Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruri Ditiro Tse di Bosula di Tla Fela!

Ruri Ditiro Tse di Bosula di Tla Fela!

Ruri Ditiro Tse di Bosula di Tla Fela!

MODIMO o re neile Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, le le tlhalosang mabaka a go bo batho ba dira dilo tse di bosula. Gape o re neile kgololesego ya go itlhophela le bokgoni jwa go nna le boikgapo mme seo se dira gore re kgone go tila go dira dilo tse di bosula. (Duteronome 30:15, 16, 19) Ka ntlha ya seno, re ka lemoga mekgwa epe fela e e bosula e re ka tswang re na le yone mme ra tsaya dikgato tse di tlhokegang gore re e tlogele. Kwa bokhutlong, fa re sa dire ditiro tse di bosula seno se tla itumedisa rona le batho ba re tshelang le bone.—Pesalema 1:1.

Mme le fa rona re ka leka go le kana kang go tila go dira dilo tse di bosula, lefatshe le sa ntse le tletse ka dilo tse di bosula tse di dirwang ke batho ba bangwe. Baebele e tlhagisa jaana: “Itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Fa e bontsha lebaka la go bo go le “boima go lebana le” metlha ya bofelo, e tswelela jaana: “Batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone; mme bano o ba fularele.”—2 Timotheo 3:1-5.

Gongwe o etse tlhoko polelwana e e reng “mo metlheng ya bofelo” e e mo mafokong a boporofeti a a nopotsweng fa godimo. O tlhaloganya jang polelwana eno? Fela jaaka batho ba le bantsi ba tlhaloganya, polelwana e e reng ‘metlha ya bofelo’ e kaya gore sengwe se a fela. E ka tswa e le eng se se felang? Ela tlhoko se Modimo a se solofetsang mo Lefokong la gagwe.

Batho ba ba bosula ba tla nyelediwa.

“Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”PESALEMA 37:10, 11.

“Jehofa o disa botlhe ba ba mo ratang, mme botlhe ba ba boikepo o tla ba nyeletsa.”PESALEMA 145:20.

Batho ga ba kitla ba tlhola ba gatelelwa.

“O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”PESALEMA 72:12, 14.

“Popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”BAROMA 8:21.

Batho ba tla newa dilo tse ba di tlhokang.

“Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”MIKA 4:4.

“Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”ISAIA 65:21, 22.

Go tla nna le tshiamiso.

“Eleruri, a Modimo ga a na go dira gore ba ba tlhophilweng ba gagwe ba ba goelang kwa go ene motshegare le bosigo ba direlwe tshiamiso . . . ? Ke a lo bolelela, O tla dira gore ba direlwe tshiamiso ka bofefo.”LUKE 18:7, 8.

“Jehofa ke morati wa tshiamiso, mme ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla disiwa ka bosakhutleng.”PESALEMA 37:28.

Bopelotshetlha bo tla emisediwa ke tshiamo.

“Banni ba naga e e ungwang ruri ba tla ithuta tshiamo.”ISAIA 26:9.

“Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.”2 PETERE 3:13.

Tota le Gone Jaanong Batho ba a Fetoga

Ga go pelaelo gore rotlhe re ka itumelela go diragadiwa ga ditsholofetso tseno. Mme ke eng se se re tlhomamisetsang gore di tla diragadiwa? Gone jaanong re na le bosupi jwa gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragadiwa. Bosupi joo ke bofe? Ke jwa gore batho ba le bantsintsi gompieno mo lefatsheng lotlhe ba setse ba kgonne go tlogela bopelotshetlha, boitsholo jo bo sa siamang kgotsa go rata thubakanyo mme ba ile ba ithuta go ikanyega, go rata kagiso le go nna pelonomi. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione di le supa, ke bakaulengwe ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ba ileng ba fenya dikgaogano tsa bomorafe, tsa setso, tsa bosetšhaba, tsa dipolotiki le tsa maemo a itsholelo, tse di bakileng letlhoo, thubakanyo le go tshololwa ga madi mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng. * E re ka go direga diphetogo tse di ntseng jalo gompieno, leno ke lebaka le le utlwalang la go dumela gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragadiwa ka selekanyo se segolo.

