Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Emang lo Nitame mo Tumelong”

“Emang lo Nitame mo Tumelong”

“Emang lo nitame mo tumelong, . . . nnang thata.” —1 BAKORINTHA 16:13.

PINA: 60, 64

1. (a) Go ne ga direga eng ka Petere ka nako ya sefefo se se neng se le mo lewatleng la Galalea? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke eng fa Petere a ne a simolola go nwela?

BOSIGO bongwe, moaposetoloi Petere le barutwa ba bangwe ba ne ba tshwere phage ka mangana ba leka go tsamaisa mokoro mo Lewatleng la Galalea ka nako ya sefefo se segolo. Ka tshoganyetso, ke fa ba bona Jesu a tsamaya mo metsing. Petere o ne a goeletsa Jesu mme a mmotsa gore a ka tla kwa go ene. Jesu o ne a mo laela gore a tle mme Petere o ne a tswa mo mokorong a bo a simolola go tsamaya mo godimo ga metsi. Go ise go ye kae, ke fa Petere a simolola go nwela. Ka ntlha yang? Ka gonne o ile a leba sefefo le makhubu a lewatle mme a simolola go boifa. Petere o ne a goa a kopa thuso mme Jesu o ne a itlhaganela a mo tshwara ka seatla a re: “Wena yo o nang le tumelo e potlana, ke ka ntlha yang fa o ne o fenngwa ke pelaelo?”—Mathaio 14:24-32.

2. Ke dintlha dife tse re tla di sekasekang?

2 A re sekasekeng dintlha di le tharo tse re ka ithutang tsone ka tumelo mo go se se diragaletseng Petere: (1) kafa Petere a neng a ikanya Jehofa ka teng lekgetlo la ntlha, (2) lebaka la go bo Petere a ile a felelwa ke tumelo le (3) se se ileng sa mo thusa gore a boe a nne le tumelo gape. Go sekaseka dintlha tseno go ka re thusa go ‘ema re nitame mo tumelong.’—1 Bakorintha 16:13.

GO DUMELA GORE MODIMO O TLA RE THUSA

3. Ke eng fa Petere a ne a tswa mo mokorong mme re ile ra dira eng se se tshwanang?

3 Petere o ne a na le tumelo e e nonofileng. Ke eng fa re ka rialo? Ka gonne fa Jesu a ne a mmitsa, Petere o ne a tswa mo mokorong mme a simolola go tsamaya mo godimo ga metsi. O ne a dumela gore Modimo o tla mo naya maatla a go tsamaya mo godimo ga metsi fela jaaka Jesu. Le rona fa Jesu a ne a re laletsa gore re mo sale morago, re ne ra ineela mo go Jehofa mme ra kolobediwa. Ka ntlha yang? Ka gonne re dumela mo go Jehofa le Jesu e bile re itse gore ba tla re thusa.—Johane 14:1; bala 1 Petere 2:21.

Tumelo ya ga Petere e ne ya dira gore a dire sengwe se se sa kgonegeng gotlhelele

4, 5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata gore re nne le tumelo?

4 Tumelo ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo. Tumelo ya ga Petere e ne ya dira gore a dire sengwe se se sa kgonegeng gotlhelele. Tumelo e ka re thusa go dira dilo tse go bonalang go sa kgonege go di dira. (Mathaio 21:21, 22) Bangwe ba rona re ile ra fetola mekgwa le ditiro tsa rona thata jaana mo batho ba ba re itseng ba sa dumeleng se ba se bonang. Re dirile diphetogo tseno ka gonne re rata Jehofa e bile e le ene a re thusitseng go di dira. (Bala Bakolosa 3:5-10.) Tumelo e ile ya re tlhotlheletsa gore re ineele mo go Jehofa mme re nne ditsala tsa gagwe, e leng sengwe se le ka motlha re neng re ka se kgone go se dira ka maatla a rona.—Baefeso 2:8.

5 Tumelo e re naya maatla. Ka sekai, e re thusa go lwantshana le mmaba wa rona yo o maatla e bong Diabolo. (Baefeso 6:16) Gape fa re na le mathata, ga re tshwenyege thata ka gonne re itse gore Jehofa o tla re thusa. Jehofa o re solofeditse gore o tla re naya se re se tlhokang fa fela re na le tumelo e bile re tsaya Bogosi bo le botlhokwa go gaisa sepe fela. (Mathaio 6:30-34) Sa botlhokwa le go feta, fa re na le tumelo, Jehofa o tla re naya mpho e e molemolemo ya go tshelela ruri.—Johane 3:16.

