Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso di le Lesome ka Tlhakanelodikobo di a Arabiwa

Dipotso di le Lesome ka Tlhakanelodikobo di a Arabiwa

Dipotso di le Lesome ka Tlhakanelodikobo di a Arabiwa

1 A tlhakanelodikobo ke jone boleo jo Adame le Efa ba bo dirileng kwa tshimologong kwa tshimong ya Edene?

▪ Karabo: Batho ba le bantsi ba dumela gore leungo le le neng le ileditswe kwa tshimong ya Edene le ne le tshwantshetsa tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, seo ga se se Baebele e se rutang.

Akanya ka seno: Tota le pele Efa a bopiwa, Modimo o ne a laela Adame gore a se ka a ja “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:15-18) E re ka Adame a ne a le nosi, taelo eno e ka se ka ya bo e ne e mo iletsa tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, Modimo o ne a naya Adame le Efa taelo e e tlhamaletseng ya gore ba ‘ate ba ntsifale ba tlatse lefatshe.’ (Genesise 1:28) A Modimo yo o lorato o ne a ka laela banyalani ba ntlha gore ba “tlatse lefatshe”—mo go neng go tla akaretsa go tlhakanela dikobo—go tswa foo a bo a ba atlholela loso ka gonne ba ikobetse taelo ya gagwe?—1 Johane 4:8.

Mo godimo ga moo, fa Efa a ne “a tsaya leungo [le le ileditsweng] mme a le ja,” o ne a se na le monna wa gagwe. “Morago ga moo a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.”—Genesise 3:6.

Sa bofelo, Adame le Efa ga ba a ka ba tshwaiwa phoso fa ba ne ba tlhakanela dikobo ba bo ba nna le bana. (Genesise 4:1, 2) Go bonala sentle gore leungo le Adame le Efa ba neng ba le ja, le ne le sa tshwantshetse go tlhakanela dikobo mme e ne e le leungo la mmatota le le neng le tlhoga mo setlhareng.

2 A Baebele e iletsa tlhakanelodikobo?

▪ Karabo: Buka ya ntlha ya Baebele e senola gore Modimo ke ene a ileng a bopa batho, a ba bopa e le “monna le mosadi.” Modimo o ne a re popo ya gagwe e “molemo tota.” (Genesise 1:27, 31) Moragonyana, Modimo o ne a tlhotlheletsa mokwadi wa Baebele go naya banna ba ba nyetseng ditaelo tseno: “Ipele le mosadi wa bosha jwa gago . . . A mabele a gagwe a go tlhapele ka metlha.” (Diane 5:18, 19) A mafoko ano a fa kgopolo ya gore Baebele e iletsa tlhakanelodikobo?

Dintlha di bontsha gore mo godimo ga go dira gore batho ba kgone go tshola bana, Modimo o dirile dirwe tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e dirang gore banyalani ba kgone go bontshana lorato ka tsela e e ba itumedisang boobabedi. Tlhakanelodikobo e ka dira gore monna le mosadi ba ba atamalaneng e bile ba ratana ba kgotsofale mo mmeleng le mo maikutlong.

3 A Baebele e letla gore monna le mosadi ba nne mmogo ba sa nyalana kafa molaong?

▪ Karabo: Baebele e bontsha ka tlhamalalo gore “Modimo o tla atlhola bagokafadi.” (Bahebera 13:4) Lefoko la Segerika le le kayang kgokafalo, e leng por·neiʹa, le kaya go dirisiwa ga dirwe tsa tlhakanelodikobo ka tsela e e sa tshwanelang ga batho ba ba sa nyalanang. * Ka jalo, go tla bo go le phoso mo matlhong a Modimo gore monna le mosadi ba ba sa nyalanang ba nne mmogo—tota le fa ba ikaeletse go nyalana moragonyana.

Tota le fa monna le mosadi ba ratana thata, Modimo o batla gore ba nyalane, pele ba ka tlhakanela dikobo. Modimo ke ene a re bopileng re na le bokgoni jwa go bontsha lorato. Nonofo ya konokono ya Modimo ke lorato. Ka jalo, o na le lebaka le le utlwalang la go gatelela gore banyalani e nne bone fela ba ba tlhakanelang dikobo, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.

4 A go siame go nyala lefufa?

▪ Karabo: Go na le nako e ka yone Modimo a neng a letlelela monna gore a nne le basadi ba feta a le mongwe. (Genesise 4:19; 16:1-4; 29:18–30:24) Mme gone, Modimo ga se ene a simolotseng mokgwa wa gore batho ba nyale lefufa. O ne a naya Adame mosadi a le mongwe fela.

Modimo o ne a dirisa Jesu Keresete gore a tlhome gape molao wa Gagwe wa kwa tshimologong wa gore monna a nyale mosadi a le mongwe fela. (Johane 8:28) Fa Jesu a ne a bodiwa ka lenyalo, o ne a re: “Yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe.’”—Mathaio 19:4, 5.

Moragonyana Modimo o ne a tlhotlheletsa mongwe wa barutwa ba ga Jesu go kwala jaana: “A monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:2) Gape Baebele ya re monna ope fela yo o nyetseng yo o mo phuthegong ya Bokeresete mme a na le ditshiamelo dingwe tse di kgethegileng, o tshwanetse go nna “monna wa mosadi a le mongwe.”—1 Timotheo 3:2, 12.

5 A go phoso gore banyalani ba dirise dithibelapelegi?

▪ Karabo: Jesu ga a ka a laela balatedi ba gagwe gore ba nne le bana kgotsa ba se ka ba nna le bone. E bile ga go ope wa barutwa ba gagwe yo o neng a ntsha taelo e e ntseng jalo. Ga go na gope fa Baebele e kgalang go thibela pelegi ka tlhamalalo gone.

