Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A Jesu o ne a amana ka losika le ope fela wa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12?

Dikwalo ga di re neye karabo e e tlhomameng ya potso eno. Le fa go ntse jalo, go ya ka bosupi bongwe le tshedimosetso ya bogologolo, bangwe ba baaposetoloi ba ga Jesu ba ba 12 ba ka tswa ba ne ba amana le ene ka losika.

Bakwadi ba Efangele ba umaka maina a basadi ba ba neng ba lebeletse fa Jesu a ne a swa mo koteng ya tlhokofatso. Johane 19:25 e bua ka ba le banè ba bone: “Mmaagwe [e bong Marea] le monnaa mmaagwe; Marea mosadi wa ga Kelopase, le Marea Magadalena.” Fa o bapisa temana eno le tsela e Mathaio le Mareko ba tlhalosang tiragalo eno ka yone, o ka swetsa ka gore monnaa mmaagwe Jesu e ne e le Salome. Mme go lebega Salome yono e ne e le mmaagwe bomorwa Sebede. (Mathaio 27:55, 56; Mareko 15:40) Go tla bo go raya gore bomorwawe, ba mo ditemaneng tse dingwe ba bidiwang Jakobe le Johane, ke bontsalae Jesu. Jesu o ne a laletsa batshwaraditlhapi bano ba babedi ba e neng e le bana ba motho gore e nne barutwa ba gagwe.—Mathaio 4:21, 22.

Tshedimosetso ya bogologolo e e sa thewang mo Baebeleng ya re Kelopase kgotsa Alefaeo, monna wa mongwe wa basadi ba ba umakilweng mo go Johane 19:25, e ne e le morwarraagwe Josefa, rraagwe Jesu yo o mo godisitseng. Fa e le gore tshedimosetso eo ya bogologolo e boammaaruri, go raya gore Jakobe morwa Alefaeo, yo e neng e le mongwe wa baaposetoloi ba ba 12, le ene e ne e le ntsalae Jesu.—Mathaio 10:3.

A Jesu le Johane Mokolobetsi ba ne ba amana ka losika?

Bangwe ba dumela gore banna bano ba babedi ba ne ba amana ka losika ka gonne bommaabone e ne e le bontsala. Ba dumela jalo ka ntlha ya thanolo e e neng ya baya kgang e e mo go Luke 1:36 ka tlhamalalo mme e ne e sa bewa ka tlhamalalo mo puong ya ntlhantlha. Ka sekai, mo temaneng eno, thanolo ya King James Version e bolela gore mmaagwe Johane e bong Elisabetha, e ne e le ntsalae mmaagwe Jesu e bong Marea.

Le fa go ntse jalo, lefoko le le dirisitsweng mo Segerikeng sa ntlhantlha mo temaneng eno ga le tlhalose kgang eno ka tlhamalalo jalo. Le bontsha fela gore basadi bano ba babedi ba ne ba amana ka losika e seng gore tota e ne e le motho le ntsalae. Jaaka The Interpreter’s Dictionary of the Bible e tlhalosa, “lefoko leno le ka kaya dilo tse dintsi mo le ka se kang la re bontsha gore tota ba ne ba amana jang ka losika.” Mme kgang ya gore mmaagwe Jesu le mmaagwe Johane e ne e le motho le ntsalae e tswa kae? Buka ya tshedimosetso ya The Catholic Encyclopedia e araba jaana: “Tshedimosetso yotlhe e re nang le yone malebana le . . . batsadi ba ga Marea . . . e tswa mo dibukeng tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone.”

Ka jalo, gone Jesu le Johane ba ne ba amana ka tsela nngwe ka losika, le fa bommaabone e ka tswa e ne e se bontsala.