Kgabagare ke Bone Kgololesego ya Mmatota!
Modiredimogolo mongwe wa kgolegelo o ne a bolela jaana a tshega: “Ga go na ope yo o botsang ka lona. Lo ka nna lwa nna fano.” Go ne ga tla jang gore lelapa la rona la Ba-Russia le le dirang ka natla le le le ratang kagiso le feleletse le le mo kgolegelong kwa Korea Bokone ka 1950, dingwaga di le tlhano morago ga Ntwa ya Lefatshe ya II?
GO YA ka se se kwadilweng mo ditlankaneng tsa me, ke tshotswe ka 1924. Go lebega ke tsholetswe kwa motsaneng wa Shmakovka kwa botlhaba jo bo kgakala jwa Russia, gaufi le molelwane wa kwa China.
Ka letsatsi lengwe rre le bonkgonne ba ne ba tsewa ka dikgoka ke dirukhutlhi, morago ga foo Mmè ga a ka a tlhola a ba bona. O ne a sala le bana ba bantsi ba bannye ba a neng a sa kgone go ba fepa sentle. Moagelani mongwe o ne a ithaopa go re isa kwa legaeng la dikhutsana la kereke ya Orthodox ya kwa Russia mme a bo a ba raya a re Mmè o re latlhile.
Mmè o ne a dumalana le leano leno ka gonne bana ba gagwe go akaretsa le nna, re ne re ka bolawa ke tlala fa a ne a ka se dire jalo. E re ka jaanong ke le mo dingwageng tsa bo80, ke itumelela go bo Mmè a ile a re romela kwa legaeng la dikhutsana. Gongwe ke sone se se dirileng gore re bo re sa ntse re tshela. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go nkutlwisa botlhoko go bo Mmè a ile a re romela kwa legaeng la dikhutsana.
Ka 1941, ke ne ka fudugela kwa Korea kwa ke neng ka nyalwa ke monna yo o siameng wa Mo-Russia gone e bong Ivan. Morwadiarona e bong Olya o tsholetswe kwa Seoul, kwa Korea ka 1942. Morwarona e bong Kolya o tsholetswe koo ka 1945, mme monnawe e bong Zhora o tshotswe ka 1948. Monna wa me o ne a rekisa mo lebenkeleng la rona mme nna ke ne ke dira tiro ya go roka. E re ka Seoul e ne e gapilwe ke Japane, bana ba rona ba ne ba gola ba bua Sejapane le fa re ne re bua Se-Russia kwa gae. Go fitlha ka 1950 go ne go lebega go na le kagiso magareng ga Ba-Soviet, Baamerika le Ba-Korea ba ba nnang kwa Seoul. Botlhe ba ne ba reka mo lebenkeleng la rona.
Go Tshwarwa ke Ba-Korea ba Kwa Bokone
Sengwe le sengwe se ne sa fetoga ka ponyo ya leitlho ka 1950. Masole a kwa Korea Bokone a ne a laola Seoul. Ka ntlha ya go palelwa ke go tshaba, re ne ra tshwarwa mmogo le batswakwa ba bangwe. Re ne ra gwantisiwa ka dingwaga di le tharo le halofo re na le bagolegwa ba ntwa ba kwa Boritane, Russia, Amerika le Fora re isiwa kwa mafelong a a farologaneng go ralala Korea Bokone. Re ne re nna gongwe le gongwe kwa go neng go na le kago gone, mme re ne re leka go tila go bolawa ke dibomo.
Ka dinako tse dingwe, re ne re nna mo matlong a a nang le didirisiwa tse di thuthafatsang moago mme re bo re fiwa dijo tse di lekaneng. Gantsi re ne re ja lebelebele fela e bile re robala mo meagong e e tsididi e e senyegileng e go sa nneng ope mo go yone. Batho ba le bantsi ba setlhopha sa rona ba ne bolawa ke phepelotlase le ke go sa tlhokomelwe. Ke ne ke tlalelwa tota fa ke bona bongwanake ba sotlega. Mariga a ne a goroga ka bonako kwa Korea Bokone. Ke gakologelwa ke ntse gaufi le molelo bosigo jotlhe, ke thuthafatsa maje gore ke a beye ka fa tlase ga bana fa ba robetse.
