Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bakeresete Botlhe ba ba Ikanyegang ba ya Kwa Legodimong?

A Bakeresete Botlhe ba ba Ikanyegang ba ya Kwa Legodimong?

Babadi ba a Botsa . . .

A Bakeresete Botlhe ba ba Ikanyegang ba ya Kwa Legodimong?

▪ Batho ba le bantsi ba badile mafoko ano a ga Jesu a a gomotsang: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) A Jesu o ne a raya gore baobamedi botlhe ba ba ikanyegang ba ga Rraagwe e bong Jehofa Modimo, ba ne ba tla ya kwa legodimong go ya go tshelela ruri ba itumetse?

Ela tlhoko polelwana eno ya ga Jesu e e dirang gore motho a akanye: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong fa e se yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa motho.” (Johane 3:13) Seno se raya gore baobamedi ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba jaaka Noa, Aborahame, Moshe le Dafide ga ba a ka ba ya legodimong. (Ditiro 2:34) Mme ba ne ba ya kae? Ka bokhutshwane re ka re: Batlhanka ba ba ikanyegang ba bogologolo ba mo mabitleng, ba robetse mo losong, ga ba utlwe sepe e bile ba emetse tsogo.—Moreri 9:5, 6; Ditiro 24:15.

Mo Baebeleng, mafoko a ntlha a a malebana le go tshela kwa legodimong morago ga loso, le one a ne a buiwa ke Jesu. O ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore o ne a tla ba baakanyetsa lefelo kwa legodimong. (Johane 14:2, 3) Seno e ne e le selo se sesha mo bathong ba Modimo. Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore fa Jesu a sena go swa a ba a tsosediwa kwa legodimong, o ne a ‘simololela semolao barutwa ba gagwe tsela e ntšha le e e tshelang’—tsela e e neng e ise e tsewe ke motho ope pele ga foo.—Bahebera 10:19, 20.

A seno se raya gore go tloga ka nako eo batho botlhe ba ba ikanyegang ba ne ba tla ya legodimong? Nnyaa, go tsosediwa kwa legodimong go amana thata le kabelo e e neilweng fela batho bangwe. Mo maitseboeng a bofelo a fa Jesu a ne a na le baaposetoloi ba gagwe, o ne a ba bolelela gore ba ne ba tla ‘nna mo ditulong tsa bogosi go atlhola’ mo Bogosing jwa gagwe jwa kwa legodimong. Ka jalo, tiro ya bone e ne e tla nna go busa le Jesu kwa legodimong.—Luke 22:28-30.

Kwantle ga baaposetoloi, batho ba bangwe le bone ba ne ba tla newa kabelo eno e e molemo. Moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo ya ga Jesu a le kwa legodimong a na le setlhopha sa batho ba ba tsositsweng ba ba tlhalosiwang e le ‘bogosi le baperesiti ba ba tla busang lefatshe.’ (Tshenolo 3:21; 5:10) Ba ne ba le bakae? Fela jaaka mo pusong nngwe le nngwe, ke batho ba se kae fela ba ba busang. Go ntse fela jalo le ka Bogosi jono jwa kwa legodimong. Jesu, Kwana ya Modimo, o busa le ba ba 144 000 ba ba ‘rekilweng mo bathong.’—Tshenolo 14:1, 4, 5.

Gone ke boammaaruri gore 144 000 ke palo e nnye fa e bapisiwa le ya batho botlhe ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng le ba gone jaanong. Mme seno se a utlwala ka gonne batho ba ba 144 000 ba tsosediwa kwa legodimong gore ba ye go dira tiro e ba e abetsweng e e kgethegileng e bile e le boitshepo. Fa o batla go aga ntlo a o ne o ka thapa batho botlhe ba ba nang le bokgoni jwa go aga ba mo lefelong la lona? Nnyaa. O ne o tla thapa fela ba ba lekaneng go dira tiro eo. Ka tsela e e tshwanang, ga se batho botlhe ba ba ikanyegang ba Modimo a ba tlhophang gore a ba neye tshiamelo eno e e sa tshwaneng le epe ya go busa le Keresete kwa legodimong.

Puso eno ya kwa legodimong e tla diragatsa se Modimo a neng a se ikaeletse ka batho go tswa kwa tshimologong. Jesu le ba ba 144 000 ba ba busang le ene ba tla okamela tiro ya go dira lefatshe paradaise, e batho ba bantsintsi ba ba ikanyegang ba tla tshelelang ruri ka boitumelo mo go yone. (Isaia 45:18; Tshenolo 21:3, 4) Batho bano ba tla akaretsa ba ba leng mo mogopolong wa Modimo, ba ba tla tsosiwang.—Johane 5:28, 29.

Moobamedi mongwe le mongwe yo o ikanyegang wa ga Jehofa—wa mo nakong e e fetileng kgotsa wa gone jaanong—a ka newa mpho e e molemomolemo ya go tshelela ruri. (Baroma 6:23) Ba le mmalwa ba tla tshela kwa legodimong gore ba dire tiro e e kgethegileng e ba e abetsweng, mme bontsi bo tla tshela mo lefatsheng la paradaise.