Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne “Ba Emelana le Puso ka Tsela e e Tshwanelwang ke Tlotlo”

Ba ne “Ba Emelana le Puso ka Tsela e e Tshwanelwang ke Tlotlo”

Ba ne “Ba Emelana le Puso ka Tsela e e Tshwanelwang ke Tlotlo”

ADOLF HITLER o ne a amogela diketekete tsa makwalo ka nako ya fa e ne e le moeteledipele wa Jeremane yo o neng a baka masetlapelo. Ka 1945, morago ga gore Ba-Russia ba gape naga e e gaufi le Berlin, bontsi jwa makwalo ano a ne a isiwa kwa Moscow mme a bewa koo. Rahisitori mongwe e bong Henrik Eberle o ne a tlhatlhoba diketekete tsa makwalo ao a a neng a le kwa mabolokelong a Moscow gore a bone gore ke bomang ba ba neng ba kwaletse Hitler le gore ka ntlha yang. Se Eberle a se boneng, o ne a se gatisa mo bukeng ya setlhogo se se reng Briefe an Hitler (Makwalo a a Kwaletsweng Hitler).

Dr. Eberle a re: “Barutabana le baithuti, baitlami le baruti, batho ba ba se nang ditiro le borakgwebo ba maemo, baokamedi ba masole a lewatle le masole a a tlwaelegileng—botlhe ba ne ba kwalela Hitler. Bangwe ba ne ba mo tlotla ba tsaya gore ke Mesia yo o tsetsweng sesha; ba bangwe ba ne ba bona a le boikepo ka tsela e e feteletseng.” A Hitler o ne a amogela makwalo a badiredibagolo ba kereke ba ngongoregela ditiro tse di setlhogo tsa lekoko la National Socialists kgotsa Banasi? O ne a amogela mangwe a makwalo a a ntseng jalo, mme a ne a le mmalwa fela.

Le fa go ntse jalo, mo mabolokelong a kwa Moscow, Eberle o ne a fitlhela faele e e nang le makwalo a le mantsi a a neng a kwadilwe ke Basupi ba ga Jehofa ba kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Jeremane, ba a kwalela Hitler ba ngongoregela boitshwaro jwa Banasi. Tota e bile, Basupi go tswa kwa dinageng di ka nna 50 ba ne ba romelela Hitler makwalo le dithelekerama di ka nna 20 000 tse mo go tsone ba neng ba ngongoregela go bo Basupi ba ga Jehofa ba sa tshwarwa sentle. Basupi ba le diketekete ba ne ba tshwarwa, mme ba le makgolo a le mmalwa ba ne ba bolawa kgotsa ba swa ka ntlha ya go tshwarwa setlhogo. Dr. Eberle o konela jaana: “Palo eno [ya Basupi ba ba bolailweng] e lebega e le nnye fa e bapisiwa le dimilione tsa batho ba bangwe ba ba bolailweng ke puso ya Banasi. Le fa go ntse jalo, palo eno e bontsha kgato e ba neng ba e tsaya ya go nna ba nitame mme ba le seoposengwe ba emelana le puso ka tsela e e tshwanelwang ke tlotlo.”