Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ETSA TUMELO YA BONE

“Le Mororo A ne A Sule, o sa Ntse a Bua”

“Le Mororo A ne A Sule, o sa Ntse a Bua”

ABELE o ne a lebeletse letsomane la gagwe la dinku le ntse le fula ka kagiso mo thabeng. Go tswa foo, gongwe o ne a leba ka kwa ga dinku tsa gagwe a bo a bona lesedinyana le le letobo. O ne a itse gore gone koo go na le tšhaka e e tsabakelang e e nnang e dikologa e sa kgaotse, e thiba tsela ya go tsena mo tshimong ya Edene. Batsadi ba gagwe ba kile ba bo ba nna koo, le fa go ntse jalo, gone jaanong bone kgotsa bana ba bone ba ka se kgone go tsena. Bona ka leitlho la mogopolo kafa pheswana ya thapama e fokang moriri wa ga Abele ka teng fa a leba kwa godimo mme a akanya ka Mmopi wa gagwe. A batho le Modimo ba tla boa ba letlana gape? Abele o ne a eletsa thata gore seo se direge.

Abele o bua le wena gompieno. A o kgona go mo utlwa? O ka nna wa re go ka se kgonege. Gone ke boammaaruri gore morwa yono wa bobedi wa ga Adame ga a bolo go swa. Marapo a gagwe ga a bolo go nyelela, a tlhakane le lorole lwa makgolo a dingwaga a a fetileng a a ka nnang 60. Baebele e re ruta jaana malebana le batho ba ba suleng: “Ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5, 10) Mo godimo ga moo, ga go na sepe se Abele a se buileng se se kwadilweng mo Baebeleng. Ka jalo, a ka bua jang le rona?

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go bua seno ka Abele: “Le mororo a sule, o sa ntse a bua.” (Bahebera 11:4) Abele o bua ka tsela efe? Ka tumelo, Abele ke motho wa ntlha go nna le nonofo eo e e tlhomologileng. O ne a bontsha tumelo e e nonofileng thata mo e leng gore sekao sa gagwe se sa ntse se dira, sekao se se molemo thata se re ka se latelang gompieno. Fa re ithuta mo sekaong sa gagwe mme re batla go se etsa, pego ya ga Abele e tla bua le rona ka tsela eo ya mmatota le e e nang le matswela.

Mme gone, re ka ithuta eng ka Abele le ka tumelo ya gagwe e re ka go sa buiwe thata ka ene mo Baebeleng. Mma re bone.

GO GOLA MO LEFATSHENG LE LE NENG LE ISE LE TLALE KA BATHO

Abele o ne a tsholwa morago fela ga gore batho ba ntlha ba bopiwe. Moragonyana Jesu o ne a bua ka Abele e le motho yo o neng a tshela ka nako ya “fa e sa le lefatshe le thaiwa.” (Luke 11:50, 51) Ga go pelaelo gore Jesu o ne a bua ka lefatshe la batho ba ba nang le tsholofelo ya go gololwa mo boleong. Le fa Abele e ne e le motho wa bonè go tshela, go bonala e le motho wa ntlha yo Modimo a neng a bona gore a ka rekololwa. * Ga go pelaelo gore fa Abele a gola go ne go se na ope yo e neng e le sekao se se molemo mo go ene.

Le fa go ne go se na batho ba le bantsi mo lefatsheng, go ne go na le maemo a mantsi a a hutsafatsang batho. Go ka direga gore batsadi ba ga Abele e bong Adame le Efa, e ne e le batho ba bantle ba ba nonofileng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dirile boleo jo bogolo e bile ba ne ba itse seo. E kile ya bo e le batho ba ba itekanetseng, ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri. Ba ne ba tsuologela Jehofa Modimo mme ba lelekwa mo legaeng la bone la Paradaise kwa tshimong ya Edene. Ka ntlha ya go baya dikeletso tsa bone kwa pele ga sengwe le sengwe—tota le dilo tse bana ba bone ba di tlhokang—ba ne ba latlhegelwa ke boitekanelo le botshelo jo bo sa khutleng.—Genesise 2:15–3:24.