GO SA TSEPAMISE MOGOPOLO GO KA DIRA GORE RE FELELWE KE TUMELO

6, 7. (a) Re ka tshwantsha phefo le makhubu a lewatle a a ileng a tshosa Petere le eng? (b) Ke eng fa re tshwanetse go tlhaloganya gore go a kgonega gore motho a felelwe ke tumelo?

6 Fa Petere a ntse a tsamaya mo godimo ga metsi a Lewatle la Galalea, o ne a simolola go tshoga. Lebaka? Ka ntlha ya phefo le makhubu a lewatle. Seno se ka nna sa bapisiwa le diteko le dithaelo tse Bakeresete ba lebanang le tsone gompieno. Tota le fa go ka nna thata jang, Jehofa a ka re naya maatla. Mme se lebale se se ileng sa diragalela Petere. Ga se gore phefo le makhubu a lewatle ke one a dirileng gore a nwele, go na le moo, Baebele ya re: “Ya re a leba phefo ya matsubutsubu, a boifa.” (Mathaio 14:30) Petere o ne a tlogela go leba Jesu mme a tlhoma mogopolo mo phefong eo e e neng e le maatla. Kgabagare tumelo ya gagwe e ne ya koafala. Le rona fa re tlhoma mogopolo thata mo mathateng a rona, re ka nna ra simolola go belaela gore a Jehofa o tla re thusa.

Fa re tlhoma mogopolo mo dilong tse di sa tsamayeng sentle mo botshelong, re ka felelwa ke tumelo ka bonako

7 Re tshwanetse go tlhaloganya gore motho a ka kgona go felelwa ke tumelo. Ka gonne Baebele ya re go felelwa ke tumelo ke “boleo jo bo re rareetsang motlhofo.” (Bahebera 12:1) Fela jaaka Petere, fa re tlhoma mogopolo mo dilong tse di sa tsamayeng sentle mo botshelong, re ka felelwa ke tumelo ka bonako. Ka jalo, re ka itse jang fa tumelo ya rona e le mo kotsing ya go nyelela? Dipotso tse di latelang di tla re thusa go itshekatsheka.

8. Go ka direga eng se se bontshang gore ditsholofetso tsa Modimo ga di sa tlhole di re ama jaaka pele?

8 A ke sa ntse ke dumela ditsholofetso tsa Modimo jaaka ke ne ke di dumela kwa tshimologong? Ka sekai, Modimo o solofeditse gore o tla nyeletsa lefatshe la ga Satane. Mme gone, a re itewa tsebe ke menate ya lefatshe leno? Fa go le jalo, re ka nna ra simolola go belaela gore bokhutlo jwa lefatshe leno bo atametse. (Habakuke 2:3) Akanya ka sekai se sengwe. Jehofa o ile a ntsha Jesu gore a re swele mme o solofeditse go itshwarela diphoso tsa rona. Mme fa re nnela go tlhola re akanya ka diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng, re ka nna ra simolola go belaela gore a ruri Jehofa o re itshwaretse. (Ditiro 3:19) Seo se ka dira gore re se ka ra itumelela go direla Modimo mme re emise go rerela ba bangwe.

9. Ke eng se se ka diregang fa re tlhomile mogopolo mo dilong tse re di ratang?

9 A ke sa ntse ke direla Jehofa ka pelo yotlhe? Go direla Jehofa ka natla go re thusa gore re tlhome mogopolo mo ditsholofetsong tsa gagwe. Mme gone, go ka direga eng fa re simolola go tlhoma mogopolo mo dilong tse re di ratang? Ka sekai, re ka nna ra bo re na le tiro e e duelang sentle mme gone re se na nako ya go direla Jehofa. Seno se ka koafatsa tumelo ya rona mme ra feleletsa re le “bobodu” mo re nayang Jehofa masaledi fela a maatla a rona.—Bahebera 6:10-12.

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ithuta gore go itshwarela yo mongwe go tlhoka tumelo

10. Go itshwarela ba bangwe go bontsha jang gore re na le tumelo?

10 A go thata go itshwarela ba bangwe? Fa batho ba bangwe ba re kgopisa kgotsa ba re utlwisa botlhoko, a re a ba galefela kgotsa a re a ba ngalela? Fa re dira jalo, e ka tswa e le gore re tlhoma mogopolo thata mo maikutlong a rona. Go itshwarela ba bangwe go bontsha gore re na le tumelo. Jang? Fa mongwe a re leofela, o a re kolota. Fa re leofela Jehofa, re a mo kolota. (Luke 11:4) Ka jalo, fa re itshwarela ba bangwe, re bontsha gore re ikanya Jehofa. Re a itse gore o tla re segofatsa, e bile go segofadiwa ke ene go botoka go na le go ipusolosetsa. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ithuta gore go itshwarela yo mongwe go tlhoka tumelo. Fa Jesu a ne a ba bolelela gore ba itshwarele ba bangwe, tota le batho ba ba ba leofetseng makgetlo a le mantsi, ba ne ba mo kopa ba re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.”—Luke 17:1-5.