Fa mariga a fela, Ba-Korea bangwe ba ba nnang mo motsaneng oo ba ne ba re ruta gore ke dijalo dife tsa naga tse di jewang mme re ne ra batla merogo ya kwa nageng, di-raspberry, diterebe le di-mushroom. Tota go ne go bonala gore baagi ba motsana oo ba ne ba sa re tlhoa, mme ba ne ba re utlwela botlhoko ka ntlha ya seemo se se boima se re neng re le mo go sone. Ke ne ka ithuta go tshwara digwagwa
gore ke oketse dijonyana tse re neng re na le tsone. Ke ne ka utlwa botlhoko thata fa ke utlwa bongwanake ba kopa digwagwa gangwe le gape.Ka ngwaga mongwe ka kgwedi ya October, re ne ra gwantisiwa go ya kwa Manp’o. Re ne ra bolelelwa gore balwetse le bana ba tla tsamaisiwa ka dikolotsana tsa dipoo. Olya le rraagwe ba ne ba tsamaisiwa le setlhopha se se neng se tsamaya ka maoto. Nna le bomonnawe Olya ba bannye re ne ra leta malatsi a le mmalwa ka tlhoafalo re letetse gore dikolotsana di goroge. Kgabagare di ne tsa goroga.
Bagolegwa ba ba lwalang ba ne ba tlhatlaganngwa mo dikolotsaneng e kete ke mekoa ya dijo tsa ditlhaka. Go ne go boifisa tota! Ke belege Zhora yo mmotlana mo mokwatleng, ke ne ka leka go baya Kolya fa sekhutlong sa kolotsana, mme o ne a thubega ka selelo a ntse a re: “Mama, Mama, ke batla go tsamaya le wena! Ke kopa gore o se ka wa ntlogela!”
Kolya o ne a ntshetse morago, ka letsogonyana le lengwe a tshwere sekete sa me a ntse a kgobakgoba gore a se ka a salela kwa morago. Bagolegwa ba le bantsi ba ne ba thuntshiwa ka nako ya mogwanto ono o o sa lebalesegeng o o tsereng malatsi a le mmalwa. Magakabe a ne a tla a ngatha ditopo tse di neng di tlogelwa kwa morago. Kgabagare, re ne ra kopana le monna wa me le Olya. Re ne ra lela le go tlamparelana. Mo bosigong joo, ga ke a ka ka robala mme ke ne ka thuthafatsa maje mo molelong. E re ka jaanong ke ne ke a baya ka fa tlase ga bongwanake botlhe, ke ne ke itumetse.
Ka 1953, mo molelwaneng o o kgaoganyang Korea Bokone le Korea Botlhaba, tsela e re neng re tshela ka yone e ne ya tokafala. Re ne ra newa diaparo tse di phepa, ditlhako, borotho le e leng dimonamone tota. Kgabagare, Baboritane ba ne ba gololwa, mme go tswa foo, ga gololwa Bafora. Mme rona re ne re se baagi ba naga epe. Fa bagolegwa ba bofelo ba tsamaya, re ne ra sala re le rosi. Re ne ra lela ka ntlha ya go ngomoga pelo e bile re sa kgone go ja. Ke yone nako e modiredimogolo wa Mo-Korea a neng a bua mafoko a a utlwisang botlhoko a a anetsweng kwa tshimologong.
