Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Satane A ne A ka Dirisa Noga Go Bua Le Efa?

Ke ka Ntlha Yang fa Satane A ne A ka Dirisa Noga Go Bua Le Efa?

Babadi ba a Botsa . . .

Ke ka Ntlha Yang fa Satane A ne A ka Dirisa Noga Go Bua Le Efa?

▪ O ka nna wa dumela gore jaaka go tlhalositswe mo go tsebe 8, Satane ke ene a neng a dira gore noga e bue le Efa. Seo ke sone se Baebele e se rutang. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa, ‘Ke eng fa setshedi se se maatla sa moya se ne se ka bua se dirisa noga gore go lebege e kete ke yone e buang?’

Baebele e bitsa ditsela tsa boferefere tsa ga Satane e re ke “maano” mme tiragalo eno e re thusa go bona ntlha eo. (Baefeso 6:11) Se se diregang kwa Edene ga se tlhamane fela ya phologolo e e kgonang go bua; ke sekai se se tshosang sa maano a go faposa batho mo Modimong. Ka tsela efe?

Satane o ne a tlhopha ka kelotlhoko yo a ka mo raelang. Efa e ne e le ene yo mmotlana mo dibopiweng tse di botlhale mo lobopong. E re ka Efa a ne a se na maitemogelo, Satane o ne a mo tsietsa a ba a mo raela. Fa Satane a ne a dira gore go lebege e kete go bua noga, e e leng sebopiwa se se botlhajana, o ne a fitlha maitlhomo a gagwe a bopelokgale le a go rata maemo. (Genesise 3:1) Ela tlhoko gore o ne a fitlhelela eng gape ka go dira gore go lebege e kete noga e a bua.

Sa ntlha, Satane o ne a kgona go ngoka kgatlhego ya ga Efa. Efa o ne a itse gore dinoga ga di itse go bua; monna wa gagwe o ne a neile diphologolo tsotlhe maina, go akaretsa le yone eno, gongwe a dirile jalo morago ga go di sekaseka ka kelotlhoko. (Genesise 2:19) Kwantle ga pelaelo Efa le ene o ne a setse a etse phologolo eno e e botlhajana tlhoko. Ka jalo leano la ga Satane le ne la dira gore Efa a swegaswege go itse mo go oketsegileng; le ne la dira gore a tlhome mogopolo mo sengweng se e neng e le sone fela se a se ileditsweng mo tshimong yotlhe ya Edene. Sa bobedi, fa e le gore noga e ne e le mo dikaleng tsa setlhare se se ileditsweng, Efa o ne a ka fetsa ka goreng? A o ne a ka se akanye gore sebopiwa seno sa maemo a a kwa tlase se se sa kgoneng go bua se ne se setse se jele leungo mme ka jalo se kgona go bua? Fa leungo leno le ne le ka dira gore noga e bue, ene le ne le ka mo direlang? Ga re tlhomamise gore Efa o ne a akantse eng le gore a gone noga e ne e jele leungo, mme gone re itse gore fa noga e ne e bolelela Efa gore leungo le ne le tla dira gore a ‘tshwane le Modimo,’ o ne a dumela maaka ao.

Mafoko a Satane a a dirisitseng le one a senola go le gontsi. O ne a dira gore Efa a simolole go belaela, a mo fa kgopolo ya gore Modimo o ne a mo tima sengwe se se molemo e bile a mo amoga kgololesego go sa tlhokege. Leano la ga Satane la gore Efa o tla tshwana le Modimo le ne le ka dira fa e le gore Efa o ne a ka ithata go feta kafa a ratang Modimo ka teng, ene yo o neng a mo neile sengwe le sengwe se a neng a na le sone. (Genesise 3:4, 5) Se se utlwisang botlhoko ke gore, leano la ga Satane le ne la bereka; Adame le Efa ba ne ba sa rate Jehofa le go mo anaanela go tswa pelong ka tsela e ba neng ba tshwanetse go dira ka yone. A Satane ga a rotloetse batho go nna le boithati le go dira diipato ka tsela e e tshwanang gompieno?

Mme go tweng ka maitlhomo a ga Satane? O ne a batla eng? Kwa Edene o ne a leka go fitlha se a leng sone le maitlhomo a gagwe. Mme fa nako e ntse e ya o ne a itshenola. Fa a ne a raela Jesu, ruri o ne a itse gore go fitlha se a leng sone go ka se thuse ka sepe. Ka jalo o ne a raya Jesu jaana ka tlhamalalo: “Wela fa fatshe mme [o nkobamele].” (Mathaio 4:9) Go bonala sentle gore Satane ga a bolo go tlhotlhelediwa ke go fufegela kobamelo e e yang kwa go Jehofa Modimo. O tla dira sotlhe se a ka se kgonang go faposa batho mo kobamelong e e ntseng jalo kgotsa go dira gore ba se ka ba obamela Modimo ka tsela e e tshwanetseng. O itumelela go dira gore re se ka ra tlhola re ikanyega mo Modimong.

Baebele e bontsha sentle gore Satane ke ramaano yo o kotsi yo o ka dirang sotlhe se a ka se kgonang go tlhasela batho gore a fitlhelele maikaelelo a gagwe. Se se itumedisang ke gore ga re tlhoke go tsiediwa jaaka Efa, “gonne ga re ba ba se nang kitso ka maano a gagwe.”—2 Bakorintha 2:11.