Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Botshelo Jo bo Sa Khutleng Kwa Paradaiseng bo tla bo bo Lapisa?

A Botshelo Jo bo Sa Khutleng Kwa Paradaiseng bo tla bo bo Lapisa?

Babadi ba a Botsa . . .

A Botshelo Jo bo Sa Khutleng Kwa Paradaiseng bo tla bo bo Lapisa?

▪ Baebele e re solofetsa gore re ka tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Pesalema 37:29; Luke 23:43) A go tshelela ruri mo tikologong e e itekanetseng go tla lapisa?

Eo ke potso ya botlhokwa. Babatlisisi ba lemogile gore go lapisega mo go feteletseng go ka dira gore motho a tlhobaele, a tshwenyege mo maikutlong mme a nne le tshekamelo ya go dira dilo tse di ka mo tsenyang mo kotsing. Batho ba ba sa itseng se ba se tshelelang kgotsa ba ba lapisiwang ke ditiro tsa letsatsi le letsatsi ba ka nna ba iphitlhela ba lapisega. A batho ba ba tla bong ba nna mo Paradaiseng ba tla bo ba se na se ba se tshelelang? A ditiro tsa letsatsi le letsatsi di tla bo di lapisa?

Sa ntlha, ela tlhoko gore Jehofa Modimo, Mokwadi wa Baebele, ke ene a re solofetsang botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16; 2 Timotheo 3:16) Nonofo ya Modimo ya konokono ke lorato. (1 Johane 4:8) Jehofa o re rata thata e bile o re neile dilo tsotlhe tse di molemo tse re di itumelelang gone jaanong.—Jakobe 1:17.

Mmopi wa rona o itse gore re tshwanetse go nna le tiro e e kgotsofatsang gore re itumele. (Pesalema 139:14-16; Moreri 3:12) Kwa Paradaiseng, badiri ba ka se ikutlwe e kete ke diroboto. Tiro ya bone e tla solegela bone molemo mmogo le ba ba ba ratang. (Isaia 65:22-24) Fa o ka bo o na le tiro e e kgatlhang, e e dirang gore motho a akanye, e o e dirang ka metlha, a botshelo bo ne bo tla go lapisa?

Gape ela tlhoko gore Jehofa Modimo ga a kitla a letla mongwe le mongwe fela gore a nne kwa Paradaiseng. Mpho ya botshelo jo bo sa khutleng o e solofetsa fela batho ba ba etsang Morwawe, Jesu. (Johane 17:3) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a itumelela go dira thato ya ga Rraagwe. O ne a ruta balatedi ba gagwe ka se a neng a se bua le ka se a neng a se dira gore ba ka bona boitumelo jo bo nnelang ruri fa ba aba go feta fa ba amogela. (Ditiro 20:35) Fa lefatshe e setse e le Paradaise gape, batho botlhe ba tla tshela ka ditaelo tse pedi tse dikgolo—ya gore ba rate Modimo le ya gore ba rate moagelani. (Mathaio 22:36-40) Akanya fela o tshela le batho ba ba seng pelotshetlha, ba ba go ratang e bile ba rata tiro ya bone! A o akanya gore go nna le batho ba ba ntseng jalo go ka lapisa?

Go tshela kwa Paradaiseng go tla bo go akaretsa eng gape? Letsatsi le letsatsi re tla ithuta sengwe se sesha ka Mmopi wa rona. Babatlisisi ba setse ba lemogile dilo tse dintsi tse di gakgamatsang ka popo ya ga Jehofa. (Baroma 1:20) Le fa go ntse jalo, re itse go le gonnye fela ka yone. Dingwaga di le diketekete tse di fetileng, monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a tlhalosa se a se itseng ka popo ya Modimo mme mafoko a gagwe a sa ntse a le boammaaruri. O ne a re: “Tseno ke dintlha fela tsa ditsela tsa [Modimo], a bo go utlwilwe go le gonnye fela jang ne ka ga gagwe! Mme ke mang yo o ka bontshang go tlhaloganya tumo ya gagwe ya maru e e maatla?”—Jobe 26:14.

Le fa re ka tshela lobaka lo loleele go le kana kang, re ka se itse sengwe le sengwe ka ga Jehofa Modimo le ka ditiro tsa gagwe. Baebele ya re Modimo o tsentse keletso ya go tshelela ruri mo dipelong tsa rona. Mme gape ya re ‘le ka motlha re ka se ka ra batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.’ (Moreri 3:10, 11) A o akanya gore o ka lapisega fa o ntse o ithuta dilo tse disha ka Mmopi wa gago?

Tota le gone jaanong, batho ba ba dirang tiro e e solegelang ba bangwe molemo e bile e baka Modimo ga se gantsi ba ka ikutlwang ba lapisegile. Re ka tlhomamisega gore fa re dira tiro e e ntseng jalo, le ka motlha re ka se lapisege—tota le fa re tshela ka bosakhutleng.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Earth: Image Science and Analysis Laboratory, NASA-Johnson Space Center; Galaxy: The Hubble Heritage Team (AURA/STScI/NASA)