Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute mo Lefokong la Modimo

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Ke ka ntlha yang fa Modimo a iphile leina?

Ga go pelaelo gore o rata go bidiwa ka leina la gago go na le go bidiwa ka direto tse di jaaka “monna,” “rre,” “mmè” kgotsa “mosadi.” Leina le go tlhaola mo bathong ba bangwe. Modimo o bidiwa ka direto tse di jaaka “Morena Molaodimogolo,” “Modimo Mothatayotlhe” le ‘Mmopi yo Mogolo.’ (Genesise 15:2; 17:1; Moreri 12:1) Mme o iphile leina go re thusa go nna le kamano e e gaufi le ene. Ka Setswana, leina la Modimo ke Jehofa.—Bala Isaia 42:8.

Le fa baranodi ba le bantsi ba Baebele ba emiseditse leina la Modimo ka mareo a a jaaka “Modimo” le “Morena,” leina la gagwe le fitlhelwa mo mekwalong ya seatla ya Baebele ya bogologolo ya Sehebera ka makgetlho a a ka nnang 7 000. Go bonala sentle gore Modimo o batla gore leina la gagwe le itsiwe.—Bala Isaia 12:4.

2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse leina la Modimo?

Go itse leina la Modimo go kaya se se fetang go itse go le bitsa. Go itse leina la Modimo ka botlalo go kaya go nna le kamano e e gaufi le ene. Leina Jehofa le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Bokao jwa leina leno bo tlhomamisa gore Modimo o tla nna sengwe le sengwe gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. Ka jalo, go itse leina la Modimo go kaya go dumela gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Pesalema 9:10) Tumelo ya batho ba ba itseng leina la Modimo e bile ba le dirisa e ba tlhotlheletsa gore ba mo ikanye le go dira gore a tle pele mo matshelong a bone. Jehofa Modimo o tla sireletsa batho bao.—Bala Pesalema 91:14.

3. Ke ka ntlha yang fa Modimo a batla gore leina la gagwe le itsiwe?

Modimo o batla gore batho ba itse leina la gagwe ka gonne go ba solegela molemo. Go dira gore ba nne ditsala tsa Modimo ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Jehofa a batla gore re itsise batho leina la gagwe!—Bala Johane 17:3; Baroma 10:13, 14.

Jesu o ne a itsise batho leina la Modimo ka go ba ruta ditsela tsa Modimo, melao ya gagwe le ditsholofetso tsa gagwe. Gompieno balatedi ba ga Jesu ba sa ntse ba dira tiro ya go itsise leina la Modimo mo ditšhabeng tsotlhe. Ba dira jalo e le “batho ba leina” la Modimo ba ba seoposengwe.—Bala Ditiro 15:14; Johane 17:26.

4. Modimo o tla galaletsa jang leina la gagwe?

Jehofa Modimo o batla go galaletsa leina la gagwe ka gonne le ile la senngwa. Ka sekai, batho bangwe ba re ditshedi ga di a bopiwa ke ene e bile ga re tlhoke go mo ikobela. Ba bangwe ba re ga a amege ka rona e bile ke ene a bakang pogo. Batho bao ba senya Modimo leina. Mme ga ba ka ke ba dira jalo ka bosakhutleng. Modimo o tla fedisa batho ba ba tlontlololang leina la gagwe.—Bala Pesalema 83:17, 18.

Jehofa o tla galaletsa leina la gagwe fa Bogosi jwa gagwe bo fedisa dipuso tsotlhe tsa batho bo bo bo dira gore batho ba nne ka kagiso ba sireletsegile. (Daniele 2:44) Go ise go ye kae, batho botlhe ba tla tshwanelwa ke go itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.—Bala Esekiele 36:23; Mathaio 6:9.

O tshwanetse go dira eng? Atamalana le Modimo ka go ithuta Lefoko la gagwe le go itsalanya le batho ba ba mo ratang. Fa Jehofa a galaletsa leina la gagwe o tla gakologelwa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.—Malaki 3:16.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 1 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Leina la Modimo mo mokwalong wa seatla wa Sehebera wa bogologolo