlhaga sengwe se se ka re leofisang, re se kitlang re tikatika. Tota le Baebele ya re: “Keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.”—Bala Jakobe 1:14, 15.

3 Re ka nna ra simolola go nna le keletso e e sa siamang mo pelong. Ke ka moo re tshwanetseng go nna kelotlhoko thata ka dilo tse re simololang go di eletsa. Fa re gana dikeletso tse di leswe, re tla kgona go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le ditlamorago tsa jone tse di bosula. (Bagalatia 5:16) Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dintlha tse tharo tse di tla re thusang gore re gane dikeletso tse di sa siamang: botsalano jwa rona le Jehofa, kgakololo e e mo Baebeleng le go thusiwa ke Bakeresete ba ba godileng semoyeng.

“ATAMELANG MODIMO”

4. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re atamalane le Jehofa?

4 Baebele e bua jaana ka batho ba ba batlang go ‘atamalana le Modimo’: “Ntlafatsang diatla tsa lona” mme “lo itshekise dipelo tsa lona.” (Jakobe 4:8) Fa Jehofa e le Tsala ya rona e kgolo, ga re kitla re mo itumedisa fela ka ditiro tsa rona mme gape re tla mo itumedisa le ka dilo tse re di akanyang. Fa dikakanyo tsa rona di itshekile e bile di se leswe, dipelo tsa rona le tsone di tla itsheka. (Pesalema 24:3, 4; 51:6; Bafilipi 4:8) Jehofa o a itse gore ga re a itekanela le gore go ka direga gore re nne le dikakanyo tse di leswe. Mme e re ka re sa batle go utlwisa Jehofa botlhoko, re dira sotlhe se re ka se kgonang go gana dikakanyo tseo. (Genesise 6:5, 6) Re leka ka natla go boloka dikakanyo tsa rona di itshekile.

5, 6. Thapelo e ka re thusa jang go gana dikeletso tse di sa siamang?

5 Jehofa o tla re thusa gore re tile go nna le dikakanyo tse di leswe fa fela re nna re mo rapela gore a re thuse. O re naya moya wa gagwe o o boitshepo gore re nne le maatla a go tswelela re itshekile. Fa re rapela, re ka kopa Jehofa gore a re thuse go nna le dikakanyo tse di mo itumedisang. (Pesalema 19:14) Ka boikokobetso re mo kopa gore a tlhatlhobe dipelo tsa rona mme a bone gore a go na le keletso epe e e sa siamang e e ka dirang gore re leofe. (Pesalema 139:23, 24) Tswelela o kopa Jehofa gore a go thuse go gana boitsholo jo bo sa siamang mme o dire se se siameng le fa gone go le thata.—Mathaio 6:13.

6 Pele re ithuta ka Jehofa, re ka tswa re ne re rata go dira dilo dingwe tse a sa di amogeleng e bile re ka tswa re lwantshana le dikeletso tseo tse di sa siamang gone jaanong. Mme Jehofa a ka re thusa gore re fetoge mme re mo itumedise. Ka sekai, fa Kgosi Dafide a sena go tlhakanela dikobo le Bathesheba, o ne a ikwatlhaya mme a kopa Jehofa gore a mo neye “pelo e e itshekileng” le gore a mo thuse go mo ikobela. (Pesalema 51:10, 12) Ka jalo, fa e le gore re ne re na le dikeletso tse di maatla tse di bosula mo nakong e e fetileng e bile re sa ntse re lwa le tsone, Jehofa a ka re thusa gore re nne le keletso e e tseneletseng ya go batla go mo ikobela le go dira se se siameng. A ka re thusa gore re laole dikakanyo tsa rona tse di sa itekanelang.—Pesalema 119:133.

Fa keletso e e sa siamang e tsena mo pelong ya gago, e ntshe ka bonako (Bona serapa 6)

“NNANG BADIRI BA LEFOKO”

7. Lefoko la Modimo le ka re thusa jang go gana dikakanyo tse di sa siamang?

7 Jehofa a ka araba dithapelo tsa rona a dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele, e e nang le botlhale jo bo itshekileng jwa Modimo. (Jakobe 3:17) Fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi, re tlatsa megopolo ya rona ka dikakanyo tse di itshekileng. (Pesalema 19:7, 11; 119:9, 11) Gape Baebele e na le dikai le ditlhagiso tse di re thusang go gana dikakanyo le dikeletso tse di sa siamang.

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa lekawana lengwe le ne la tlhakanela dikobo le mosadi yo o nang le boitsholo jo bo sa siamang? (b) Diane kgaolo 7 e ka re thusa jang go tila maemo afe?