E re ka ba ne ba lelekilwe go ya go tshela ka kwa ntle ga tshimo, Adame le Efa ba ne ba tshela boima. Le fa go ntse jalo, fa ngwana wa bone wa ntlha a tsholwa, ba ne  ba mmitsa Kaine, kgotsa “Sengwe se se Tshotsweng,” mme Efa a re: “Ke tshotse monna ka thuso ya ga Jehofa.” Mafoko a gagwe a akantsha gore a ka tswa a ne a akantse ka tsholofetso ya ga Jehofa ya kwa tshimong, fa a ne a bolelela pele gore mosadi mongwe o tla tshola “losika” lo ka letsatsi lengwe lo tla fedisang yo o bosula yo o ileng a tsietsa Adame le Efa. (Genesise 3:15; 4:1) A Efa o ne a akanya gore ke ene mosadi yo go buiwang ka ene mo boporofeting joo le gore Kaine ke ene “losika” lo lo solofeditsweng?

Fa e le gore o ne a akanya jalo, ka maswabi o ne a iphora. Mo godimo ga moo, fa e le gore ene le Adame ba ile ba tsenya megopolo e e ntseng jalo mo go Kaine fa a ntse a gola, ga go pelaelo gore ba ile ba oketsa boikgogomoso jwa gagwe jo bo bakilweng ke bosaitekanelang. Fa nako e ntse e tsamaya, Efa o ne a tshola morwawe wa bobedi mme ga re bone mafoko ape a a buileng ka ene a a supang boikgogomoso. Ba ne ba mmitsa Abele, mo go kayang “Moya o o hemelwang kwa ntle” kgotsa “Lefela.” (Genesise 4:2) A go tlhopha leina leo go kaya gore ba ne ba sa lebelela go le gontsi, jaaka e kete ba ne ba se na tsholofelo e e kalo mo go Abele jaaka ba ne ba solofetse ka Kaine? Ga re tlhomamisege.

Gone mme, gompieno batsadi ba ka ithuta go le gontsi go tswa mo batsading bao ba ntlha. Ka se o se buang le se o se dirang, a o tla tlhotlheletsa bana ba gago gore ba nne mabela, ba nne boikgodiso le gore ba nne pelotshetlha? Kgotsa a o tla ba ruta gore ba rate Jehofa Modimo le go batla go tsalana le ene? Ka maswabi, batsadi ba ntlha ba ne ba palelwa ke go diragatsa maikarabelo a bone. Le fa go ntse jalo, bana ba bone ba ne ba na le tsholofelo.

KE ENG SE SE THUSITSENG ABELE GO NNA LE TUMELO?

Fa basimane ba babedi bao ba ntse ba gola, ga go pelaelo gore Adame o ne a ba thapisa go dira ditiro tse di tshwanetseng go dirwa go tlamela lelapa. Kaine o ne a nna molemi; Abele ene o ne a nna modisa.

Le fa go ntse jalo, Abele o ne a dira sengwe se se botlhokwa le go feta. Fa dingwaga di ntse di feta, o ne a nna le tumelo, e leng nonofo e ntle e Paulo a neng a kwala ka yone. Akanya ka gone. Go ne go se na motho ope yo Abele a neng a ka etsa sekao sa gagwe. Ka jalo, ke eng se se thusitseng Abele go nna le tumelo mo go Jehofa Modimo? Ela tlhoko dilo di le tharo tse di thusitseng Abele go nna le tumelo e e nonofileng.

Popo ya ga Jehofa.

Gone ke boammaaruri gore Jehofa o ne a hutsitse mmu, a dira gore go tlhoge mitlwa le sitlwasitlwane tse di neng di kgoreletsa temothuo. Le fa go ntse jalo, lefatshe le ile la ntsha dijo tse di neng tsa tshedisa lelapa la gaabo Abele. Mme diphologolo di ne di sa hutsiwa, go akaretsa dinonyane le ditlhapi; le dithaba, matsha, dinoka le mawatle; le magodimo, maru, letsatsi le ngwedi mmogo le dinaledi. Gongwe le gongwe kwa Abele a neng a leba gone, o ne a bona bosupi jwa lorato lo logolo, botlhale le bomolemo jwa ga Jehofa Modimo, yo o bopileng dilo tsotlhe. (Baroma 1:20) Go tlhatlhanya ka kanaanelo ka dilo tse di ntseng jalo go ile ga nonotsha tumelo ya gagwe.

