Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu O ne A Ntshetsa Batho ba le Bantsi Botshelo Jwa Gagwe

Jesu O ne A Ntshetsa Batho ba le Bantsi Botshelo Jwa Gagwe

Jesu O ne A Ntshetsa Batho ba le Bantsi Botshelo Jwa Gagwe

Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore o ne a tla mo lefatsheng, “e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) O ne a ntsha botshelo jwa gagwe ka go rata gore batho ba bangwe ba solegelwe molemo.

Jesu o ne a ntsha thekololo jang ka botshelo jwa gagwe? Ke eng fa seno se ne se tlhokega? Jesu o ne a ntshetsa bomang botshelo jwa gagwe? Mme loso lwa gagwe lo kaya eng mo go wena?

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o kopanele le bone mo go sekasekeng dikarabo tsa dipotso tseno go tswa mo Baebeleng. Monongwaga, letsatsi la go gopola loso lwa ga Jesu le ka Labobedi, March 30, fa letsatsi le sena go phirima. Ka letsatsi leo, go tla tlotliwa ka dikarabo tsa dipotso tse di fa godimo go tswa mo Baebeleng.

O ka ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le wena. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno nako le lefelo le tiragalo eno e tla tshwarelwang kwa go lone.