Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a fodisa monna wa sefofu kgato ka kgato?

Mo go Mareko 8:22-26 re bala gore Jesu o ne a fodisa monna yo o foufetseng kwa Bethesaida. Pego eo ya re sa ntlha Jesu o ne a tshasa monna yoo mathe mo matlhong mme morago ga moo a mmotsa gore o bona eng. Karabo ya monna yono e ne e bontsha gore o tshwanetse a bo a ne a tlhakane tlhogo: “Ke bona batho, ka gonne ke lemoga mo go bonalang e kete ditlhare, mme di a tsamayatsamaya.” Go tswa foo Jesu o ne a ama monna yono matlho, mme go ne ga direga seno: “Monna yono a bona sentle, mme a fola, mme o ne a bona sengwe le sengwe sentle.” Go bonala Jesu a ne a fodisa monna yono kgato ka kgato. Ke ka ntlha yang fa a ne a dira jalo?

Baebele ga e arabe potso eno ka botlalo, mme re ka sekaseka mabaka a a ka tswang a dirile gore a dire jalo fa a ne a fodisa monna yono. Fa motho a simolola go bona lekgetlo la ntlha morago ga go nna dingwaga di le dintsi a sa bone—kgotsa le e leng botshelo jwa gagwe jotlhe—go na le dilo tse dintsi tse a tshwanetseng go di tlwaela. Ka sekai: Nako nngwe go ne go dirisiwa mofuta mongwe wa dipitse tse di sa goleng go dira mo meepong. Di ne tsa tlwaela lefifi jaana mo e leng gore fa di ntshiwa mo moepong, di ne di tlhoka go tlogelwa letsatsi lotlhe gore di tlwaele lesedi. Motho yo o foufetseng ene o ne a tla tlhoka go tlwaelana le dilo tse dintsi tota. Mo motlheng wa gompieno, mo makgetlhong mangwe dingaka tse di arang di ile tsa kgona go baakanya mathata mangwe mo matlhong a batho ba ba foufetseng gore ba kgone go bona gape. Le fa go ntse jalo, gantsi balwetse ba ne ba fitlhela go le thata go lepalepana le tshedimosetso e ntsi ya dilo tse ba di bonang e matlho a bone a e romelang kwa bobokong. E re ka jaanong ba ne ba kgona go bona mebala e e farologaneng, dipopego tse di farologaneng e bile ba bonela kgakala ba ne ba iphitlhela ba tlhakane tlhogo e bile ba sa kgone go lemoga tota le dilo tse ba di itseng. Fa nako e ntse e tsamaya, boboko bo ithuta go tlhalosa se matlho a se bonang.

Mo kgannyeng eno, Jesu a ka tswa a ne a fodisa monna yoo kgato ka kgato gonne a ne a mo akanyetsa. Kgabagare monna “o ne a bona sengwe le sengwe sentle,” a tlhaloganya dilo tsotlhe tse a neng a di bona.

Mo motlheng wa ga Jesu, ke ka ntlha yang fa go ne go le thata go bala momeno?

Bogolo jo bo tlwaelegileng jwa dipampiri tse di neng di dirisiwa go dira memeno di ne di simolola ka boleele jwa disentimetara di le 23 go ya go di le 28 le bophara jo bo simololang ka disentimetara di le 15 go ya go di le 23. Dipampiri di le mmalwa di ne di kopanngwa ka sekgomaretsi kgotsa di rokaganngwa ka tlhale ya leloba. Ka dinako tse dingwe go ne go dirisiwa dipampiri tse ditelele go feta tseo. Momeno wa Lewatle le le Suleng wa ga Isaia o ne o dirilwe ka matlalo a mannye a le 17, mme karolo ya one e e sa ntseng e le teng le gompieno e boleele jwa dimetara di le 7. Momeno wa ga Isaia o Jesu a neng a o dirisa mo sinagogeng o ka tswa o ne o le bogolo jo bo tshwanang.—Luke 4:16, 17.

Fa Alan Millard a ne a tlhalosa pego eo mo bukeng ya gagwe ya Discoveries From the Time of Jesus o ne a re: “Mmadi o ne a tsholetsa buka [momeno] mme a e phutholola ka seatla sa molema, a bo a tshwara karolo e nngwe ya yone ka seatla sa moja mme a nna a phuthela karolo nngwe le nngwe e a feditseng go e bala. Gore Jesu a fitlhe mo go Isaia 61, e leng kgaolo e a neng a e bala mo sinagogeng, o tshwanetse a bo a ne a phutholola karolo e kgolo ya momeno oo le go o phutha gape.”

Ka nako eo, buka ya Isaia e ne e sa kgaoganngwa ka dikgaolo le ditemana jaaka e ntse gompieno. Fa Jesu a ne a newa momeno wa ga Isaia mo sinagogeng kwa Nasaretha, o ne a tshwanelwa ke go batla temana e jaanong e leng Isaia 61:1, 2 mo Dibaebeleng tsa rona. Go bontsha gore Jesu o ne a tlwaetse go bala Lefoko la Modimo, go ne ga nna motlhofo gore a ‘bone fa go neng go kwadilwe’ teng.