Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Polelelopele 3. Malwetse

Polelelopele 3. Malwetse

Polelelopele 3. Malwetse

“Batho ba tla . . . tshwarwa ke malwetse a a maswe.” —LUKE 21:11, Contemporary English Version.

● Bonzali, modiredi wa lephata la botsogo mo nageng nngwe e e kgautlhantsweng ke ntwa ya selegae mo Afrika, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go alafa badiri ba kwa meepong ya toropo ya gagabo ba ba neng ba lwala ka ntlha ya baerase ya Marburg. * O ne a kopa thuso kwa badireding ba toropo nngwe e kgolwane mme ga ba a ka ba mo thusa. Kgabagare thuso e ne ya goroga dikgwedi di le nnè moragonyana, mme Bonzali o ne a setse a tlhokafetse. Badiri ba kwa meepong ba a neng a leka go ba alafa ba ne ba mo tshwaeditse ka bolwetse jwa Marburg.

DITIRAGALO DI BONTSHA ENG? Malwetse a mafatlha (a a jaaka nyumonia), malwetse a letshololo, HIV/AIDS, thiibi le malaria, ke mangwe a malwetse a a kotsi thata a a aparetseng batho. Ngwaga mongwe bosheng jaana, mefuta eno e metlhano ya malwetse e ne ya bolaya batho ba go fopholediwang gore ba dimilione di le 10,7. Fa re e baya ka tsela e nngwe, mo ngwageng oo otlhe, malwetse ano a ne a bolaya mo e ka nnang motho a le mongwe mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le meraro.

GANTSI BATHO BA GANETSA BA RENG? Palo ya batho mo lefatsheng lotlhe e ntse e gola, ka jalo batho ba ba lwalang ba a oketsega ka gonne palo ya batho ba ba ka tsenwang ke bolwetse e a oketsega.

A GO A UTLWALA GO BO BA GANETSA JALO? Palo ya batho ba ba mo lefatsheng e oketsegile fela thata. Mme le bokgoni jwa batho jwa go lemoga, go laola le go alafa malwetse bo oketsegile. Ka jalo, a malwetse ga a tshwanela gore a ka bo a fokotsega mo lefatsheng? Boammaaruri ke gore a a oketsega.

O AKANYANG? A batho ba tshwarwa ke malwetse a a maswe fela jaaka Baebele e ne ya bolelela pele?

Dithoromo tsa lefatshe, leuba le bolwetse di tlhakatlhakanya matshelo a batho ba le dimilionemilione. Batho ba bangwe ba le dimilionemilione ba bogisiwa ke beng ka bone—ba le bantsi ba bone ba bogisiwa ke batho ba ba ka bong ba ba sireletsa. Ela tlhoko se polelelopele ya Baebele e reng se tla direga.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bolwetse jwa Marburg Hemorrhagic Fever bo bakwa ke baerase e e batlileng e tshwana le Ebola.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Go botlhoko go jewa ke tau kgotsa selo sengwe, mme go botlhoko fela jalo go tshwarwa ke bolwetse bongwe jo bo maswe e bile o bona jaaka bo ntse bo go fetsa.”—MICHAEL OSTERHOLM, YO O DIRANG DIPATLISISO KA MALWETSE A A ANAMANG.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

© William Daniels/Panos Pictures