11. Ke eng fa re ka palelwa ke go amogela kgakololo?

11 A ke a kgopisega fa ke gakololwa? Reetsa fa o gakololwa go na le go batlana le diphoso mo kgakololong eo kgotsa go batlana le makoa a motho yo o go gakololang. (Diane 19:20) Se fetwe ke tshono ya go ithuta go akanya jaaka Jehofa!

12. Bothata e a bo e le eng ka motho yo o tlholang a nnetse go ngongorega ka batho ba ba etelelang pele mo phuthegong?

12 A ke ngongorega ka bakaulengwe ba ba etelelang pele mo phuthegong? Fa Baiseraele ba ne ba tsepamisitse mogopolo mo pegong e e sa siamang ya ditlhola tse di lesome, ba ne ba ngongorega ka Moshe le Arone. Mme Jehofa o ne a botsa Moshe a re: “Ga ba kitla ba dumela mo go nna ka lobaka lo lo kae”? (Dipalo 14:2-4, 11) Jehofa o ne a itse gore Baiseraele ba ne ba sa mo tshepe ka gonne ba ne ba ngongorega ka banna ba a neng a ba tlhomile. Le rona fa re nnela go tlhola re ngongorega ka batho ba Jehofa a ba tlhomileng go etelela pele phuthego ya gagwe, seno se ka nna sa bo se bontsha gore tumelo ya rona e koafetse.

13. Ke eng fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa re lemoga gore tumelo ya rona e koafetse?

13 Morago ga go sekaseka dipotso tseno, o se ka wa kgobega marapo fa o lemoga gore tumelo ya gago e koafetse. Se lebale gore Petere le ene o ne a boifa le go simolola go belaela. Mme ka dinako tse dingwe Jesu o ne a tle a kgalemele baaposetoloi ba gagwe gore ba na le “tumelo e nnye.” (Mathaio 16:8) Le fa go ntse jalo, re ka ithuta thuto ya botlhokwa go tswa mo go se se diragaletseng Petere. Ela tlhoko se a ileng a se dira fa a sena go belaela le go nwela mo metsing.

TSEPAMISA MOGOPOLO MO GO JESU GORE A NONOTSHE TUMELO YA GAGO

14, 15. (a) Petere o ne a dira eng fa a simolola go nwela? (b) Re ka “leba ka tlhomamo” jang kwa go Jesu?

14 Petere o ne a dira eng fa a simolola go nwela? Petere o ne a itse go thuma, ka jalo, o ne a ka nna a thumela kwa mokorong. (Johane 21:7) Mme ke eng a ile a se ka a dira jalo? Ka gonne ga a ka a ikaega ka maatla a gagwe. O ne a tlhoma mogopolo gape mo go Jesu mme a itetla go thusiwa. Fa re lemoga gore tumelo ya rona e koafetse, re tshwanetse go etsa Petere. Re ka dira seo jang?

15 Fela jaaka Petere a ile a tlhoma mogopolo gape mo go Jesu gore a mo thuse, le rona re tshwanetse go “leba ka tlhomamo” kwa go Jesu. (Bala Bahebera 12:2, 3.) Mme gone, rona ga re kgone go mmona. Ka jalo, re ka “leba ka tlhomamo” jang kwa go Jesu? Re ka ithuta ka dilo tse a ileng a di ruta le go di dira mme go tswa foo, re bo re mo etsa. Fa re dira jalo, re tla kgona go nonotsha tumelo ya rona. A re tlotleng ka ditsela tse dingwe tse re ka etsang Jesu ka tsone.

Re ka nna le tumelo e e nonofileng fa re tsepamisa mogopolo mo go Jesu le fa re etsa sekao sa gagwe (Bona serapa 15)

16. Baebele e ka re thusa jang go nonotsha tumelo ya rona?

16 Ikanye Baebele le go feta. Jesu o ne a tlhatswegile pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo le gore le na le kgakololo e e di gaisang tsotlhe. (Johane 17:17) Fa re batla go etsa Jesu, re tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go e ithuta le go akanyetsa kwa teng ka se re se balang. Gape re tshwanetse go batla dikarabo tsa dipotso tse di re tshwenyang. Ka sekai, a o dumela gore re tshela mo metlheng ya bofelo? Tiisa tumelo ya gago ka go ithuta boporofeti jwa Baebele jo bo bontshang gore re tshela mo metlheng ya bofelo. A o batla go dumela ditsholofetso tsa Modimo tse di malebana le isagwe? Ithute boporofeti jwa Baebele jo bo setseng bo diragaditswe. A o dumela gore Baebele e ka re thusa? O ka bala ka batho ba Baebele e ileng ya ba thusa go fetola matshelo a bone. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)—1 Bathesalonika 2:13.

