Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

7 A Modimo o Tla e Utlwa Le go E Araba?

7 A Modimo o Tla e Utlwa Le go E Araba?

POTSO eno e ka dira gore re kgatlhegele go itse karabo ya yone. Baebele e bontsha gore le gompieno Jehofa o reetsa dithapelo. Gore a Modimo o tla utlwa dithapelo tsa rona kgotsa nnyaa go ikaegile thata ka rona.

Jesu o ne a kgala baeteledipele ba bodumedi ba mo motlheng wa gagwe ba ba neng ba rapela dithapelo tsa boitimokanyi; ba amegile fela ka gore batho ba ba lebe ba siame. O ne a re batho bao ba ne ba tla “bona maduo a bone ka botlalo,” mo go rayang gore ba ne ba tla amogela se tota ba neng ba se batla, go ratwa ke batho mme e seng se ba neng ba se tlhoka, e leng gore Modimo a utlwe dithapelo tsa bone. (Mathaio 6:5) Ka tsela e e tshwanang gompieno, batho ba le bantsi ba rapela go ya ka thato ya bone e seng ya Modimo. E re ka ba itlhokomolosa melaometheo ya Baebele e re tlotlileng ka yone, Modimo ga a arabe dithapelo tsa bone.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka wena? A Modimo o tla utlwa dithapelo tsa gago a bo a di araba? Karabo ga e a ikaega ka lotso, setšhaba kgotsa maemo a gago. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) A ke kafa o leng ka gone? Fa o boifa Modimo, o mo tseela kwa godimo mme ga o batle go dira se se sa mo itumediseng. Go dira tshiamo go kaya go batla go dira se Modimo a reng se siame go na le go dira maratwaepelo kgotsa se se ratwang ke batho ba bangwe. A tota o batla gore Modimo a reetse dithapelo tsa gago? Baebele e re bontsha gore re tshwanetse go rapela Modimo jang gore a re utlwe. *

Ke boammaaruri gore, batho ba le bantsi ba batla gore Modimo a arabe dithapelo tsa bone ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, tota le mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, Modimo o ne a dira dikgakgamatso tse di ntseng jalo ka sewelo. Ka nako nngwe go ne go feta makgolo a dingwaga pele a dira kgakgamatso e nngwe. Gape, Baebele e bontsha gore nako ya dikgakgamatso e ne ya fela morago ga metlha ya baaposetoloi. (1 Bakorintha 13:8-10) A seno se raya gore Modimo ga a arabe dithapelo tse di rapelwang gompieno? Nnyaa, le e seng! Ela tlhoko dithapelo tse Modimo a di arabang.

Modimo o naya batho botlhale. Jehofa ke Motswedi o o e gaisang yotlhe ya botlhale jotlhe jwa boammaaruri. O bo aba ka bopelotshweu, a bo abela batho ba ba batlang kaelo ya gagwe le ba ba lekang go tshela ka yone.—Jakobe 1:5.

Modimo o abela batho moya wa gagwe o o boitshepo le melemo yotlhe ya one. Moya o o boitshepo ke maatla a a dirang a Modimo. Ga go na maatla a a fetang ao. A ka re thusa go itshokela diteko. A ka dira gore re nne le kagiso fa re na le mathata. A ka re thusa gore re nne le dinonofo tse dingwe tse di molemo le tse di rategang. (Bagalatia 5:22, 23) Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore Modimo o abela batho mpho eno ka bopelotshweu.—Luke 11:13.

Modimo o naya batho ba ba mmatlang ka tlhoafalo kitso. (Ditiro 17:26, 27) Mo lefatsheng go na le batho ba ba batlang boammaaruri ka bopeloephepa. Ba batla go itse kaga Modimo—gore leina la gagwe ke mang, boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le batho ke bofe le gore ba ka atamalana le ene jang. (Jakobe 4:8) Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba kopana le batho ba ba ntseng jalo, mme ba itumelela go ba bontsha dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tseo.

A leno ke lone lebaka la go bo o tsere makasine ono? A o batla go itse Modimo? Gongwe eno ke tsela e a e dirisang go araba thapelo ya gago.

^ ser. 5 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa re ka rapelang ka gone gore Modimo a re utlwe, bona kgaolo 17 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.