Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A Batho ba Tla Senya Lefatshe?”

“A Batho ba Tla Senya Lefatshe?”

“A Batho ba Tla Senya Lefatshe?”

● Fa motho a le kwa lefaufaung, lefatshe le lebega jaaka lebenyane le lentle le le nang le mmala o o pududu le o mosweu. Mme fa o le mo go lone o kgona go lemoga gore legae leno la rona le senyegile. Seo se bakilwe ke eng? Karabo e motlhofo: Batho ga ba tlhokomele lefatshe. Se sengwe gape ke gore ga ba senye lefatshe fela ka go kgotlela tikologo, go rema dikgwa le go sa le dirise sentle, gape ba le senya ka tsela e ba itshwarang ka yone ba itlhokomolosa kamano ya bone le Modimo ka go dira thubakanyo, go bolaya le go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Boemo jono jo bo utlwisang botlhoko bo ne jwa bolelelwa pele dingwaga di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng mo boporofeting jo bo akabatsang jo bo kwadilweng mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 11:18) Gape Baebele e bolelela pele gore Modimo—e seng motho ope—o tla baakanya boemo jono. Dintlha tseno tse di botlhokwa di tla tlhalosiwa mo puong ya phatlalatsa e e reng “A Batho Ba Tla Senya Lefatshe?” Puo eno e tla neelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa setlhogo se se reng “A Bogosi Jwa Modimo bo Tle!” tse di tla tshwarwang mo lefatsheng lotlhe mme di tla simolola ka September mo Afrika Borwa.

Re go laletsa ka lorato gore o nne gone kwa kopanong e e tla tshwarelwang gaufi le kwa o nnang gone. Fa o batla dintlha tse di oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono. Aterese ya Internet ya www.ps8318.com e na le lenaane la mafelo a dikopano di tla tshwarelwang kwa go one mo lefatsheng lotlhe.