Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Lebaka la go bo go twe moaposetoloi Petere o ne a ya go nna kwa ntlong ya mosugamatlalo pele a laelwa gore a ye kwa go Korenelio, le re ruta eng ka ga gagwe?

Pego e e mo bukeng ya Ditiro ya re Petere o ne a nna “kwa Jopa malatsi a le mantsi thata a na le Simone mongwe, mosugamatlalo,” yo o neng a na le “ntlo go bapa le lewatle.” (Ditiro 9:43; 10:6) Bajuda ba ne ba tsaya tiro ya go suga matlalo e le tiro e e itshekologileng ya maemo a a kwa tlase. Melao ya Bajuda e ne e tlhalosa tiro ya basugamatlalo e le ya maemo a a kwa tlase go feta ya batho ba ba phuthang boloko. Tiro ya ga Simone e ne e dira gore a tshware diphologolo tse di suleng gangwe le gape, mo go rayang gore o ne a nna a itshekologile. (Lefitiko 5:2; 11:39) Go ya ka dibuka tse di farologaneng tse di buang ka kgang eno, Simone a ka tswa a ne a dirisa metsi a lewatle mo tirong ya gagwe, mme o tshwanetse a bo a ne a direla kwa dintlheng tsa motse ka gonne tiro ya go suga matlalo e ne e le “tiro e go neng go nna le monko o o maswe fa e dirwa.”

Le fa Simone a ne a dira tiro e e ntseng jalo, go bonala Petere a sa nna le bothata jwa go nna kwa ntlong ya gagwe. Seno se bontsha gore fela jaaka Jesu a ne a se na tlhaolele, gongwe Petere le ene o ne a ithutile go se nne le tlhaolele e Bajuda ba neng ba na le yone ka batho ba ba neng ba tsewa ba itshekologile.—Mathaio 9:11; Luke 7:36-50.

Mafoko a ga Jesu a a reng “wena ka bowena o go buile” a kaya eng?

Fa Kaiafase moperesiti yo mogolo wa Bajuda a ne a batla gore Jesu a bue phatlalatsa gore a ke Keresete Morwa Modimo, Jesu o ne a mo raya a re: “Wena ka bowena o go buile.” (Mathaio 26:63, 64) O ne a kaya eng?

Jesu o ne a sa leke go tila potso ya ga Kaiafase. Go bonala mafoko a a reng “wena ka bowena o go buile” e ne e le polelwana e e tlwaelegileng mo Bajudeng fa ba tlhomamisa gore sengwe se boammaaruri. Ka sekai, buka ya Jerusalem Talmud, e e leng buka ya Bajuda ya bodumedi e e kwadilweng ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E., e bua ka monna mongwe wa Mojuda yo fa a ne a bodiwa gore a rabi mongwe o tlhokafetse, a neng a araba a re: “O go buile.” Mafoko ano a ne a tsewa e le go tlhomamisa gore tota rabi yono o ne a tlhokafetse.

Jesu o ne a itse gore moperesiti yo mogolo o na le thata ya go mo ikanisa gore o tla bua boammaaruri. Mo godimo ga moo, fa Jesu a ne a ka didimala, seo se ne se ka tsewa se raya gore ga a dumele gore ke ene Keresete. Fa Jesu a re: “Wena ka bowena o go buile,” go ne go tshwana le gore o araba moperesiti yo mogolo ka go re ee. Mo pegong ya ga Mareko ya kgang eno, fa Kaiafase a ne a raya Jesu ka tlhamalalo a re a bue gore a ke Mesia, Jesu o ne a araba ka bopelokgale a re: “Ke ene.”—Mareko 14:62; bona gape le Mathaio 26:25 le Mareko 15:2.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Lefelo la go Sugela Matlalo Kwa Fez, Kwa Morocco