Botshelo jo Bosha Kwa United States
Se se gakgamatsang ke gore, nakwana morago ga foo re ne ra isiwa kwa lefelong le
le se nang masole kwa Korea Borwa. Morago ga go botsolodiwa ke modiredi wa masole a Amerika, re ne ra letlelelwa go fudugela kwa United States. Re ne ra tsaya loeto ka sekepe go ya kwa San Francisco kwa California, kwa re neng ra thusiwa ke mokgatlho mongwe o o thusang batho teng. Moragonyana, re ne ra fudugela kwa Virginia mme batho ba re neng re tlwaelane le bone ba ne ba re thusa ka dilo tse re di tlhokang. Kgabagare, re ne ra fudugela kwa Maryland go ya go simolola botshelo jo bosha teng.Re ne re jesitswe kgakge ke go bona dilo tse di sa reng sepe tse di jaaka motšhine o o gopang leswe (vacuum cleaner). E re ka re ne re le batswakwa mo nageng e ntšha, re ne re bereka lobaka lo loleele e bile go le boima. Mme ke ne ka hutsafadiwa ke go bona bangwe ba ba neng ba atlega mo lefelong leno le lesha ba sa tshware batho ba ba gorogang sentle. Ka bonako morago ga gore re goroge mo lefelong leo, re ne ra kopana le moruti wa kereke ya Orthodox ya kwa Russia yo o neng a re: “Lo mo lefatsheng le le segofetseng. Fa lo batla go atlega, lo se ka lwa itsalanya le batho ba ga lona.” Ke ne ke gakgametse tota. A ga re a tshwanela go thusana?
Ka 1970, monna mongwe yo o bidiwang Bernie Battleman, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a etela kwa gae a tlile go tlotla le rona ka Baebele. E ne e le motho yo o maatla e bile a bua ka bopelokgale, a tshwana le rona. Re ne ra tlotla sebaka. Ka gonne ke goletse kwa legaeng la dikhutsana la kereke ya Orthodox, ke ne ke itse dithuto tsa teng ka tlhogo. Mme ga ke ise ke ko ke akanye ka go nna le Baebele! Bernie o ne a re tlela le Baebele mme a re: “Ke lo tliseditse Baebele eno ka gonne ke lo rata.” Gape o ne a re kopanya le Ben, Mosupi mongwe yo o buang Se-Russia yo o tswang kwa Belarus.
Ben le mosadi wa gagwe ba ne ba araba dipotso tsa me go tswa mo Baebeleng. Ke ne ke tlhomamisegile gore Basupi ba sokamisa ditemana tsa Baebele. Ke ne ke galefisitswe segolobogolo ke dikgatiso tsa bone tse di neng di bolela gore Marea o ne a na le bana ba bangwe kwantle ga Jesu, fa kereke e ne e ruta se se farologaneng.
Ke ne ka letsetsa tsala ya me ya Mo-Poland mogala mme ka mo kopa gore a lebe gore Mathaio 13:55, 56 ya reng mo Baebeleng ya gagwe ya Se-Poland. Fa a sena go mpalela temana eno, ke ne ke gakgametse go utlwa gore ruri Jesu o ne a na le bomonnawe! Gape tsala ya me e ne ya letsetsa tsala ya gagwe e e neng e bereka kwa Library of Congress kwa Washington, D.C., gore a lebe temana eno mo dithanolong tsotlhe tsa Dibaebele tse di leng teng. O ne a mmolelela gore tsotlhe di bua selo se se tshwanang: Jesu o ne a na le bomonnawe le bokgaitsadie!
Ke ne ke na le dipotso tse dingwe tse dintsi. Ke ka ntlha yang fa bana ba swa? Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di lwa? Ke ka ntlha yang fa batho ba sa ratane le fa ba bua puo e e tshwanang? Ke ne ka itumedisiwa ke dikarabo tse ke neng ka di bona mo
Baebeleng. Ke ne ka ithuta gore ga se thato ya Modimo gore batho ba boge. Ke ne ka itumedisiwa thata ke go ithuta gore ke tla kgona go bona batho ba ke ba ratang gape, ba ba ileng ba tlhokafala ka nako ya dintwa tse di farologaneng. Ka bonya ka bonya, Jehofa o ne a nna motho wa mmatota mo go nna.Ka letsatsi lengwe, ke ne ke eme fa pele ga ditshwantsho tsa me tsa mekgabiso, ke kopa Modimo gore a thuse morwaake yo o sa tswang go boa kwa ntweng kwa Vietnam e bile a na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Ka bonako fela, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go lebisa dithapelo tsa me fela kwa Modimong yo o tshelang e bong Jehofa e seng kwa ditshwantshong. Ke ne ka thuba ditshwantsho tseo mme ka lemoga gore e ne e le diphuthelwana fela tse di phatsimang tse di mebalabala tse di sa reng sepe. Ke ne ke di rekile kwa kerekeng, mme ke ne ka di latlha mo bosigong joo.