8 Mo go Diane 5:8, Lefoko la Modimo le re tlhagisa gore re tsamaele kgakala le boitsholo jo bo sa siamang. Mo go Diane kgaolo 7, re bala ka pego ya lekawana lengwe le le neng le tsamaya bosigo gaufi le ntlo ya mosadi yo o nang le boitsholo jo bo sa siamang. Mosadi yoo o ne a eme mo khoneng ya mmila a “apere seaparo sa seaka.” O ne a ya kwa lekawaneng leno, a le tshwara, a le suna le go le bolelela dilo tse di neng tsa tsosa keletso e e sa siamang. Lekawana leno ga le a ka la gana dikeletso tseo mme le ne la feleletsa le tlhakanetse dikobo le mosadi yoo. Le ne la leofa le sa ikaelela. Go tswa foo, le ne la tshwanelwa ke go lebana le diphelelo tse di bosula. Fa le ne le bone kotsi eo, le ka bo le ile la tsamaela kgakala le mosadi yoo!—Diane 7:6-27.

9 Fela jaaka lekawana leno, le rona re ka nna ra dira ditshwetso tse di sa siamang ka gonne re sa bona kotsi. Ka sekai, bosigo thelebishene e na le go tlhagisa mananeo a boitsholo jo bo sa siamang, ka jalo, go ka nna kotsi gore o nnele go ya kwa le kwa o batlana le mananeo mangwe a a rileng. Gape go ka nna kotsi go tsena mo Internet mme o sa itse gore o batla eng le go tsena mo di-chat room kgotsa di Web site tse go nang le dipapatso tse di bontshang boitsholo jo bo sa siamang kgotsa tshedimosetso e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Mo maemong ao, se re se lebang se ka dira gore re nne le dikeletso tse di sa siamang mme sa dira gore re se ka ra ikobela Jehofa.

10. Ke ka ntlha yang fa go tshameka ka maikutlo a lorato go le kotsi? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Gape Baebele e re bolelela kafa banna le basadi ba tshwanetseng go dirisana ka gone. (Bala 1 Timotheo 5:2.) Bakeresete ga ba bontshe ope maikutlo a lorato ntle fela le balekane ba bone kgotsa batho ba ba ikaeletseng go ba nyala. Ga ba dire dilo ka tsela e e tla dirang gore ba bangwe ba akanye gore ba batla go ratana le bone. Bangwe ba ka nna ba akanya gore go itshwara ka tsela e e bontshang gore o kgatlhegela mongwe, ga go phoso fa fela lo sa tshwarane. Mme fa batho ba babedi ba tshameka ka maikutlo a lorato, ba ka nna ba simolola go nna le dikakanyo tse di leswe mme ba feleletsa ba wetse mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Go kile ga direga mme go ka direga gape.

11. Re ithuta eng mo go Josefa?

11 Josefa o re tlhometse sekao se se molemo. Mosadi wa ga Potifaro o ne a leka go mo raela gore a tlhakanele dikobo le ene. O ne a gana mme mosadi yono ga a ka a ineela. Letsatsi le letsatsi o ne a kopa Josefa gore “a tswelele a na le ene.” (Genesise 39:7, 8, 10) Moithuti mongwe wa Baebele a re mosadi wa ga Potifaro o ne a akanya gore fa ba le bosi, Josefa o ne a tla mo eletsa. Josefa o ne a ikemiseditse gore ga a kitla a ineelela go hepisiwa ke mosadi yono. Ka go dira jalo, o ne a thibela dikeletso tse di sa siamang go gola mo pelong ya gagwe. Mme fa mosadi yono a ne a phamola seaparo sa ga Josefa a leka go mo pateletsa gore a tlhakanele dikobo le ene, ka bonako fela, Josefa o ne a “tlogela seaparo sa gagwe mo seatleng sa [mosadi yono] mme a tshaba a tswela kwa ntle.”—Genesise 39:12.

12. Re itse jang gore dilo tse re di lebang di ka ama dipelo tsa rona?

12 Jesu o ne a re tlhagisa gore dilo tse re di lebang di ka tsena mo dipelong tsa rona mme tsa dira gore re nne le keletso e e sa siamang ya tlhakanelodikobo. O ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Seno ke se se diragaletseng Kgosi Dafide. “Fa a le mo godimo ga borulelo jwa ntlo [o ne] a bona mosadi a tlhapa” mme a nna a mo lebile le go nna a akantse ka ene. (2 Samuele 11:2) Le fa mosadi yono a ne a nyetswe, Dafide o ne a simolola go mo eletsa mme a feleletsa a tlhakanetse dikobo le ene.

13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira “kgolagano” le matlho a rona mme re ka dira seo jang?

