Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Kgang ya Edene E go Ama

Lebaka La go Bo Kgang ya Edene E go Ama

Lebaka La go Bo Kgang ya Edene E go Ama

SENGWE sa dilo tse di gakgamatsang thata tse bakanoki ba ganetsang pego e e kaga Edene ka tsone ke gore dikarolo tse dingwe tsa Baebele ga di e tshegetse. Ka sekai, Porofesa wa Religious Studies e bong Paul Morris o ne a kwala jaana: “Dikarolo tse dingwe tsa Baebele ga di umake sepe ka kgang ya Edene.” Le fa batho ba go tweng ke baitse ba dumalana le ene, se a se buang ga se boammaaruri.

Tota Baebele e umaka tshimo ya Edene, Adame, Efa le noga ka makgetlo a le mmalwa. * Le fa go ntse jalo, phoso ya bakanoki ba le mmalwa ga se sepe fa e bapisiwa le phoso e nngwe e kgolo le go feta. Ka go nyatsa pego ya Genesise ya tshimo ya Edene, baeteledipele ba bodumedi le batshwayadiphoso ba Baebele tota ba a bo ba nyatsa Baebele. Ba dira seo jang?

Go tlhaloganya se se diragetseng kwa Edene go ka go thusa gore o tlhaloganye Baebele yotlhe. Ka sekai, Lefoko la Modimo le diretswe go re thusa go bona dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa thata tse batho ba ipotsang tsone. Gangwe le gape, dikarabo tsa Baebele tsa dipotso tseo di tsamaisana le se se neng sa diragala kwa tshimong ya Edene. A re sekaseke dingwe tsa tsone.

Ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa? Adame le Efa ba ne ba tla tshelela ruri mo lefatsheng fa ba ne ba ka nna ba ikobela Jehofa. Ba ne ba tla swa fela fa ba ne ba ka tsuologa. Mo letsatsing le ba neng ba tsuologa ka lone, ba ne ba simolola go swa. (Genesise 2:16, 17; 3:19) Ba ne ba sa tlhole ba itekanetse mme se ba neng ba ka se fetisetsa mo baneng ba bone e ne e le boleo le bosaitekanelang fela. Ka jalo, Baebele ya re: “Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse boikepo? Kwa tshimong ya Edene, Satane o ne a re Modimo ke moaki yo o timang dibopiwa tsa gagwe sengwe se se molemo. (Genesise 3:3-5) Ka jalo, o ne a dira gore go belaelwe gore a Jehofa o busa ka tsela e e tshwanetseng. Adame le Efa ba ne ba tlhopha go latela Satane; ka jalo, le bone ba ne ba gana bolaodi jwa ga Jehofa, ka go dira jalo ba bontsha gore ba dumela gore motho a ka itirela tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang. E re ka Jehofa a na le tshiamiso e bile a le botlhale, o ne a itse gore go na le tsela e le nngwe fela ya go rarabolola bothata jono sentle—go leta nako e feta gore batho ba nne le sebaka sa go ipusa jaaka ba tlhophile. Boikepo jo bo nnileng gone ka ntlha ya seo bo bakilwe gape ke tlhotlheletso ya ga Satane mme bo ne jwa senola ntlha eno ya botlhokwa e e boammaaruri ka iketlo: Motho ga a ka ke a kgona go ipusa ntle le Modimo.—Jeremia 10:23.

Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe? Jehofa o ne a bontsha ka tshimo ya Edene gore lefatshe le tshwanetse go nna lentle jang. O ne a laela Adame le Efa gore ba tlatse lefatshe ka bana ba bo ba le “fenye,” e le gore ba fetisetse bontle le kutlwano eo mo lefatsheng lotlhe. (Genesise 1:28) Ka jalo, boikaelelo jwa Modimo ke gore lefatshe e nne paradaise e e tla nniwang ke lelapa le le seoposengwe la bana ba ba itekanetseng ba ga Adame le Efa. Ditemana tse dintsi tsa Baebele di bua kafa Modimo a tla diragatsang ka teng boikaelelo joo jwa kwa tshimologong.

