Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu—Lebaka La go Bo a Ne a Swa

Jesu—Lebaka La go Bo a Ne a Swa

“Morwa motho o ne a tla . . . go ntsha moya wa gagwe [kgotsa botshelo] go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.”—MAREKO 10:45.

JESU o ne a itse gore o tla diragalelwa ke eng. O ne a itse gore o ne a ka se tshele botshelo jwa gagwe ka kagiso. Go na le moo, o ne a itse gore o tla bolawa setlhogo a sa ntse a le mo dingwageng tsa bo30 mme o ne a ikaeletse go lebana le loso loo.

Baebele e bontsha kafa loso lwa ga Jesu lo leng botlhokwa thata ka gone. Buka nngwe ya re mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika kgotsa mo Tesetamenteng e Ntšha, loso lwa ga Jesu lo umakiwa ka tlhamalalo ka makgetlo a ka nna 175. Mme ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tshwanelwa ke go boga a bo a swa? Re tshwanetse go itse ka gonne loso lwa ga Jesu lo ka ama matshelo a rona fela thata.

Se Jesu a neng a itse gore se tla mo diragalela

Mo ngwageng wa bofelo wa botshelo jwa gagwe, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gangwe le gape gore o ne a tla bogisiwa a bo a bolawa. Fa a ne a ya kwa Jerusalema go ya go keteka Tlolaganyo ya gagwe ya bofelo, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 a re: “Morwa motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi, mme ba tla mo atlholela loso ba bo ba mo neye batho ba ditšhaba, mme ba tla sotla ka ene ba bo ba mo kgwele mathe mme ba mo kgwathise ba bo ba mmolaye.” * (Mareko 10:33, 34) Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhomamisegile jaana ka se se neng se tla mo diragalela?

Jesu o ne a itse boporofeti jo bontsi jwa Dikwalo Tsa Sehebera jo bo boleletseng pele gore botshelo jwa gagwe bo ne bo tla felela jang. (Luke 18:31-33) Sekaseka bongwe jwa boporofeti joo mmogo le ditemana tsa Baebele tse di tlhalosang kafa bo neng jwa diragadiwa ka gone.

Mesia o ne a tla . . .

Jesu o ne a diragatsa boporofeti jono le jo bongwe jo bontsi. Mme o ne a ka se ka a bo diragatsa ka boene fela. Go diragadiwa ga boporofeti jono jotlhe go bontsha gore eleruri Jesu o ne a romilwe ke Modimo. *

Mme gone, ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega gore Jesu a boge a bo a swe?

Jesu o ne a swa gore go rarabololwe dikgang dingwe tse di botlhokwa

Jesu o ne a itse ka dikgang tse di botlhokwa tse di amang lobopo lotlhe tse di neng tsa tsosiwa bogologolo kwa tshimong ya Edene. E re ka Adame le Efa ba ne ba tlhotlheleditswe ke sebopiwa sa moya sa setsuolodi, ba ne ba tlhopha go se ikobele Modimo. Go sa ikanyege ga banyalani bano go ne ga dira gore go belaelwe tshwanelo ya Modimo ya bolaodi kgotsa ya go busa. Gape boleo jwa bone bo ne jwa dira gore go belaelwe gore a go na le motho ope fela yo o ka ikanyegang mo Modimong fa a lekwa.—Genesise 3:1-6; Jobe 2:1-5.

Jesu o ne a rarabolola dikgang tseno ka bobedi—bolaodi jwa ga Jehofa le go ikanyega ga batho—ka tsela e e kgotsofatsang. Jesu o ne a tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo ka go ikanyega ka botlalo “go fitlha losong . . . mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafilipi 2:8) Gape Jesu o ne a bontsha gore motho yo o itekanetseng a ka tswelela a ikanyega ka botlalo mo go Jehofa le fa a lekwa thata.

Jesu o ne a swa gore a rekolole batho

Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore go boga le go swa ga ga Mesia yo o solofeditsweng go ne go tla dira gore batho ba itshwarelwe maleo. (Isaia 53:5, 10) Jesu o ne a tlhaloganya seno sentle mme ka go rata o ne a “ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo lo ne lwa dira gore batho ba ba sa itekanelang ba kgone go nna le kamano e e molemo le Jehofa le go gololwa mo boleong le mo losong. Loso lwa ga Jesu lo re bulela tshono ya go boa re nna le se Adame le Efa ba se latlhileng—tsholofelo ya go tshelela ruri mo maemong a a itekanetseng mo lefatsheng. *Tshenolo 21:3, 4.

Se o ka se dirang

Mo ditlhogong tseno re sekasekile se Baebele e se buang ka ga Jesu—kwa a neng a tswa gone, kafa a neng a tshela ka gone le lebaka la go bo a ne a swa. Go itse dintlha tseno tsa boammaaruri ka ga Jesu ga go re thuse fela go lemoga se e leng boammaaruri ka ga gagwe. Gape go tshela tumalanong le tsone go ka re tlisetsa masego—botshelo jo bo botoka gone jaanong le botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. Baebele e re bolelela se re tshwanetseng go se dira gore re bone masego ao.

  • Ithute dintlha tse di oketsegileng ka ga Jesu Keresete le seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa ga Jehofa.—JOHANE 17:3.

  • Nna le tumelo mo go Jesu, mme o bontshe ka tsela e o tshelang ka yone gore o mo tsaya e le Mmoloki wa gago.—JOHANE 3:36; DITIRO 5:31.

Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta mo go oketsegileng ka ga Jesu Keresete, ‘Morwa yo o tsetsweng a le esi’ wa Modimo, yo ka ene re ka bonang mpho ya “botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

^ ser. 5 Gantsi Jesu o ne a ipitsa “Morwa motho.” (Mathaio 8:20) Polelwana eno ga e bontshe fela gore e ne e le motho, gape e bontsha gore e ne e le “morwa motho” yo boporofeti jwa Baebele bo buang ka ene.—Daniele 7:13, 14.

^ ser. 13 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le boporofeti jo bo diragaditsweng mo go Jesu, bona setlhogo sa dintlha tse di oketsegileng, se se reng, “Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 17 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le botlhokwa jwa setlhabelo sa loso lwa ga Jesu, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? mo setlhogong se se reng, “Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa.”