Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Jesu ke Moengele yo Mogolo Mikaele?

A Jesu ke Moengele yo Mogolo Mikaele?

Babadi ba a Botsa . . .

A Jesu ke Moengele yo Mogolo Mikaele?

▪ Ka bokhutshwane fela re ka re, karabo ke ee. Mokgwa wa go naya motho leina le feta le le lengwe o tlwaelegile mo ditsong tse dintsi. Go ntse fela jalo le ka maina a a mo Baebeleng. Ka sekai, tlhogo ya lotso e bong Jakobe gape o bidiwa Iseraele. (Genesise 35:10) Moaposetoloi Petere o bidiwa ka ditsela tse tlhano tse di farologaneng—Simeone, Simone, Petere, Kefase le Simone Petere. (Mathaio 10:2; 16:16; Johane 1:42; Ditiro 15:7, 14) Re ka tlhomamisa jang gore Mikaele ke leina le lengwe la ga Jesu? Mma re sekasekeng bosupi jo bo latelang jwa Dikwalo.

Baebele e tlhalosa sebopiwa se se nang le maatla sa semoya e bong Mikaele ka ditsela tse di farologaneng di le tlhano. Mo bukeng ya Daniele o tlhalosiwa ka ditsela di le tharo. Mo go Daniele 10:13, 21 moengele wa morongwa o ne a namolwa ke Mikaele yo o bidiwang “mongwe wa dikgosana tse di kwa pelepele” le “kgosana ya lona.” Go tswa foo, mo go Daniele 12:1 re ithuta gore mo motlheng wa bofelo “Mikaele o tla ema, kgosana e kgolo e e emelang bomorwa batho ba gaeno.”

Gape Mikaele o umakiwa mo go Tshenolo 12:7, e e tlhalosang “Mikaele le baengele ba gagwe” ba tlhabana mo ntweng e e botlhokwa e mo go yone Satane Diabolo le baengele ba gagwe ba ba boikepo ba ntshiwang kwa legodimong.

Ela tlhoko gore tsela nngwe le nngwe e Mikaele a tlhalositsweng ka yone fa godimo, o tlhalosiwa e le moengele wa motlhabani yo o lwelang batho ba Modimo le go ba sireletsa e bile o tlhabana le mmaba yo mogolo wa ga Jehofa, Satane.

Jude temana ya 9 ya re Mikaele ke “moengele yo mogolo.” Noko “yo mogolo” e kaya “tlhogo” kgotsa “morena” mme mafoko “moengele yo mogolo” ga a ko a dirisiwa a le mo bontsing mo Baebeleng. Temana e nngwe gape e moengele yo mogolo a umakiwang mo go yone ke mo go 1 Bathesalonika 4:16 e mo go yone Paulo a tlhalosang Jesu yo o tsositsweng ka go re: “Morena [Jesu] ka boene o tla fologa kwa legodimong ka mokgosi wa taelo, ka lentswe la moengele yo mogolo le ka terompeta ya Modimo.” Ka jalo, Jesu Keresete fano o tlhalosiwa e le moengele yo mogolo.

Go ya ka dintlha tse di fa godimo, re ka swetsa ka goreng? Jesu Keresete ke Mikaele moengele yo mogolo. Maina ano ka bobedi—Mikaele (e e kayang “Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?”) le Jesu (e e kayang “Jehofa ke Poloko”)—a tlhalosa seabe se Jesu a nang le sone e le mmueledi yo mogolo wa bolaodi jwa Modimo. Bafilipi 2:9 ya re: “Modimo o ne a mo [Jesu yo o galaleditsweng] godisetsa kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele.”

Go botlhokwa thata gore re lemoge gore fa Jesu a ne a tsholwa mo lefatsheng e ne e se gone a simololang go tshela. Pele Jesu a tsholwa, Marea o ne a etelwa ke moengele yo o neng a mmolelela gore o tla ima ngwana ka moya o o boitshepo mme a mo reye leina a re ke Jesu. (Luke 1:31) Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, gantsi Jesu o ne a bua gore o kile a tshela pele a tla mo lefatsheng.—Johane 3:13; 8:23, 58.

Ka jalo Mikaele moengele yo mogolo ke Jesu pele a tla mo lefatsheng. Fa Jesu a sena go tsosiwa le go boela kwa legodimong, o ne a tswelela ka tirelo ya gagwe e le Mikaele, moengele yo mogolo, “kgalalelong ya Modimo Rara.”—Bafilipi 2:11.