Go ne go se motlhofo go tlogela kereke e ke goletseng mo go yone. Mme ke ne ke setse ke tlotla se Baebele e se rutang go feta sengwe le sengwe. Mo ngwageng o o latelang, re ne ra etela moruti wa kereke ya Orthodox ya kwa Russia ke na le monna wa me le morwadiake. Ke ne ke tshotse bukana e e neng e na le dipotso tsa Baebele mme ke kwadile ditemana kafa tlase ga tsone. Fa ke ntse ke balela ditemana tsa Baebele kwa godimo, moruti o ne a tshikinya tlhogo mme a re: “O latlhegile.” O ne a re bolelela gore re se ka ra tlhola re le gata kwa ga gagwe gape.
Tiragalo eno e ne ya kgatlha morwadiake yo o tlhomameng mo mogopolong e bile a rata go itse dilo e bong Olya. Le ene o ne a simolola go tlhatlhoba Baebele ka kelotlhoko mme go ise go ye kae, ke fa a tsamaya le nna kwa dipokanong tsa Basupi. Ke ne ka kolobediwa ka 1972 mme Olya ene o ne a kolobediwa mo ngwageng o o latelang.
Moano wa Lelapa la Rona
Moano wa rona e ne ya nna: Tlhoma mogopolo mo dilong tsa gone jaanong, lebala tsa nako e e fetileng. Ka jalo, ga re ise re ko re okaoke go dira selo se sesha fa re ne re tlhomamisegile gore se siame. Fa nna le morwadiake re simolola go nna le kamano le Modimo, re ne re na le keletso e kgolo ya go ya kwa malapeng a batho le go ba bolelela se re ithutileng sone. Ke a dumela gore ka ntlha ya botho jwa me jwa go se akanyetse ba bangwe, ke ne ke palelwa ke go bua sentle le batho ba bangwe mo e leng gore ba bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go baakanya fa ke sentseng teng. Mme fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka ithuta go bua le batho ba ditšhaba tsotlhe le ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng, ba jaaka nna ba neng ba batla botshelo jo bo botoka.
Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga ngwaga oo, gangwe le gape nna le morwadiake re ne ra ipolelela gore fa puso ya Soviet Union e phutlhama, re tlile go ya kwa Russia go ya go thusa batho ba ba tshwanang le rona gore ba ithute ka Modimo. Fa e phutlhama mo masimologong a dingwaga tsa bo1990, Olya o ne a diragatsa toro e re neng re na le yone. O ne a fudugela kwa Russia mme o ne a nna modiredi wa nako e e tletseng teng ka dingwaga di le 14. O ne a ithuta Baebele le batho ba le bantsi e bile o ne a thusa go ranola dikgatiso tsa Baebele go tswa mo Seesemaneng go ya mo puong ya Se-Russia a le kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia.
Gone jaanong ke nna ke ntse mo bolaong, mme bongwanake ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go dira gore botshelo jwa me bo nne motlhofo thata. Ke leboga Modimo go bo a dirile gore ke bone botshelo jo bo botoka morago ga gore ke boge fa ke ne ke sa ntse ke le monnye. Jaanong ke tlhaloganya sentle pesalema ya Baebele e e kwadilweng ke modisa Dafide: “[Modimo] o nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi. O lapolosa moya wa me. O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe.”—Pesalema 23:2, 3. *
^ ser. 29 Maria Kilin o ne a tlhokafala ka March 1, 2010, fa go ne go sa ntse go rulaganngwa gore pego eno e gatisiwe.