Mme gone, ke eng se se dirang gore go nne le diphetogo tseno? Karabo e fitlhelwa mo tsholofetsong e nngwe e e mo Baebeleng, e e kwadilweng ke moporofeti Isaia. O ne a kwala jaana:

“Phiri e tla nna nakonyana le kwanyana e tonanyana, mme lengau le tla botha le potsane, le namane le tawana e e seriri le phologolo e e fepilweng sentle tsotlhe di tla nna mmogo; mme mosimanyana o tla di etelela pele. . . . Le tau e tla ja lotlhaka jaaka poo. Mme ngwana yo o anyang o tla tshameka fa mosimeng wa kake; ngwana yo o kgwisitsweng o tla baya seatla sa gagwe mo mosimeng o o tsenyang lesedi wa noga e e botlhole. Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:6-9.

A boporofeti jono bo bolelela pele fela ka nako e ka yone batho ba tla bong ba nna ka kagiso le diphologolo? Nnyaa, ga se gone fela. Ela tlhoko gore karolo ya bofelo ya temana eno e bontsha gore ke eng se se bakang diphetogo: “Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa.” A kitso ya Modimo e fetola tsela e diphologolo di itshwarang ka yone? Nnyaa, le e seng. Mme e ka kgona go fetola batho e bile e setse e ba fetola! Boporofeti jono bo bolelela pele gore batho ba ba ka tswang ba ne ba na le mekgwa ya bophologolo, ba ne ba tla e tlogela mme ba nne le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete ka ntlha ya go ithuta le go dirisa se Baebele e se rutang.

Akanya ka se se neng sa diragalela Pedro. * O ne a dumela gore o lwela gore go nne le tshiamiso fa a ne a tsenela mokgatlho wa dirukhutlhi. Morago ga gore a thapisiwe, o ne a laelwa gore a phamphamolole bonno jwa mapodise ka bomo. O ne a tshwarwa fa a ntse a ipaakanyetsa go dira jalo. Pedro o ne a fetsa dikgwedi di le 18 kwa kgolegelong, kwa a neng a tsweletsa gone ditiro tsa gagwe tsa borukhutlhi. Mo nakong eo, mosadi wa ga Pedro o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Fa Pedro a gololwa le ene o ne a simolola go ithuta Baebele, mme se a neng a se ithuta ka ga Jehofa Modimo se ne sa mo tlhotlheletsa gore a dire diphetogo tse dikgolo mo tseleng e a neng a itshwara ka yone le e a neng a leba botshelo ka yone. Pedro a re: “Ke leboga Jehofa go bo ke sa bolaya ope mo dingwageng tsa fa ke ne ke le serukhutlhi. Jaanong ke dirisa tšhaka ya moya wa Modimo e leng Baebele, go naya batho molaetsa wa kagiso le tshiamiso—dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.” Pedro o ne a ba a etela bonno jwa mapodise jo a neng a kile a rulaganya go bo nyeletsa gore a tle a bolelele mapodise a a neng a nna koo molaetsa wa kagiso le wa lefatshe le le se nang thubakanyo.

Tlhotlheletso e e maatla e Lefoko la Modimo le ka nnang le yone mo bathong e oketsa mabaka a gore re nne le tumelo mo tsholofetsong ya Modimo ya gore ruri ditiro tsotlhe tse di bosula di tla fela. Ee, batho ga ba kitla ba dira ditiro tse di bosula go ya go ile mme ba tla fetoga go nna batho ba ba botoka. Go ise go ye kae, Jehofa o tla tlosa mosimolodi wa ditiro tse di bosula e bong Satane Diabolo, yo o ntseng a laola lefatshe mme a sa bonale. Baebele ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Mme go ise go ye kae o tla bo a seyo. Batho ba ka botlhogoethata ba ganang go tlogela ditsela tsa bone tse di boikepo le bone ba tla bo ba seyo. Ruri go tla itumedisa tota go tshela ka nako eo!

Ke eng se o ka se dirang gore o bone isagwe eno? Gakologelwa gore “kitso ya ga Jehofa” ke yone e e tlisang diphetogo mo bathong gompieno e bile ke yone e e tla tlisang diphetogo mo lefatsheng lotlhe go ise go ye kae. Ka go nna le kitso e e boammaaruri ya Baebele le go e dirisa—jaaka Pedro a ile a dira—le wena o ka lebelela pele go tshela mo lefatsheng le ‘go tla nnang tshiamo’ mo go lone. (2 Petere 3:13) Ka jalo, re go kgothaletsa gore o dirise tshono e e sa ntseng e le teng gore o nne le kitso ka Modimo le Jesu Keresete, ka gonne seno se ka dira gore o bone botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 21 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 25 Leina le fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Le wena o ka lebelela pele go tshela mo lefatsheng le ‘go tla nnang tshiamo’ mo go lone.—2 PETERE 3:13