Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Batsofe ba Tla bo ba Nna Basha Gape

Fa Batsofe ba Tla bo ba Nna Basha Gape

Atamalana le Modimo

Fa Batsofe ba Tla bo ba Nna Basha Gape

KE MANG mo go rona yo o itumelelang ditlamorago tsa botsofe—go tsutsubana letlalo, go sa bone sentle, go sa utlwe sentle le maoto a a bokoa? O ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke eng fa Modimo a re bopile gore re kgone go itumelela matlhagatlhaga a bosha mme a bo a letla gore re felele re boifa ditlamorago tsa botsofe?’ Se se itumedisang ke gore Modimo o ne a sa ikaelela gore go nne jalo. Go na le moo, ka lorato o ikaeletse go re golola mo botsofeng! Ela tlhoko mafoko a a neng a bolelelwa tlhogo ya lotso e bong Jobe, a a mo go Jobe 33:24, 25.

Akanya ka boemo jwa ga Jobe, monna yo o ikanyegang yo Jehofa a neng a mo rata. Jobe a sa itse, Satane o ne a belaela go ikanyega ga gagwe a re o direla Modimo ka ntlha ya bopelotshetlha fela. Jehofa o ne a letla Satane gore a leke Jobe ka gonne a ne a mo ikanya e bile Modimo ka boene a itse gore o na le maatla a go dirolola botlhoko jo Satane a neng a ka bo baka. Satane o ne a “itaya Jobe ka ditlhagala tse di botlhoko go simolola kwa patong ya lonao lwa gagwe go fitlha kwa phogong ya tlhogo ya gagwe.” (Jobe 2:7) Nama ya ga Jobe e ne ya aparelwa ke diboko mme letlalo la gagwe la nna lentsho, la nna le magogo la bo la wa mo go ene. (Jobe 7:5; 30:17, 30) Akanya fela gore o ne a utlwa botlhoko thata jang! Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a nna a ikanyega, a re: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!”—Jobe 27:5.

Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a dira phoso e e masisi. Fa a ne a akanya gore o tloga a swa, o ne a simolola go tshwenyega thata ka go itlotlomatsa, a “bolela fa moya wa gagwe o siame go na le Modimo.” (Jobe 32:2) Mmueledi wa Modimo e bong Elihu o ne a kgalema Jobe. Mme gape o ne a bolelela Jobe molaetsa ono o o kgothatsang o o tswang kwa Modimong: “Mo golole [Jobe] gore a se fologele mo kgatamping [lebitla le le tlwaelegileng]! Ke bone thekololo! A nama ya gagwe e shafale go gaisa le nako ya bosha; a a boele mo malatsing a matlhagatlhaga a bosha jwa gagwe.” (Jobe 33:24, 25) Mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a dira gore Jobe a nne le tsholofelo. O ne a sa tlhoke go tswelela a boga go fitlha a swa. Fa Jobe a ne a ka ikwatlhaya, Modimo o ne a tla itumelela go amogela thekololo e a neng a tla rekololwa ka yone a bo a mo golola mo masetlapelong a gagwe. *

Jobe o ne a amogela kgakololo ka boikokobetso a bo a ikwatlhaya. (Jobe 42:6) Jehofa o ne a amogela thekololo e Jobe a neng a rekololwa ka yone mme ya bipa phoso ya gagwe ya bo ya dira gore Modimo a mo duele le go mmusetsa mo seemong se a neng a le mo go sone pele. Jehofa o ne a “segofatsa bokhutlo jwa ga Jobe morago ga moo go feta tshimologo ya gagwe.” (Jobe 42:12-17) Akanya kafa Jobe a neng a gomotsega ka gone, fa a bona masego, a mangwe a one e neng e le go fodisiwa bolwetse jo bo maswe mme nama ya gagwe e bo e ‘shafala go gaisa le mo nakong ya bosha’!

Thekololo e Modimo a neng a e amogela e e neng ya rekolola Jobe e ne e na le boleng jo bo lekanyeditsweng ka gonne o ne a tswelela a sa itekanela mme moragonyana a swa. Re na le thekololo e e botoka tota. Jehofa ka lorato o ne a ntsha Morwawe, Jesu, go nna thekololo ya rona. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Botlhe ba ba bontshang tumelo mo thekololong eo, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Mo lefatsheng leo le lesha le le tlang, Modimo o tla golola batho ba ba ikanyegang mo botsofeng. Ke eng fa o sa ithute go ya pele kafa o ka dirang ka gone gore o nne teng ka nako ya fa batsofe ba tla bo ba bona ‘nama ya bone e shafala go gaisa le mo nakong ya bosha’?

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka Balwang ka April:

Jobe 16-37

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Ka Sehebera, lefoko “thekololo” le le dirisitsweng fano le kaya “go bipa.” (Jobe 33:24) Mo kgannyeng ya ga Jobe, thekololo e ne e ka nna setlhabelo sa phologolo se Modimo a neng a tla se amogela go bipa kgotsa go duelela phoso ya ga Jobe.—Jobe 1:5.