Ke ka ntlha yang fa Jesu Keresete a ne a tla mo lefatsheng? Botsuolodi jwa kwa tshimong ya Edene bo ne jwa leretse Adame le Efa le bana ba bone botlhe loso mme Modimo ka lorato o ne a dira gore go nne le tsholofelo. O ne a romela Morwawe mo lefatsheng go tla go ntsha se Baebele e reng ke thekololo. (Mathaio 20:28) Seo se rayang? Jesu e ne e le “Adame wa bofelo”; o ne a atlega mo Adame a neng a reteletswe gone. Jesu o ne a tswelela a tshela e le motho yo o itekanetseng ka go nna a le kutlo mo go Jehofa. Go tswa foo, ka go rata o ne a ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo, kgotsa thekololo, a dira gore batho botlhe ba ba ikanyegang ba kgone go itshwarelwa maleo mme kgabagare ba bone botshelo jo Adame le Efa ba neng ba bo tshela kwa Edene pele ga ba leofa. (1 Bakorintha 15:22, 45; Johane 3:16) Ka jalo, Jesu o ne a tlhomamisa gore boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go fetola lefatshe leno go nna paradaise e e tshwanang le ya kwa Edene bo tla diragadiwa. *

Boikaelelo jwa Modimo ga se jo bo sa utlwaleng e bile ga se kgopolo nngwe ya thutabodumedi. Ke sengwe sa mmatota. Fela jaaka tshimo ya Edene e ne e le lefelo la mmatota mo lefatsheng leno, e na le diphologolo tsa mmatota le batho ba mmatota, tsholofetso ya Modimo ka isagwe le yone ke sengwe sa mmatota se se tlileng go diragadiwa mo nakong e e sa fediseng pelo. A o tla nna le isagwe e e ntseng jalo ya mmatota? Go ikaegile ka wena. Modimo o batla gore batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng ba bone isagwe eo, tota le batho ba ba sa tsheleng ka melaometheo ya gagwe.—1 Timotheo 2:3, 4.

Fa Jesu a swa, o ne a bua le monna yo o neng a sa tshele go ya ka melao ya Modimo. Monna yono e ne e le sekebekwa; o ne a itse gore o tshwanetse go bolawa. Le fa go ntse jalo, o ne a leba kwa go Jesu go bona kgomotso le tsholofelo. Jesu o ne a reng? O ne a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Fa Jesu a batla gore monna yo pele e neng e le sekebekwa a nne gone kwa paradaiseng—a tsositswe e bile a neilwe tshono ya go tshelela ruri mo paradaiseng e e tshwanang le ya kwa Edene—a ga a batle gore le wena o nne teng kwa go yone? Ruri o a batla! Le Rraagwe o a batla! Fa o batla isagwe e e ntseng jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang gore o ithute ka Modimo yo o dirileng tshimo ya Edene.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Gore o ithute mo go oketsegileng ka setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

BOPOROFETI JO BO SOBOKANYANG BAEBELE YOTLHE

“Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago [noga] le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”—Genesise 3:15.

Joo ke boporofeti jwa ntlha jo bo mo Baebeleng, jo bo builweng ke Modimo kwa Edene. Ke bomang ba banè ba go buiwang ka bone: mosadi, bana ba gagwe, noga le bana ba yone? Ba nna le “bobaba” ka tsela efe?

NOGA

Satane Diabolo.—Tshenolo 12:9.

MOSADI

Phuthego ya ga Jehofa ya dibopiwa tse di kwa legodimong. (Bagalatia 4:26, 27) Isaia o ne a bua ka “mosadi,” a bolelela pele gore o ne a tla belega setšhaba sa moya sa mo isagweng.—Isaia 54:1; 66:8.

LOSIKA LWA NOGA

Ba ba tlhophang go dira thato ya ga Satane.—Johane 8:44.

LOSIKA LWA MOSADI

Jesu Keresete, yo o tswang mo karolong e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa, ke ene wa ntlha wa losika lono. Ba bangwe ba ba bopang “losika” ke bomonnawe Keresete ba moya, ba ba busang le ene kwa legodimong. Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba bopa setšhaba sa moya, “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 3:16, 29; 6:16; Genesise 22:18.

GO GOBALA MO SERETHENG

Go gobadiwa mo go botlhoko ga ga Mesia, mme e se ga leruri. Satane o ne a kgona go dira gore Jesu a bolawe mo lefatsheng. Jesu o ne a tsosiwa.

GO GOBALA MO TLHOGONG

Go gobadiwa ga ga Satane mo go felelang ka gore a swe. Jesu o tla fedisetsa Satane ruri. Le e leng pele seo se direga, Jesu o tla dirolola bosula jo Satane a bo simolotseng kwa Edene.—1 Johane 3:8; Tshenolo 20:10.

Fa o batla go bona tshobokanyo ya setlhogo sa Baebele sa konokono, bona boroutšhara jwa Baebele—E na Le Molaetsa Ofe? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Adame le Efa ba ne ba lebana le ditlamorago tse di botlhoko tsa boleo