Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

1 Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Rapela?

1 Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Rapela?

THAPELO. Go na le dikgang di le mmalwa tse di mo Baebeleng tse di jaaka kgang ya thapelo tse batho ba di kgatlhegelang e bile di dira gore ba batle go itse. Ela tlhoko dipotso di le supa tse batho ba tleng ba di botse malebana le thapelo; go tswa foo re tla sekaseka mmogo dikarabo tse di mo Baebeleng. Ditlhogo tseno di diretswe go go thusa go rapela—e ka tswa e le go simolola go rapela kgotsa go tokafatsa dithapelo tsa gago.

MO LEFATSHENG lotlhe, batho ba ditso tsotlhe le ba madumedi a a farologaneng ba a rapela. Ba rapela fa ba le bosi mme ka dinako tse dingwe ba rapela ba le setlhopha. Ba rapela mo dikerekeng, mo ditempeleng, mo disinagogeng, mo mafelong a kobamelo a Bamoseleme le mo mafelong a mangwe a kobamelo. Ba ka tswa ba dirisa dimmata tsa thapelo, dibaga tsa rosari, maotwana a a dirisiwang fa go rapelwa, ditshwantsho, dibuka tsa thapelo kgotsa dithapelo tse di kwadilweng mo dibotong tse dinnye tse di kgwagediwang.

Thapelo e dira gore batho ba farologane le ditshedi tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. Gone ke boammaaruri gore go na le dilo tse dintsi tse re tshwanang le diphologolo ka tsone. Fela jaaka diphologolo re tlhoka dijo, moya le metsi. Fela jaaka tsone re a tsholwa, re a tshela re bo re swa. (Moreri 3:19) Mme batho ke bone fela ba rapelang. Ka ntlha yang?

Gongwe karabo e e motlhofo ke gore re tshwanetse go rapela. Thapelo e tsewa e le go buisana le maatla mangwe a a tsewang a le boitshepo kgotsa a nnela ruri. Baebele e bontsha gore re bopilwe re na le keletso ya go batla dilo tse di nnelang ruri. (Moreri 3:11) Nako nngwe Jesu Keresete o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

Se “ba se tlhokang semoyeng”—ruri seno ke sone se se dirang gore go bo go na le dikago le ditshwantsho tse dintsi jaana tsa bodumedi le gore batho ba bo ba fetsa diura di le dintsi jaana ba rapela. Ke boammaaruri gore batho bangwe ba ikaega ka bobone kgotsa ba lebeletse gore batho ba bangwe ba ba tlamele ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. A mme ga o lemoge gore batho ga ba na bokgoni jo bo lekaneng jwa go re thusa? Re bokoa, ga re tshele lobaka lo loleele e bile ga re kgone go bonela dilo kwa pele. Motho yo o botlhale go re gaisa, yo o nang le maatla e bile a tshelela ruri, ke ene fela yo o ka re nayang se re se tlhokang. Mme gone, dilo tse re di tlhokang semoyeng tse di re tlhotlheletsang go rapela ke dife?

Akanya ka seno: A o kile wa utlwa o tlhoka go kaelwa, o tlhoka botlhale kgotsa dikarabo tsa dipotso tse go lebegang go se motho ope yo o di itseng? A o kile wa ikutlwa o tlhoka kgomotso fa o tlhokafaletswe ke motho yo o mo ratang, o tlhoka go kaelwa fa o tshwanelwa ke go dira tshwetso e e masisi kgotsa o tlhoka go itshwarelwa ka go bo o ikutlwa o le molato?

Go ya ka Baebele, ano otlhe ke mabaka a a utlwalang a go bo re tshwanetse go rapela. Baebele ke buka e e ka ikanngwang mo kgannyeng eno, mme e na le dipego tsa dithapelo tsa banna le basadi ba le bantsi ba ba ikanyegang. Ba ne ba rapelela gore ba gomodiwe, ba kaelwe, ba itshwarelwe le gore ba bone dikarabo tsa dipotso tse di thata.—Pesalema 23:3; 71:21; Daniele 9:4, 5, 19; Habakuke 1:3.

Le fa dithapelo tseo di ne di farologane, go ne go na le sengwe se di neng di tshwana ka sone. Batho bano botlhe ba ne ba itse selo sa botlhokwa se se neng se dira gore dithapelo tsa bone di arabiwe, e leng selo se gantsi batho ba sa se itseng kgotsa ba se itlhokomolosang gompieno. Ba ne ba itse gore ba tshwanetse go rapela mang.