Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Paradaise e go Buiwang ka Yone mo Baebeleng e Kwa Kae?

Paradaise e go Buiwang ka Yone mo Baebeleng e Kwa Kae?

Babadi Ba a Botsa . . .

Paradaise e go Buiwang ka Yone mo Baebeleng e Kwa Kae?

▪ Jesu o ne a solofetsa monna mongwe jaana yo o neng a tloga a swa mme a bontshitse ka bopelokgale gore o na le tumelo mo go ene: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Monna yono o ne a tla nna kae? A Paradaise e ne e tla bo e le kwa legodimong, mo lefatsheng kgotsa kwa lefelong lengwe le batho ba letang kwa go lone gore ba atlholwe?

Bagologolwane ba rona ba kile ba nna kwa Paradaiseng. Baebele ya re: “Jehofa Modimo a jala tshingwana mo Edene, go ela kwa botlhaba, mme a baya gone motho yo a mmopileng. . . . Mme Jehofa Modimo a tsaya monna a mmaya mo tshingwaneng ya Edene gore a e leme a ba a e tlhokomele.” (Genesise 2:8, 15) Fa mafoko ao a ranolelwa mo Segerikeng, lefoko “tshingwana” le ne la kwalwa go twe pa·raʹdei·sos, e lefoko la Setswana e leng “paradaise” le tswang mo go yone.

Fela jaaka banyalani ba ka oketsa ntlo fa ba nna le bana ba bangwe, go ne go lebeletswe gore fa lelapa la batho le ntse le gola, batsadi ba rona ba ntlha le bone ba atolose Paradaise gore e se ka ya felela fela mo Edene. Modimo o ne a ba raya a re: “Lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.”—Genesise 1:28.

Ka jalo, boikaelelo jwa Mmopi wa rona e ne e le gore batho ba tshele ba bo ba nne le bana mo Paradaiseng gone mo lefatsheng. Ba ne ba tla tshelela ruri mo tshingwaneng e e mo lefatsheng ba sa tlhoke mabitla ape. Lefatshe le ne le tla nna legae la batho botlhe ka bosakhutleng. Ke gone ka moo re kgatlhiwang thata ke dilo tsa tlholego tsa polanete ya rona! Re bopetswe gore re tshele mo lefatsheng le lentle.

A boikaelelo jwa Modimo bo fetogile? Nnyaa. Ka gonne Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang.” (Isaia 55:11) Dingwaga di feta 3 000 morago ga go bopiwa ga batho, Baebele e ne ya bolela gore “Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone” ‘ga a le bopela lefela,’ mme ‘o le bopetse go nniwa.’ (Isaia 45:18) Thato ya Modimo ga e a fetoga. Lefatshe le sa ntse le tla nna paradaise.

Se se kgatlhang ke gore ditemana di le dintsi tsa Baebele tse di buang ka Paradaise di tlhalosa botshelo jwa mo lefatsheng. Ka sekai, boporofeti jwa ga Isaia jwa re: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.” (Isaia 65:21) Ke kae kwa go agiwang matlo teng e bile go jalwa masimo a mofine teng? Ke kae kwa go jewang maungo gone? Mo lefatsheng. Diane 2:21 e bolela jaana ka tlhamalalo: “Bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng.”

Jesu le ene o ne a bua ka paradaise ya mo lefatsheng. Ke boammaaruri gore gape o ne a solofetsa gore go tla nna le paradaise ya kwa legodimong, mme e le ya batho ba le mmalwa ba ba tlhophilweng. (Luke 12:32) Fa ba sena go swa, ba tsosediwa kwa Paradaiseng e e kwa legodimong gore ba tle ba buse Paradaise ya mo lefatsheng ba na le Keresete. (Tshenolo 5:10; 14:1-3) Batho bano ba ba tla busang le ene kwa legodimong ba tla tlhomamisa gore Paradaise ya mo lefatsheng e busiwa sentle e bile e tlhokomelwa go ya ka melao ya Modimo.

Jesu o ne a itse gore seno ke sone se Modimo a neng a batla se direga mo lefatsheng. Aitsane, o ne a na le Rraagwe kwa legodimong fa tshimo ya Edene e ne e bopiwa. Batho botlhe ba ba bontshang tumelo gompieno ba ka kgona go tshela mo paradaiseng ya mo lefatsheng mo isagweng. (Johane 3:16) Jesu o solofetsa batho bao jaana: “[Lo] tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:43.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

© FORGET Patrick/​SAGAPHOTO.COM/​Alamy