Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tila go Itsalanya le Batho Ba ba Sa Siamang!

Tila go Itsalanya le Batho Ba ba Sa Siamang!

Tsa Basha

Tila go Itsalanya le Batho Ba ba Sa Siamang!

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Dina, Shekema, Jakobe, Simeone le Lefi

Tshobokanyo: Shekema o betelela Dina, bokgaitsadie Dina ba ba galefileng ba bo ba ipusolosetsa.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA GENESISE 34:1-31.

O akanya gore ke ditiro dife tse Dina a ka tswang a ne a di dira le balekane ba gagwe kwa Kanana?

․․․․․

O akanya gore Shekema o ne a “nna a bua” le Dina jang “gore a mo fenye”?

․․․․․

O akanya gore lentswe la ga Jakobe le ne le bontsha maikutlo afe fa a kgalemela Simeone le Lefi mo go temana 30?

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

O akanya gore ke ka ntlha yang fa Dina a ne a etela bomorwadia Kanana ka metlha? (Ka sekai, ke eng se a ka tswang a ne a tshwana le bone ka sone? Ke eng se batho ba Kanana ba ka tswang ba ne ba na le sone mme se seyo kwa gagabo?)

․․․․․

Ke dinonofo dife tse di molemo tse Dina a ka tswang a ne a di bona mo go Shekema? (Bala temana 3, 12, le 19 gape.)

․․․․․

Baebele e bontsha jang gore Dina o ne a sa batle go tlhakanela dikobo le Shekema? (Bala temana 2 gape.)

․․․․․

A o akanya gore go ne go siame gore Simeone le Lefi ba ipusolosetse ka go bolaya banni ba kwa motseng wa gagabo Shekema? Ke ka ntlha yang fa o araba jalo?

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . . 

Botlhokwa jwa go tlhopha ditsala tsa gago ka botlhale.

․․․․․

Botlhokwa jwa go nna le boikgapo, tota le fa o na le lebaka le le utlwalang la go galefa.

․․․․․

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

Ke eng se o ka se dirang gore batho ba ba sa tsheleng ka melao ya Modimo ya boitsholo ba se ka ba go tsietsa gore o tlhakanele dikobo le bone?

․․․․․

4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA THATA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Fa o se na Baebele, kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye yone kgotsa o bale dikgatiso tse dingwe tsa baebele mo atereseng eno ya internet www.watchtower.org