Ga go pelaelo gore Abele o ne a ipha nako ya go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya. Akanya a tlhokometse letsomane la gagwe. Botshelo jwa modisa bo ne bo mo tlhoka gore a tsamaye thata. O ne a kaela diphologolo tse di bonolo go tlhatloga dithota, a di ralatsa mekgatšha, a di  tshedisa dinoka—a di batlela bojang jo botala thata, dikhuti tsa metsi a a siameng le mafelo a go ikhutsa a a nang le moriti o montsi. Mo dibopiweng tsotlhe tsa Modimo, go bonala dinku e le tsone tse di sa kgoneng go itirela sepe, e kete di ne di bopilwe gore di kaelwe le go sirelediwa ke motho. A Abele o ne a bona gore le ene o ne a tlhoka kaelo, tshireletso le tlhokomelo ya Mongwe yo o botlhale thata e bile a le maatla go gaisa motho ope fela? Ga go pelaelo gore o ne a tlhalosa maikutlo a a ntseng jalo ka thapelo mme tumelo ya gagwe e ne ya tswelela e nonofa ka ntlha ya seo.

Popo e ne ya dira gore Abele a nne le tumelo e e nonofileng mo Mmoping yo o lorato

Ditsholofetso tsa ga Jehofa.

Adame le Efa ba tshwanetse ba bo ba ile ba bolelela bomorwabone ka dilo tse di diragetseng kwa tshimong ya Edene tse di ileng tsa dira gore ba lelekiwe. Ka jalo, go ne go na le dilo tse dintsi tse Abele a neng a ka tlhatlhanya ka tsone.

Jehofa o ne a re mmu o tla hutsiwa. Abele o ne a bona sentle mebitlwa le disitlwasitlwane tse di neng di bontsha gore mafoko ao a a diragadiwa. Gape Jehofa o ne a bolelela pele gore Efa o tla utlwa ditlhabi tsa boimana le tsa pelegi. Fa bomonnawe Abele ba tsholwa, ga go pelaelo gore o ne a ithuta gore mafoko ao le one a ne a diragadiwa. Jehofa o ne a bonela pele gore Efa o tla batla lorato lwa monna wa gagwe le gore a mo tlhokomele ka tsela e e se nang tekatekano le gore Adame o ne a tla mo laola. Abele o ne a bona seo se diragala mo batsading ba gagwe. Mo kgannyeng nngwe le nngwe, Abele o ne a bona gore lefoko la ga Jehofa le ikanyega ka botlalo. Ka jalo, Abele o ne a na le mabaka a a utlwalang a go nna le tumelo mo tsholofetsong ya Modimo e e ka ga “losika” lo ka letsatsi lengwe lo tla baakanyang bosula jo bo simologileng kwa Edene.

Batlhanka ba ga Jehofa.

Go ne go se na batho bape ba Abele a neng a ka latela sekao sa bone mo lefatsheng, mme e ne e se batho fela ba e neng e le dibopiwa tse di botlhale mo lefatsheng ka nako eo. Fa Adame le Efa ba lelekwa kwa tshimong, Jehofa o ne a tlhomamisa gore ga go na ope wa bone le bana ba bone ba ba neng ba tla kgona go tsena mo Paradaiseng eo. Go sireletsa botseno jwa tshimo, Jehofa o ne a baya ditšheruba foo—baengele ba maemo a a kwa godimo—mmogo le tšhaka e e tsabakelang e e neng e nna e dikologa.—Genesise 3:24.

Akanya Abele a bona ditšheruba tseo fa a sa ntse a le mmotlana. E re ka a ne a di bona di na le mebele ya batho, ga go pelaelo gore di ne di lebega di nonofile thata. Le “tšhaka” eo e e neng e nna e tsabakela, e nna e dikologa le yone e ne e gakgamatsa. Fa Abele a ntse a gola, ga a ise a ko a bone ditšheruba tseo di lapile e bile di tswile fa di neng di beilwe teng. Bosigo le motshegare, ngwaga le ngwaga, masome a dingwaga a le mantsi, dibopiwa tseo tse di botlhale tse di nonofileng di ne tsa nna di eme fela foo. Ka jalo, Abele o ne a ithuta gore Jehofa Modimo o na le batlhanka ba ba siameng ba ba nitameng. Abele o ne a bona ditšheruba tseo di ikanyega e bile di le kutlo mo go Jehofa e leng dilo tse a neng a sa di bone mo go ba lelapa la gaabo. Ga go pelaelo gore sekao seo sa baengele se ile sa nonotsha tumelo ya gagwe.