17. Jesu o kgonne jang go itshokela diteko tse di botlhoko mme re ka mo etsa jang?

17 Akanya ka ditshegofatso tsa ga Jehofa. Jesu o ne a nna a akantse ka ditshegofatso tse di tla diregang mo isagweng mme seo se ile sa mo thusa gore a itshokele diteko tse di botlhoko thata. (Bahebera 12:2) O ne a sa itewe tsebe ke dilo tsa lefatshe. (Mathaio 4:8-10) Re ka mo etsa jang? Akanyetsa kwa teng ka dilo tse di itumedisang tse Jehofa a go solofeditseng tsone. Ipone o le mo lefatsheng le lesha. Kwala kgotsa torowa dilo tse o batlang go di dira kwa Paradaiseng. Kgotsa kwala maina a batho ba o batlang go ya go bua le bone fa ba tsosiwa le se o batlang go bua le bone ka sone. Tsaya seno e le se Modimo a go se solofetsang.

18. Thapelo e ka nonotsha jang tumelo ya rona?

18 Kopa Jehofa gore a nonotshe tumelo ya gago. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele moya o o boitshepo. (Luke 11:9, 13) Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa go nna le tumelo e e nonofileng. Se rathe sekgwa fa o bua le Jehofa, mmolelele se o se batlang. Ka sekai, fa o lemoga gore o na le bothata jwa go itshwarela ba bangwe, kopa Jehofa gore a nonotshe tumelo ya gago gore o kgone go itshwarela ba bangwe.

19. Re ka tlhopha jang ditsala tse di siameng?

19 Itsalanye le batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng. Jesu o ne a tlhopha ditsala ka botlhale. Ditsala tsa gagwe di ne di mo ikanya e bile di mo ikobela. (Bala Johane 15:14, 15.) Etsa Jesu mme o nne kelotlhoko fa o tlhopha ditsala. Itsalanye le batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba ba ikobelang Jesu. Ditsala tsa mmatota di bua boammaaruri tota le fa di tshwanelwa ke go kgalemelana.—Diane 27:9.

20. Go tla direga eng fa re thusa ba bangwe go nna le tumelo e e nonofileng?

20 Thusa ba bangwe go nna le tumelo. Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe gore ba nne le tumelo e e nonofileng. O ne a dira jalo ka mafoko le ka ditiro. (Mareko 11:20-24) Re tshwanetse go mo etsa. Fa re dira jalo, re tla kgona go nonotsha tumelo ya rona le ya batho ba bangwe. (Diane 11:25) O ka thusa jang batho mo tshimong? Fa o ruta motho Baebele, mmontshe bosupi jwa gore Modimo o teng, gore o a re kgathalela le gore Baebele ke Lefoko la gagwe. O ka thusa jang go nonotsha tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago? Fa o lemoga gore mokaulengwe wa gago o ngongorega ka ba ba eteletseng pele mo phuthegong, se nne bonako go mo tsaya jaaka motho yo o sa siamang. Leka ka botlhale go mo thusa go nonotsha tumelo ya gagwe. (Jude 22, 23) Fa o le kwa sekolong mme morutabana a bo a bua ka thuto ya evolution, nna pelokgale mme o buelele se o se dumelang ka popo. O ka nna wa gakgamadiwa fela thata ke tsela e morutabana le baithuti ka wena ba tla tsibogang ka yone.

21. Jehofa o re solofeditse eng?

21 Jehofa le Jesu ba ile ba thusa Petere gore a se ka tlhola a belaela. Moragonyana, Petere o ne a nna sekao se se molemo sa motho yo o nang le tumelo. Le rona Jehofa o re thusa gore re eme re nitame mo tumelong. (Bala 1 Petere 5:9, 10.) Go nna le tumelo ga se kgetsi e potlana mme Jehofa o tla re segofatsa fa re tsaya matsapa.

^ ser. 16 Ka sekai, bala ditlhogo tse di reng “Baebele e Fetola Matshelo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo o re o tsamaisetsang batho mo bodireding.