Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BABADI BA BOTSA . . .

A Jesu O ne A Solofetsa Modirabosula Botshelo Kwa Legodimong?

A Jesu O ne A Solofetsa Modirabosula Botshelo Kwa Legodimong?

Potso eno e bodiwa ka go bo Jesu o ne a solofetsa senokwane se se neng sa bolawa fa thoko ga gagwe botshelo mo nakong e e tlang mo Paradaiseng. Jesu o ne a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a bua gore Paradaise eo e tla nna kae. Ka jalo, a Jesu o ne a kaya gore modirabosula o tla nna le ene kwa legodimong?

Sa ntlha, mma re sekaseke gore a modirabosula yoo o ne a tshwanelegela go tshela kwa legodimong. Batho ba ba nang le tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong ba ile ba kolobediwa mo metsing le ka moya o o boitshepo mme ke barutwa ba ga Jesu ba ba tsetsweng ka moya. (Johane 3:3, 5) Selo se se sengwe se se tlhokegang gore ba tshwanelege ke gore ba tshwanetse go latela melao ya Modimo ya boitsholo le go bontsha dinonofo tse di jaaka boikanyegi, bothokgami le kutlwelobotlhoko. (1 Bakorintha 6:9-11) Gape ba tshwanetse go nna ba ikanyega mo Modimong le mo go Keresete go fitlha ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng. (Luke 22:28-30; 2 Timotheo 2:12) Ke fela fa ba dira dilo tseo ba ka itshupang ba tshwanelega go tsosiwa le go tshwanelegela go rwala boikarabelo jo bo oketsegileng jo bo ba letetseng kwa legodimong, e leng jwa go nna baperesiti le dikgosi le Keresete ba busa batho ka dingwaga di le sekete.—Tshenolo 20:6.

Go farologana le seo, modirabosula yo o neng a bapile le Jesu e ne e le senokwane mme o ne a swa e le senokwane. (Luke 23:32, 39-41) Gone ke boammaaruri gore o ne a bontsha tlotlo fa a ne a raya Jesu a re: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” (Luke 23:42) Le fa go ntse jalo, o ne a sa kolobediwa e bile e ne e se morutwa yo o tsetsweng ka moya wa ga Jesu mme o ne a sa itirela leina le lentle la go tshela botshelo jo bo siameng le go itshoka ka boikanyegi. A go a utlwala gore Jesu a ka mo solofetsa bogosi jwa legodimo mmogo le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, ba ba ileng ba bontsha bothokgami jwa bone?—Baroma 2:6, 7.

Ka sekai: Fa motho a ka kopa maitshwarelo go bo a utswile madi a gago, o ka nna wa swetsa ka gore o se ka wa mo tshwarisa. Mme a o ka mo tshepa gore a tlhokomele kgwebo ya gago kgotsa a tlhokomele ba lelapa la gago? O tla naya fela batho ba o ba ikanyang boikarabelo joo. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba newang tsholofelo ya go tshela kwa legodimong ba tshwanetse go bontsha ka ditsela tsotlhe gore ba tla dira tumalanong le melao ya Modimo e e siameng fa ba busa batho. (Tshenolo 2:10) Le fa modirabosula a ile a dira boikuelo jo bo tswang pelong ka motsotso wa bofelo, ga a a ka a bontsha boikanyegi jo bo ntseng jalo.

Mme a Jesu ga a ka a bolelela modirabosula gore o tla nna le ene kwa legodimong ka lone letsatsi leo? Go ne go ka se nne jalo ka gonne Jesu ka boene ga a ka a ya kwa legodimong ka letsatsi leo. Go na le moo, o ne a le “mo pelong ya lefatshe”—lebitla—ka malatsi a le mararo. (Mathaio 12:40; Mareko 10:34) Tota le fa a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a nna malatsi a le 40 mo lefatsheng pele ga a tlhatlogela kwa legodimong. (Ditiro 1:3, 9) Ka jalo, modirabosula yoo ga a ka a nna le Jesu kwa legodimong ka lone letsatsi leo.

Mme ke Paradaise efe e modirabosula a neng a tla ya kwa go yone? Fa a sena go tsosiwa mo baswing, o tla nna mo Paradaiseng ya lefatshe, e Jesu a tla busang mo go yone. (Ditiro 24:15; Tshenolo 21:3, 4) Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Paradaise eo le ka se Modimo a batlang gore re se dire, bua le ope fela wa Basupi ba ga Jehofa.