Botshelo jwa gagwe jotlhe, Abele o ne a kgona go bona gore ditšheruba e ne e le batlhanka ba ba ikanyegang le ba ba kutlo ba ga Jehofa

Fa Abele a ntse a tlhatlhanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a di senola ka ga gagwe, ka popo ya gagwe, ka ditsholofetso tsa gagwe tsa bomodimo le ka dikao tsa batlhanka ba gagwe, tumelo ya gagwe e ne ya nonofa le go feta. Ga go na pelaelo gore sekao sa gagwe se bua le rona. Basha segolobogolo, ba ka gomodiwa ke go itse gore ba ka kgona go nna le tumelo ya mmatota mo go Jehofa Modimo, go sa kgathalesege gore ba malapa a bone ba dira eng. E re ka go na le dilo tse dintle tse re di bonang mo popong, mo Baebeleng e e feletseng le mo dikaong tse dintsi tsa batho ba ba nang le tumelo, re na le mabaka a a utlwalang a go nna le tumelo gompieno.

LEBAKA LA GO BO SETLHABELO SA GA ABELE SE NE SE LE BOTOKA

Fa tumelo ya ga Abele mo go Jehofa e ne e gola, o ne a batla go bona tsela ya go bontsha tumelo ya gagwe ka ditiro. Le fa go ntse jalo, motho yo o sa reng sepe a ka naya Mmopi wa lobopo eng? Ga go pelaelo gore Modimo o ne a sa tlhoke mpho epe kgotsa thuso epe go tswa mo bathong. Fa nako e ntse e tsamaya, Abele o ne a tlhaloganya boammaaruri jono jo bo botlhokwa: Gore fa a ka naya Jehofa se se molemo thata a dira jalo ka maitlhomo a a siameng, Rraagwe yo o lorato wa kwa legodimong o ne a tla itumela.

Ka jalo, Abele o ne a ikemiseditse go ntsha tshupelo ya dinku dingwe go tswa mo letsomaneng la gagwe. O ne a tlhopha tse di itekanetseng sentle, matsalwapele, mme a dirisa dikarolo tse a neng a akanya gore ke tse di molemo. Mme e re ka Kaine le ene a ne a batla go segofadiwa le go amogelwa ke Modimo, o ne a baakanya tshupelo go tswa mo temong ya gagwe. Mme maitlhomo a gagwe a ne a sa tshwane le a ga Abele. Pharologanyo e ne ya bonala fa bana bano ba motho ba ntsha ditshupelo tsa bone.

Abele o ne a ntsha setlhabelo sa gagwe a na le tumelo; Kaine ene ga a ka a dira jalo

 Bomorwa Adame ka bobedi ba ka tswa ba ile ba dirisa dibeso le molelo go isa ditshupelo tsa bone, gongwe ba lebilwe ke ditšheruba, tse e neng e le tsone fela baemedi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka nako eo. Jehofa o ne a tsiboga! Re bala jaana: ‘Jehofa a leba Abele le tshupelo ya gagwe ka kamogelo.’ (Genesise 4:4) Gore Modimo o ne a bontsha jang gore o amogela tshupelo eo, ga go tlhalosiwe mo pegong eno. Mme ke ka ntlha yang fa a ne a amogela Abele?

A e ne e le ka ntlha ya tshupelo ka boyone? Abele o ne a ntsha tshupelo ya phologolo e e tshelang, e e hemang, a bo a tsholola madi a yone a a botlhokwa. A Abele o ne a tlhaloganya gore setlhabelo se se ntseng jalo se tlhwatlhwakgolo go le kana kang? Makgolo a mantsi a dingwaga morago ga motlha wa ga Abele, Modimo o ne a dirisa setlhabelo sa kwana e e se nang bogole go tshwantshetsa setlhabelo sa Morwawe yo o itekanetseng, “Kwana ya Modimo,” yo madi a gagwe a a se nang molato a neng a tla tshololwa. (Johane 1:29; Ekesodo 12:5-7) Le fa go ntse jalo, go ka direga gore Abele o ne a sa tlhaloganye sepe ka seo ka nako eo.