13 Fa re batla go gana dikakanyo tse di leswe, re tshwanetse go latela sekao sa ga Jobe. O ne a re: “Ke dirile kgolagano le matlho a me.” (Jobe 31:1, 7, 9) Fela jaaka Jobe, re ka nna ra dira tshwetso ya gore le ka motlha re se ka ra nna le dikakanyo tse di leswe ka mongwe yo re mo lebileng. Mme fa re bona setshwantsho sengwe sa thobalano mo khomputareng, mo papatsong, mo makasineng kgotsa gope fela, re tla leba go sele ka bonako.

14. Re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re itshekile?

14 Fa o akanya ka se re sa tswang go tlotla ka sone, o tla lemoga gore go lwantsha dikeletso tse di sa siamang ke namane e tona ya tiro. Fa o tlhoka go dira diphetogo, se senye nako! Fa o reetsa Jehofa, o tla kgona go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo mme o nne o itshekile.—Bala Jakobe 1:21-25.

‘BITSA BANNA BA BAGOLWANE’

15. Fa o fitlhela go le thata gore o lwantshe dikeletso tse di sa siamang, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o kope thuso?

15 Fa o fitlhela go le thata go lwantsha dikeletso tse di sa siamang, bua le mongwe mo phuthegong yo o nang le lobaka lo loleele a direla Jehofa yo o ka go nayang kgakololo e e molemo e e tswang mo Lefokong la Modimo. Go ka tswa go se motlhofo go bua le motho yo mongwe ka mathata a gago mme gone kgetsi ya tsie e kgonwa ka go tshwaraganelwa. (Diane 18:1; Bahebera 3:12, 13) Bakeresete ba ba godileng semoyeng ba ka go thusa go bona fa o tlhokang go dira diphetogo gone. Ka jalo, dira diphetogo gore o tswelele o le Tsala ya ga Jehofa.

16, 17. (a) Bagolwane ba ka thusa jang batho ba ba fitlhelang go le thata go lwantsha dikeletso tse di sa siamang? Naya sekai. (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore batho ba ba nang le bothata jwa go leba tshedimosetso e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo ba kope thuso ka bonako?

16 Bagolwane ba ba mo diphuthegong tsa rona ba tshwanelega tota go re thusa. (Bala Jakobe 5:13-15.) Lekawana lengwe la kwa Brazil le ne le na le lobaka lo loleele le lwantshana le dikeletso tse di sa siamang. La re: “Ke ne ke itse gore dikakanyo tsa me di ne di sa itumedise Jehofa mme gone ke tlhabiwa ke ditlhong go bolelela batho ba bangwe ka tsela e ke ikutlwang ka yone.” Mogolwane mongwe o ne a lemoga gore lekawana leno le tlhoka thuso mme a le kgothaletsa gore le kope bagolwane gore ba mo thuse. Lekawana leno la re: “Ke ne ke sa dumele fa ke bona bopelonomi jo bagolwane ba neng ba mpontsha jone, ba ne ba le pelonomi thata jaana e bile ba tlhaloganya mo ke neng ke ikutlwa ke sa tshwanelwe ke jone. Ba ne ba ntlhwaetse tsebe fa ke ba bolelela mathata a me. Ba ne ba dirisa Baebele go ntlhomamisetsa gore Jehofa o a nthata e bile ba ne ba rapela le nna. Seo se ile sa dira gore go nne motlhofo go amogela kgakolo ya bone e e tswang mo Baebeleng.” Fa kamano ya gagwe le Jehofa e sena go nonofa, o ne a re: “Gone jaanong ke a lemoga gore go botlhokwa fela thata go kopa thuso go na le go leka go rwala morwalo o le nosi.”

17 Fa o tlwaetse go leba tshedimosetso e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, o tshwanetse go kopa thuso ka bonako. Fa o diega go dira jalo, o ka thanya lomapo lo le tsebeng mme wa iphitlhela o wetse mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Seo se ka utlwisa ba bangwe botlhoko mme sa dira gore batho ba kgobe Jehofa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba kopa thuso mo bagolwaneng mme ba amogela kgakololo e le gore ba kgone go itumedisa Jehofa le go nna ba le mo phuthegong.—Pesalema 141:5; Bahebera 12:5, 6; Jakobe 1:15.

IKEMISETSE GO NNA O ITSHEKILE!

18. O ikemiseditse go dira eng?

18 Lefatshe la ga Satane le nna maswe le go feta. Mme gone, batlhanka ba ga Jehofa ba leka ka natla gore ba nne le dikakanyo tse di phepa le go nna ba itshekile. Jehofa o motlotlo tota ka Bakeresete bao. A re nneng gaufi le Jehofa mme re latele kgakololo e re e balang mo Lefokong la gagwe le e re e newang mo phuthegong ya Bokeresete. Fa re dira jalo, re tla itumela e bile re tla nna le segakolodi se se phepa. (Pesalema 119:5, 6) Mme mo isagweng fa Satane a tla bo a nyeleditswe, re tla tshelela ruri mo lefatsheng le lesha le le phepa la Modimo.