Ka jalo, banyalani ba ka itirela tshwetso ya gore a ba tla nna le bana kgotsa nnyaa. Gape ba ka itirela tshwetso ya gore ba tla nna le bana ba le kae le gore ba tla nna le bone leng. Fa monna le mosadi ba tlhopha go dirisa mokgwa wa go thibela pelegi o o sa feleleng ka go senya mpa, eo ke tshwetso ya bone e bile ke boikarabelo jwa bone. * Ga go na ope yo o tshwanetseng go ba tshwaya phoso.—Baroma 14:4, 10-13.

6 A go senya mpa go phoso?

▪ Karabo: Modimo o tsaya botshelo bo le boitshepo mme o tsaya gore tota le lesea le le sa tswang go imiwa, le lone ke setshedi. (Pesalema 139:16) Modimo o ne a re motho o ne a tla otlhaelwa go gobatsa ngwana yo o iseng a tsholwe. Ka jalo, o tsaya go bolaya ngwana yo o iseng a tsholwe e le go bolaya motho.—Ekesodo 20:13; 21:22, 23.

Mme go tweng fa go nna le boemo jwa tshoganyetso ka nako ya fa ngwana a tsholwa jo bo pateletsang banyalani go tlhopha gore a ngwana a tshele mme mmè a swe kgotsa mmè a tshele go swe ngwana? Mo boemong jo bo ntseng jalo, banyalani ba tshwanetse go tlhopha gore ba tla leka go boloka botshelo jwa ga mang. *

7 A Baebele e letlelela tlhalo?

▪ Karabo: Ee, Baebele e letlelela tlhalo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ntsha lebaka le le lengwe fela le le amogelesegang la go tlhala, fa a ne a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo [go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang], mme a nyala yo mongwe o dira boaka.”—Mathaio 19:9.

Modimo o tlhoile tlhalo e e dirwang ka go tsietsa le ka boferefere. O tla atlhola batho ba ba tlogelang balekane ba bone kwantle ga mabaka ape a a utlwalang, segolobogolo fa ba dira jalo gore ba nne le molekane yo mongwe.—Malaki 2:13-16; Mareko 10:9.

8 Modimo o amogela go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang?

▪ Karabo: Baebele e bontsha ka tlhamalalo gore e kgala kgokafalo, e e akaretsang go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang. (Baroma 1:26, 27; Bagalatia 5:19-21) Le fa Baebele e tlhalosa gore Modimo ga a amogele boitsholo jo bo ntseng jalo, gape re a itse gore “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Tota le fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa amogele go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang, ba pelonomi mo bathong botlhe. (Mathaio 7:12) Modimo o batla gore re ‘tlotle batho ba mefuta yotlhe.’ Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhoe batho ba ba tlhakanelang dikobo e le ba bong jo bo tshwanang.—1 Petere 2:17.

9 A go bua ka tlhakanelodikobo mo founong, go romelela batho dinepe tse di hepisang ka founo ya selula kgotsa go tlhakanela dikobo ka khomputara go phoso?

▪ Karabo: Go bua ka tlhakanelodikobo mo founong go akaretsa go bua ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa go reetsa melaetsa e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Go romelela batho dinepe tse di hepisang ka founo ya selula go kaya go dirisa founo ya selula go romelela batho ba bangwe ditshwantsho tse di hepisang le melaetsa e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Go tlhakanela dikobo ka khomputara go akaretsa go tlotla ka dikgang tse di amanang le tlhakanelodikobo mo Internet.

Baebele ga e bue ka tlhamalalo ka ditlwaelo tseno tsa motlha wa segompieno. Mme ya re: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo; le fa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong kgotsa puo ya boeleele kgotsa nyao e e ferosang sebete, dilo tse di sa tshwanelang.” (Baefeso 5:3, 4) Dilo tse di jaaka go bua ka tlhakanelodikobo mo founong, go romelela batho dinepe tse di hepisang ka founo ya selula kgotsa go tlhakanela dikobo ka khomputara, di dira gore batho ba lebe tlhakanelodikobo ka tsela e e seng yone e bile di kgothaletsa batho go tlhakanela dikobo ba sa nyalana. Mekgwa eno ga e thuse batho go laola keletso ya bone ya tlhakanelodikobo, go na le moo e dira gore ba batle go ikgotsofatsa ka bopelotshetlha.

10 Baebele ya reng ka mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo?

▪ Karabo: Baebele ga e bue ka tlhamalalo ka mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo—mokgwa o motho a o dirisang gore a tsose keletso ya gagwe ya tlhakanelodikobo a bo a e kgotsofatse. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le laela Bakeresete jaana: “Bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, [le] keletso [e e sa tshwanelang] ya tlhakanelodikobo.”—Bakolosa 3:5.

Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo go dira gore motho a lebe tlhakanelodikobo ka tsela e e sa tshwanelang ya go batla go ikgotsofatsa ene fela. Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo a ka naya batho ba ba lekang ka natla go tlogela mokgwa ono “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Gape por·neiʹa e akaretsa ditiro tse dingwe tse di jaaka boaka, go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang le go tlhakanela dikobo le diphologolo, e leng ditiro tse di sa tsamaisaneng le boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong fa a ne a bopa dirwe tsa batho tsa tlhakanelodikobo.

^ ser. 19 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le gore Dikwalo tsa reng ka go dirwa moopa, tsweetswee bona setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 15, 1999, tsebe 27-28.

^ ser. 22 Fa o batla go bona tlhaloso ya gore a go tla bo go siame gore motho yo o beteletsweng a leke go senya mpa, bona Tsogang! ya June 8, 1993, tsebe 31-32, [May 22, 1993, tsebe 10-11 ka Seesemane] e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.