Mme se re tlhomamisegang ka sone ke seno: Abele o ne a ntsha tshupelo e e molemo go gaisa mo go se a neng a na le sone. Jehofa ga a ka a amogela tshupelo fela mme gape o ne a amogela le motho yo o e ntshitseng. E re ka Abele a ne a rata Jehofa e bile a na le tumelo ya mmatota, o ne a tsaya kgato.

Go ne go sa nna jalo ka Kaine. Jehofa “ga a a ka a leba Kaine le tshupelo ya gagwe ka kamogelo epe.” (Genesise 4:5) Ga se gore go ne go na le sengwe se se phoso ka tshupelo ya ga Kaine; moragonyana Molao wa Modimo o ne wa letlelela gore go dirwe tshupelo ka dilo tse di jadilweng. (Lefitiko 6:14, 15) Mme fa Baebele e bua ka Kaine ya re “ditiro tsa gagwe di ne di le boikepo.” (1 Johane 3:12) Jaaka batho ba le bantsi gompieno ba dira, go lebega Kaine a ne a akanya gore boineelo jwa bomodimo jwa ka fa ntle bo lekane. Go tlhoka tumelo ya mmatota le go sa rate Jehofa go ne ga bonala ka bonako ka ditiro tsa gagwe.

Fa Kaine a bona gore Jehofa ga a mo amogela, a o ne a leka go ithuta mo sekaong sa ga Abele? Nnyaa. O ne a shakgalela morwarragwe ka letlhoo. Jehofa o ne a bona se se diragalang mo pelong ya ga Kaine mme ka bopelotelele o ne a leka go bua le ene. O ne a tlhagisa Kaine gore se a se dirang se tla dira gore a feleletse a dirile boleo jo bo masisi, mme a solofetsa Kaine gore fa a ka fetola ditsela tsa gagwe o tla “godisiwa.”—Genesise 4:6, 7.

Kaine o ne a itlhokomolosa tlhagiso ya Modimo. Go na le moo, o ne a laletsa monnawe yo a neng a mo tshepa gore a ye le ene kwa nageng. Fa ba le koo, Kaine o ile a tlhasela Abele mme a mmolaya. (Genesise 4:8) Ka tsela nngwe, Abele o ne a nna motho wa ntlha yo o neng a tlhaselwa ka ntlha ya bodumedi, a nna moswelatumelo wa ntlha. O ne a sule, mme kgang ya gagwe e ne e ise e fele.

Ka tsela ya tshwantshetso, madi a ga Abele a ne a goela kwa go Jehofa Modimo a batla ipusolosetso kgotsa tshiamiso. Mme Modimo o ne a dira gore go diragadiwe tshiamiso, a otlhaela Kaine yo o bosula boleo jwa gagwe. (Genesise 4:9-12) Se se botlhokwa le go feta, pego ya tumelo ya ga Abele e bua le rona gompieno. Nako e a tshetseng ka yone—gongwe dingwaga tse di ka nnang lekgolo—e ne e le nako e khutshwane mo bathong ba motlha oo mme Abele o ne a dirisa botshelo jwa gagwe sentle mo lefatsheng. O ne a swa a itse gore Rraagwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa o a mo rata e bile o mo amogetse. (Bahebera 11:4) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore o sireletsegile mo mogopolong wa ga Jehofa o o sa lebaleng mme o letetse go tsosiwa gore a tshele mo lefatsheng la paradaise. (Johane 5:28, 29) A o tla kopana le ene koo? O ka kopana le ene fa e le gore o ikemiseditse go reetsa fa Abele a ntse a bua le go etsa tumelo ya gagwe e e tlhomologileng.

^ ser. 8 Polelwana “fa e sale lefatshe le thaiwa” e akaretsa kgopolo ya go latlhela peo fa fatshe, e leng go tsholwa ga batho, go amana le batho ba ntlha ba ba neng ba tsholwa. Mme gone, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bua ka Abele e le motho yo o neng a tshela ka nako ya “fa e sa le lefatshe le thaiwa” mme a sa bua jalo ka Kaine, yo e neng e le motho wa ntlha go tsholwa? Ditshwetso tse Kaine a neng a di dira le ditiro tsa gagwe di ne di bontsha gore o ne a tsuologela Jehofa Modimo ka boomo. Jaaka batsadi ba gagwe, Kaine ga a tlhage mo lenaaneng la batho ba ba tla tsosiwang le ba ba tla gololwang.