Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Masea a Tshwanetse go Kolobediwa?

A Masea a Tshwanetse go Kolobediwa?

Babadi ba a Botsa . . .

A Masea a Tshwanetse go Kolobediwa?

▪ Victoria a re: “Ke ne ke boifa gore kgaitsadiake yo monnye e bong John, o ne a tlile go isiwa kwa Limbo.” Ke ka ntlha yang fa a ne a boifa seo? O tlhalosa jaana: “John o tlhokafetse pele a kolobediwa mme moruti wa Katoliki o ne a re ka ntlha ya seo, John o ne a tla nnela ruri kwa Limbo.” Ruri kgopolo e e ntseng jalo e a boifisa, a mme gone e tswa mo Dikwalong? A Baebele e ruta gore bana ba ba suleng ba sa kolobediwa ba tla isiwa kwa pakatoring?

Baebele e ruta gore Bakeresete ba tshwanetse go kolobediwa. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Ela tlhoko gore batho ba ba kolobediwang e tshwanetse ya bo e le barutwa ba ga Jesu. Ke gore, ke batho ba ba ileng ba ithuta ka ga Jesu mme ba tlhopha go mo latela—e leng sengwe se lesea le ka se kang la kgona go se dira.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba gatelela gore taelo ya ga Jesu e ama le bana ba bannye. Moruti mongwe wa Lutere e bong Richard P. Bucher a re: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go kolobediwa, go akaretsa le masea.” Gape a re: “Go se ba kolobetse go dira gore ba se ka ba itshwarelwa mme go ba tsenya mo kotsing ya gore ba tlhokofadiwe ka bosakhutleng.” Mme gone mafoko a a ntseng jalo ga a dumalane le dithuto tsa ga Jesu ka ditsela di ka nna tharo.

Sa ntlha, Jesu ga a ka a ruta gore masea a tshwanetse go kolobediwa. Ke eng fa ntlha eo e le botlhokwa? Ela tlhoko: Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe ka tlhoafalo a ba ruta dilo tse Modimo a batlang ba di dira. Ka dinako tse dingwe, o ne a boaboeletsa dithuto tsa konokono. Ka ntlha yang? Gore a tlhomamise gore barutwa ba gagwe ba ne ba tlhaloganya se a se rutang. (Mathaio 24:42; 25:13; Mareko 9:34-37; 10:35-45) Mme le ka motlha ga a ise a ko a rute gore masea a tshwanetse go kolobediwa. A Jesu a ka tswa a ile a lebala go umaka taelo eo? Le go ka! Fa e ne e le gore masea a tshwanetse go kolobediwa, ruri Jesu o ka bo a buile jalo.

Sa bobedi, Jesu ga a ise a ko a rute gore go na le motho ope yo o bogang fa a sena go swa. O ne a dumela mo Dikwalong, tse di tlhalosang jaana ka tlhamalalo: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Jesu o ne a itse gore baswi ga ba tlhokofadiwe ka bosakhutleng kwa pakatoring, kwa Limbo, kwa molelong wa dihele kgotsa kwa lefelong lepe le sele. Go na le moo, o ne a ruta gore ga ba itse sepe, e bile go ntse jaaka e kete ba robetse.—Johane 11:1-14.

Sa boraro, Jesu o ne a ruta gore “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ba tla boa ba tshela gape. (Johane 5:28, 29) Kwantle ga pelaelo, batho bano ba tla akaretsa dimilione tsa batho ba ba tlhokafetseng ba sa kolobediwa. Fa ba sena go tsosiwa, ba tla nna le tshono ya go ithuta ka se Modimo a batlang ba se dira le go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. *Pesalema 37:29.

Ka jalo, go bonala sentle gore Baebele ga e rute gore masea a tshwanetse go kolobediwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Paradaise ya mo lefatsheng le tsholofelo ya tsogo, bona kgaolo 3 le 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.