Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le Tsholofelo ka Baswi?

A go Na le Tsholofelo ka Baswi?

Ithute mo Lefokong la Modimo

A go Na le Tsholofelo ka Baswi?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Go na le tsholofelo efe ka baswi?

Fa Jesu a goroga kwa Bethani, gaufi le Jerusalema, tsala ya gagwe e bong Lasaro o ne a na le malatsi a le manè a tlhokafetse. Jesu o ne a ya kwa lebitleng a na le Maratha le Marea, bokgaitsadie monna yono yo o tlhokafetseng. Go ise go ye kae, boidiidi jwa batho bo ne jwa phuthega. Akanya fela gore Maratha le Marea ba ne ba itumetse jang fa Jesu a ne a tsosa Lasaro!—Bala Johane 11:20-24, 38-44.

Maratha o ne a dumela gore baswi ba tla tsosiwa. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ga ba bolo go itse gore mo isagweng, Modimo o tla tsosa baswi gore ba boe ba tshele gape mo lefatsheng.—Bala Jobe 14:14, 15.

2. Boemo jwa baswi ke bofe?

Tota le fa maatla a botshelo kgotsa “moya,” a dira gore diphologolo le batho ba tswelele ba tshela, ga re meya fela e e nnang mo mebeleng. (Moreri 3:19; Genesise 7:21, 22) Re dibopiwa tsa nama tse di dirilweng ka lorole. (Genesise 2:7; 3:19) Fa boboko jwa rona bo swa, dikakanyo tsa rona di a nyelela. Ka jalo, fa Lasaro a sena go tsosiwa, ga a ka a bua sepe ka se se mo diragaletseng fa a ne a sule ka gonne baswi ga ba itse sepe.—Bala Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 10.

Go bonala sentle gore baswi ba ka se ka ba boga. Ka jalo, thuto ya gore Modimo o bogisa batho fa ba sena go swa ke maaka. E senya Modimo leina. Kgang ya go tlhokofatsa batho mo molelong e makgapha mo go ene.—Bala Jeremia 7:31.

3. A re ka buisana le baswi?

Baswi ba ka se kgone go bua. (Pesalema 115:17) Mme fa baengele ba ba bosula ba bua le batho, ba ka ba tsietsa ka go iphaka gore ke meya ya batho ba ba suleng. (2 Petere 2:4) Jehofa o re iletsa go leka go bua le batho ba ba suleng.—Bala Duteronome 18:10, 11.

4. Ke bomang ba ba tla tsosiwang?

Mo lefatsheng le lesha le le tlang, dimilionemilione tsa batho ba ba mo mabitleng ba tla boa ba tshela gape. E bile go tla tsosiwa le bangwe ba ba dirileng dilo tse di bosula ka gonne ba ne ba sa itse Jehofa.—Bala Luke 23:43; Ditiro 24:15.

Batho ba ba tsositsweng ba tla ithuta boammaaruri ka Modimo le go bontsha tumelo mo go Jesu ka go mo ikobela. (Tshenolo 20:11-13) Batho bano ba ba tsositsweng ba bo ba dira dilo tse di siameng ba tla itumelela go tshelela ruri mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba batho ba ba tsositsweng ba tla tswelela ba dira dilo tse di bosula. Tsogo ya bone e tla bo e le ‘tsogo ya katlholo.’—Bala Johane 5:28, 29.

5. Tsogo e re ruta eng ka ga Jehofa?

Batho ba tla tsosiwa ka gonne Modimo o rometse Morwawe go tla go re ntshetsa botshelo jwa gagwe. Seno se re bontsha bopelonomi le lorato lwa ga Jehofa.—Bala Johane 3:16; Baroma 6:23.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 6 le 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Adame o bopilwe ka lorole